LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/90 ts. 7
  • A O Tla Direla Jaaka Mmulatsela Yo O Thusang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tla Direla Jaaka Mmulatsela Yo O Thusang?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 3/90 ts. 7

A O Tla Direla Jaaka Mmulatsela Yo O Thusang?

1 April le May di neela sebaka se se molemo sa go direla jaaka babulatsela ba ba thusang. Tirelo ya bobulatsela jo bo thusang ke selo se se ka fitlhelelwang ke bontsi jwa baboledi bao ba kolobeditsweng ka nako nngwe e e rileng mo gare ga ngwaga. Go batlega gore o intshe setlhabelo, mme ditshegofatso tse di ipelelwang mo go yone di dira gore e se ka ya nna lefela.—Luke 13:24.

2 Fa o ntse o akanya gore a o tla nna mmulatsela ka April kana ka May, kana ka dikgwedi tseo ka bobedi jwa tsone, a o tla letla gore tsela eo o anaanelang Jehofa ka yone e go tlhotlheletse gore o akanyetse seno ka masisi? Ke ba se kae fela bao ba nang le maemo a a molemo ao a dirang gore go nne motlhofo go ka direla jaaka mmulatsela yo o thusang. Mme le fa go ntse jalo, boiteko jo bo molemo joo bo tswang mo pelong e e nang le kanaanelo bo tla go kgonisa gore o nne mmulatsela yo o thusang. O se ka wa dikadika go ka rapela Jehofa ka kgang eno.

3 April e na le Disontaga di le tlhano. Mo godimo ga moo, e na le malatsi a boikhutso a botlhe a le mararo. May le yone e na le malatsi a boikhutso a botlhe a le mararo. Dira thulaganyo e o ka kgonang go e latela eo e go letlang gore o nne le palogare ya dioura di le pedi mo tirelong ka letsatsi lengwe le lengwe. Fa o tsoga e sa le gale go se kae mo mosong, mme gongwe le go nna le seabe mo bosuping jwa maitseboa go ka go thusa gore o fitlhelele mokgele ono. Dikolo di le dintsi di na le malatsi a boikhutso ka April e leng seo se tla kgonisang basha ba le bantsi gore e nne babulatsela ba ba thusang. Mme, fa e le gore ga o ise o kolobediwe, bereka mmogo le babulatsela ba ba thusang mo bodiheding.—Bar. 1:12.

4 Bagolwane gantsi ke bone ba nnang le seabe sa konokono mo go tlhotlheletseng phuthego gore e tsenele tirelo ya bobulatsela jo bo thusang. Ka sekai, ngogola, mo phuthegong nngwe e e nang le baboledi ba le 83, bagolwane botlhe ba le barataro, ba le batlhano ba basadi ba bone le batlhanka ba bodihedi ba le batlhano e ne ya nna bone ba ntlha go tsenela tirelo ya bobulatsela jo bo thusang. Mo phuthegong e nngwe ya koo ba le 43 ba ileng ba direla jaaka babulatsela ba ba thusang gone, bagolwane ba ne ba bolela jaana: “Re ne ra dira tshwetso ya gore re tlhome sekao ka go nna rona ba ntlha go tsenya dikopo fa nako e ne e goroga.”

5 Ka April ngogola re nnile le babulatsela ba ba thusang ba le 6 061. A re ka fitlha go letshwao la ba le 7 000 monongwaga ka April? Re tla dira jalo fa o batla go direla jaaka mmulatsela yo o thusang. Ikwadise, mme e kete Jehofa a ka go segofatsa fa o ntse o iteka ka natla mo tirelong ya gagwe.—Dia. 10:22.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela