LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/90 ts. 7
  • Nako ya Tiro E E Okeditsweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nako ya Tiro E E Okeditsweng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MOKETE WA SEGOPOTSO LE PUO E E KGETHEGILENG
  • OKETSA GO ANAMISIWA GA DIMAKASINE TSE Dl TLHOMOLOGILENG
  • A Kgwedi ya April e Tla Bo e le Kgwedi e e Kgethegileng mo go Wena?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • “Rera Lefoko la Modimo ka Botlalo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Paka ya Segopotso—Tshono ya go Oketsa Tirelo!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tlhoafalela se se Molemo!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 3/90 ts. 7

Nako ya Tiro E E Okeditsweng

1 Jaaka fa bokhutlo jwa tsamaiso ya ga jaanong e e boikepo ya dilo bo ntse bo atamela jaana e bile re bona kafa Jehofa a segofatsang bodihedi jwa rona thata ka gone, re patelesega gore re reetse tlhagiso ya ga moaposetoloi Petere ya gore ‘re itlame mo megopolong re itlamela tiro.’—1 Pet. 1:13, NW; Isa. 60:22.

2 Fa Petere a ne a neela tlhagiso e e fa godimo, o ne a kwala malebana le poloko eo re ka e bonang ka madi a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete. Go itsise ga rona mafoko a a molemo a Bogosi ke nngwe ya ditsela tsa botlhokwa tseo re nang le tsone tsa go bontsha tumelo ya rona le tsa go bontsha kafa re anaanelang melemo eo re e amogelang ka ntlha ya lorato Iwa ga Jehofa ka gone leo a le bontshitseng ka mpho ya ga Morwawe. (Yoh. 3:16) Setlha seno sa Segopotso ke nako ya gore re nne matlhagatlhaga le go feta mo tirong eno e e tlhomilweng ke Modimo.

MOKETE WA SEGOPOTSO LE PUO E E KGETHEGILENG

3 Mokete wa Segopotso wa monongwaga o tlile go tshwarwa morago ga fa letsatsi le sena go dikela ka April 10. Le e leng gone jaanong, fa re ntse re lebeletse pele letlheng leo le le kgethegileng, re ka nna ra tlhatlhoba kamano ya rona le Jehofa Modimo le mokgwa oo re gakologelwang setlhabelo sa ga Jesu ka one. A re bontsha tumelo ya rona letsatsi le letsatsi ka go ngaparela thata go ditekanyetso tse di siameng tsa ga Jehofa ka tsela eo re akanyang ka yone, mo puong ya rona, le mo boitshwarong jwa rona? A re bontsha lorato mo go ba bangwe ka go dira bojotlhe jwa rona mo go rereng ka Bogosi le mo go direng barutwa? Ka tsela e e kgethegileng ngwaga le ngwaga kwa moketeng wa Segopotso, re gakologelwa se Jehofa Modimo le Jesu ba se re diretseng. (Luke 22:19; 1 Bakor. 11:23, 24) Fa re gakologelwa seo ka go tlhatlhanya jalo, seo se tshwanetse sa re tlhotlheletsa gore re tseye kgato e e siameng go ya ka dikgono tse re nang natso ka bongwe le go ya ka maemo a rona.

4 Ka March 25, diphuthego di le dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe di tla bo di neela puo e e kgethegileng e e nang le setlhogo se se reng “Senka Botshelo Jo Eleng Botshelo Ruri!” Abo seo e le sebaka se se molemo jang ne sa gore ba basha ba simolole go kopanela le phuthego! Bao ba nnang teng kwa puong e e kgethegileng ba tshwanetse ba kgothalediwa gore ba nne gone kwa moketeng wa Segopotso ka April 10.

OKETSA GO ANAMISIWA GA DIMAKASINE TSE Dl TLHOMOLOGILENG

5 Tora ya Tebelo le Tsogang! di na le seabe sa botlhokwa mo bodiheding jwa rona jwa phatlalatsa mme e bile di ntse di re tlamela rotlhe ka dijo tsa semoya le ka dilo tse di leng mo nakong tseo re ka di balang. Baboledi botlhe ba Bogosi ba tla anaanela boiteko jo bo kgethegileng joo bo dirilweng fa go ne go baakanyediwa dimakasine tseno tsa April le May. Re tla bo re buelela ditokololo tseno fa re neela dipeeletso. Leka ka natla gore o tlwaelane ka botlalo le tokololo nngwe le nngwe fa o e amogela. Seno se tla go tlhotlheletsa gore o nne le tlhoafalo fa o e tsamaisa mo tshimong ka nako ya fa o tsamaisa dipeeletso le dikaelo ka bongwe kana fa o tsamaisa dimakasine di le pedi le nngwe ya diboroutšhara o di tsamaisetsa bao ba sa direng peeletso.

6 A o ka dira sebaka mo thulaganyong ya gago ya botho sa gore o ke o nne mmulatsela yo o thusang ka April le May? Fa baboledi ba le mmalwa mo phuthegong ba rulaganyetsa go nna babulatsela ka nako e le nngwe, ba ka thusana le go kgothatsana mo lobakeng lono lo lo kgethegileng Iwa tiro e e okeditsweng. Bagolwane ba tla itumelela go thusa ka go dira dithulaganyo tse di oketsegileng tsa go supa ka ditlhopha koo go tlhokafalang teng.

7 Akanya ka tlhoafalo ka maemo a gago ka namana, a a ntseng jaaka maikarabelo a lelapa, pholo ya mo mmeleng, tiro ya boitshediso, kana thulaganyo ya sekolo. Fa e le gore o ka se kgone go nna mmulatsela mo lobakeng lono, o ka oketsa seabe sa gago mo bodiheding jwa tshimo go le kana kang? Eleruri Jehofa o kgatlhiwa ke tirelo e e dirwang ka moya otlhe eo e bontshang kafa re mo ratang ka gone le kafa re mo anaanelang ka gone mmogo le mpho e e tlhotlhwa kgolo ya Morwawe, e bong Jesu. Fa re ntse re itlhatlhoba go ya ka Lefoko la Modimo le go itlama mo megopolong re itlamela tiro, re ka solofela gore re tla nna le moya wa ga Jehofa o re tshegetsa fa re ntsha ditlhabelo tsa pako tse di amogelesegang.—Baheb. 13:15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela