“Rera Lefoko la Modimo ka Botlalo”
1 Fa o bontsha gore o lebogela go bo o amogetse sengwe se se molemo, a ga o bontshe seno ka maikutlo le ka ditiro? Ga go pelaelo gore o dira jalo! Ela tlhoko gore moaposetoloi Paulo o ne a ikutlwa jang ka bomolemo le bopelonomi jo bo lorato jo Jehofa a bo bontshang batho. O ne a tlhaeletsa jaana: “A re lebogeng Modimo ka ntlha ya mpho ya gagwe ya mahala e e ka se kang ya tlhalosiwa”! ‘Mpho eno ya mahala’ e akaretsang? “Bopelonomi [jotlhe] jo bo sa re tshwanelang jo bogolo thata jwa Modimo” jo a re bo bontshitseng, mme tsela e kgolo go di gaisa tsotlhe e a re bo bontshitseng ka yone e ne e le go re naya Morwawe go nna thekololo ya maleo a rona.—2 Bakor. 9:14, 15; Joh. 3:16.
2 A Paulo o ne a leboga ka mafoko fela? Nnyaa, le e seng! O ne a bontsha kanaanelo ya gagwe e kgolo ka ditsela di le dintsi. O ne a tshwenyegile thata ka bomoya jwa Bakeresete mmogo le ene mme o ne a batla go dira se a ka se kgonang go ba thusa gore ba solegelwe molemo ka botlalo ke bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo. Malebana le bano, Paulo o ne a bua jaana: “E re ka re lo rata ka lorato lwa bopelonomi, re ne ra itumelela thata go lo naya, e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo, mme gape le meya ya rona, ka gonne lo ne lo ratega mo go rona.” (1 Bathes. 2:8) Mo godimo ga go thusa ba e neng e setse e le maloko a phuthego gore ba sireletse poloko ya bone, Paulo o ne a rera dikgang tse di molemo a sa lape, a tsamaya dikilometara di le dintsintsi mo lefatsheng le le omileng le mo lewatleng go batla batho “ba ba neng ba na le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.” (Dit. 13:48) Tsela e kgolo e ka yone Paulo a neng a lebogela thata dilo tsotlhe tse Jehofa a neng a mo diretse tsone e ne ya mo tlhotlheletsa “go rera lefoko la Modimo ka botlalo.”—Bakol. 1:25.
3 A go lebogela ga rona dilo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone ga go re tlhotlheletse go thusa ba bangwe ba ba tlhokang thuso ya semoya mo phuthegong ya rona? (Bagal. 6:10) E bile a ga re tlhotlheletsege go nna le seabe ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo tshimong yotlhe ya rona?—Math. 24:14.
4 Sebaka sa go Bontsha Tebogo: Ngwaga le ngwaga Segopotso sa loso lwa ga Keresete se re naya sebaka se se kgethegileng sa go bontsha gore re lebogela se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone. Ga re a tshwanela go se leba jaaka nngwe ya dipokano tse di tlwaelegileng fela kana e le go ikgopotsa tiragalo nngwe fela. Jesu o ne a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Segopotso sa Loso lwa ga Keresete ke nako ya go ikgopotsa gore Jesu ke motho wa mofuta ofe. Ke nako ya go lemoga gore o a tshela e bile o tlhagafetse gompieno, ka kgalalelo le bogosi jo a bo neilweng ka ntlha ya go ikanyega ga gagwe mo botshelong le go intsha setlhabelo. Gape mokete ono ke nako ya go bontsha gore re ikobela botlhogo jwa ga Keresete jaaka a kaela merero le ditiro tsa phuthego ya Bokeresete. (Bakol. 1:17-20) Batho botlhe ba Modimo ba tshwanetse go nna gone ka tlotlo kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Monongwaga se tla tshwarwa fa letsatsi le sena go phirima ka Labone, March 28, 2002.
5 Ka ntlha ya matsapa a magolo a a neng a dirwa pele ga mokete wa Segopotso ngogola, re ne ra fitlhelela tlhora e e kwa godimo go di feta tsotlhe ya batho ba le 202 271 ba ba neng ba nna gone mo moketeng ono mo dinageng tse di tlhokometsweng ke lekala la Afrika Borwa. Go tlile go nna le ba le kae monongwaga? Seno se tla ikaega thata ka go “dira [ga rona] ka natla e bile re iteka” go thusa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone gore ba nne teng kwa go sone.—1 Tim. 4:10.
6 Kwantle ga go nna gone fela kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa, re ka nna ra kgona go oketsa le seabe sa rona mo tirelong ya tshimo. Ga go na pelaelo gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le dikete di le masomesome ba tla tsaya bobulatsela jo bo thusang ka kgwedi e le nngwe kana go feta. Ngwaga le ngwaga mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, re ile ra nna le palogare ya babulatsela ba ba thusang ba le 17 788 mo setlheng sa Segopotso, go simolola ka March go fitlha ka May. A o ka kgona go rulaganya mabaka a gago gore o ipelele tshiamelo ya go nna mmulatsela yo o thusang monongwaga? E tla bo e le tsela e e molemo ya go bontsha gore o lebogela mpho e e lorato ya Modimo ya setlhabelo sa ga Keresete go tswa pelong. O ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go segofatsa, jaaka maitemogelo a a latelang a bontsha.
7 Kgaitsadi mongwe yo o nang le tiro ya boitshediso ya letsatsi lotlhe o ne a kwala jaana ka maitemogelo a gagwe a go nna mmulatsela yo o thusang ngogola ka March: “Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 2001 e ne ya kgothaletsa mongwe le mongwe yo maemo a gagwe a mo letlang gore a tseye bobulatsela jo bo thusang mo setlheng sa Segopotso. E re ka March e ne e na le Bomatlhatso ba le batlhano, seno se ne sa dumalana sentle le thulaganyo ya me. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke tsenye kopo ya me.” Fa a ne a simolola kgwedi, o ne a ipeela mokgele wa go simolola thuto ya Baebele ya legae. A o ne a atlega? Ee, mo ureng ya bo52 ya go rera mo kgweding eo! O ne a konela kgang ya gagwe jang? “Re ka bona masego a magolo thata fa re dira boiteko jo bo oketsegileng.”
8 Lelapa le le bulang tsela mmogo le ka bona melemo efe? Lelapa lengwe la maloko a le manè le le neng le bula tsela mmogo ngogola ka April le ne la fitlhela kgwedi eno e le e e se kitlang e lebalwa le ka motlha. Mmalelapa leno o ne a re: “A bo re ne re leba letsatsi lengwe le lengwe ka tsholofelo thata jang ne, e re ka re ne re dira mmogo mo bodireding! Go tshwara metlotlo ka ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi mo tirelong go ne go dira gore nako ya dijo tsa motshegare e nne e e itumedisang thata.” Morwa o ne a re: “Ke ne ke itumelela go dira mmogo le Rre mo tirelong ya tshimo mo gare ga beke, fa ka dinako tse dingwe a tlwaetse go bereka mo tirong ya boitshediso.” Rre o ne a oketsa jaana: “E re ka ke le tlhogo ya lelapa, ke ne ke ikutlwa ke kgotsofadiwa ke go itse gore re ne re dira mmogo mo tirong e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe mo motlheng wa rona.” A lelapa la gago le ka bula tsela mmogo? Ke eng fa lo sa nne le motlotlo wa lelapa lo bo lo bona gore a go ka kgonega gore lelapa lotlhe le tseye bobulatsela jo bo thusang mo setlheng seno sa Segopotso?
9 A re Ka Dira Kgwedi ya March go Nna E e Di Gaisang Tsotlhe? Mo tshimologong ya ngwaga wa 2000, Tirelo ya Rona ya Bogosi e ne ya botsa jaana: “A re Ka Dira April 2000 Kgwedi E e Di Gaisang Tsotlhe?” Karabo e ne ya nna efe? Go ne ga fitlhelelwa ditlhora di le mmalwa tse disha. Mo kgweding e le nngwe fela go ne ga fitlhelelwa tlhora e e kwa godimo go di feta tsotlhe ya babulatsela ba ba thusang ba le 10 126 mo Afrika Borwa. Mo godimo ga moo, go ne ga nna le ditlhora tse disha tsa diura, tsa dimakasine tse re di tsamaisitseng, dibukana/diboroutšhara, maeto a go boela le dithuto tsa Baebele. A o sa ntse o gakologelwa kafa phuthego ya lona e neng e tlhagafetse ka teng ka go tshwarega thata mo ditirong tsa semoya mo kgweding eo e e kgethegileng? A re ka dira se se tshwanang kana le e leng go feta moo monongwaga? Fa rotlhe re dira maiteko a magolo, March 2002 e ka nna “Kgwedi E e Di Gaisang Tsotlhe.” Goreng kgwedi ya March?
10 Go na le mabaka a mabedi a go bo March e tshwanelwa ke go nna kgwedi e e kgethegileng ya tirelo. Sa ntlha, Segopotso se tlile go tshwara fa March e tloga e fela, mo go re nayang sebaka se se lekaneng go sa le gale mo kgweding gore re laletse batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka gone gore ba nne teng. Sa bobedi, monongwaga kgwedi ya March e na le mafelobeke a le matlhano a a feletseng, mo go dirang gore go nne motlhofo gore ba ba berekang ditiro tsa boitshediso kana ba ba tsenang sekolo ba tseye bobulatsela jo bo thusang. Ke eng fa o sa nne fa fatshe jaanong mme o dire thulaganyo e o tla kgonang go e latela, o dirisa khalendara e e leng mo tsenyeletsong eno? Go nna mmulatsela yo o thusang go ka nna motlhofo go feta jaaka o akanya. Ka sekai, ka go rulaganya diura di le 8 tsa tirelo ya tshimo mo mafelobekeng mangwe le mangwe a le matlhano, o tla tshwanelwa ke go rulaganya diura di le 10 fela tse di oketsegileng tse o ka di dirang mo malatsing otlhe a a setseng mo kgweding gore o fitlhelele diura di le 50 tse di tlhokegang.
11 Bagolwane ba ka dira eng go thusa botlhe mo phuthegong go “rera lefoko la Modimo ka botlalo”? Dirang gore ba bangwe ba nne le tlhagafalo ka dipuo tsa lona mo dipokanong le fa lo itlotlela fela le bone. Balebedi ba Thuto ya Buka ya Phuthego le bathusi ba bone ba ka tsaya kgato pele go bua le mongwe le mongwe yo o leng mo setlhopheng sa bone le go ba thusa ka namana. Ba ka tswa ba tlhoka go kgothadiwa ka mafoko a sekae fela kgotsa go newa dikakantsho dingwe tse di mosola. (Dia. 25:11) Ba le bantsi ba tla bona gore ka go dira diphetogo di sekae fela mo thulaganyong ya bone, ba ka kgona go ipelela tshiamelo ya go direla e le babulatsela ba ba thusang. Mo diphuthegong di le dintsinyana, bontsi jwa bagolwane, fa e se bone botlhe, le batlhanka ba bodiredi le basadi ba bone ba tlhoma sekao se se molemo ka gore botlhe ba tseye bobulatsela jo bo thusang mo setlheng sa Segopotso. Seno se ile sa kgothaletsa baboledi ba le bantsi gore le bone ba bo tseye. Ka ntlha ya makoa mangwe a mmele kana maemo mangwe, baboledi bangwe ba ka nna ba se ka ba kgona go tsaya bobulatsela, le fa go ntse jalo, ba ka nna ba kgothalediwa go bontsha tebogo ya bone ka go dira mo gontsi mo ba ka go kgonang mo bodireding mmogo le maloko a mangwe a phuthego.
12 Seno se tla atlega fa bagolwane ba ka rulaganya dilo ka kelotlhoko. Dipokano tsa tirelo ya tshimo di tshwanetse go rulaganngwa ka dinako tse di siametseng botlhe mo bekeng yotlhe. Fa go kgonega, molebedi wa tirelo o tla abela bakaulengwe ba ba tshwanelegang go sa le gale gore ba tshware dipokano tsotlhe tsa tirelo. Go tla tlhokega gore ba baakanyetse sentle gore dipokano tseno di se fete metsotso e le 10 go ya go e le 15, go akaretsa le go rulaganya ditlhopha, go di abela tshimo le thapelo. (Bona Lebokoso la Dipotso mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 2001.) Phuthego e tshwanetse go tlhalosediwa thulaganyo ya tirelo ya kgwedi sentle e bo e bewa mo lomating lwa dikitsiso.
13 Go tshwanetse ga nna le tshimo e e lekaneng. Molebedi wa tirelo o tshwanetse go kopana le mokaulengwe yo o tshwarang dimmapa tsa tshimo go dira dithulaganyo tsa go bereka ditshimo tse di wediwang sewelo. Go tshwanetse ga gatelelwa botlhokwa jwa go bereka matlo a go fitlhetsweng go se ope mo go one, go neela bosupi mo mebileng le mo mabenkeleng le go nna le seabe mo tirong ya go neela bosupi maitseboa. Moo go tshwanelang gone, baboledi bangwe ba ka nna ba thusiwa go neela bosupi ka thelefouno.
14 Ba Thuseng Gore ba Nne le Seabe Gape mo Tirelong: A go na le bape fela mo tshimong ya lona ba ba sa tlholeng ba nna le seabe mo go rereng dikgang tse di molemo? Batho bano e sa ntse e le karolo ya phuthego mme ba tlhoka go thusiwa. (Pes. 119:176) E re ka bofelo jwa lefatshe leno la bogologolo bo atametse thata mme lefatshe le lesha le le gaufi thata, re na le lebaka le le utlwalang la go dira boiteko bongwe le bongwe go thusa batho ba ba tsidifetseng. (Bar. 13:11, 12) Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, ngwaga le ngwaga batho ba ba fetang 1 400 ba ile ba amogela thuso ba bo ba tsosolosiwa. Re ka dira eng go thusa ba le bantsi go tsosolosa lorato le go itshepa go ba neng ba na le gone kwa tshimologong?—Baheb. 3:12-14.
15 Setlhopha sa bagolwane se tla batla go tlotla ka ditsela tsa go thusa ba ba ileng ba tsidifala mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. (Math. 18:12-14) Mokwaledi o tshwanetse go tlhatlhoba dikarata tsa Congregation’s Publisher Record a bo a kwala maina a botlhe ba ba tsidifetseng. Go tshwanetse ga dirwa maiteko a a kgethegileng ka thulaganyo ya maeto a bodisa go thusa batho bano. Mogolwane a ka nna a batla go etela mmoledi mongwe ka gonne a ne a itsane le ene kana e ne e le tsala ya gagwe mo nakong e e fetileng, kana go ka nna ga kopiwa baboledi ba bangwe gore ba thuse. Gongwe ke bone ba ba neng ba ithuta le motho yo o setseng a tsidifetse mme ba ka amogela sebaka seno sa go mo thusa ka tsela e e kgethegileng mo nakong eno e a tlhokang thuso ka yone. Re na le tsholofelo ya gore bontsi jwa batho ba ba tsidifetseng ba tla tlhotlheletsega go simolola go rera lefoko la Modimo gape. Fa ba tshwanelega, nako e e botoka go di gaisa tsotlhe ya gore ba simolole ke ka nako ya setlha sa Segopotso!—Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona Lebokoso la Dipotso mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2000.
16 A ba Bangwe ba Tshwanelegela go Rera? Jehofa o ntse a segofatsa batho ba gagwe ka go tlisa “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe.” (Hag. 2:7) Ngwaga mongwe le mongwe batho ba le diketekete ba tshwanelegela go nna baboledi ba ba sa kolobediwang. Ke batho bafe bano? Ke bana ba Basupi ba ga Jehofa le batho ba ba gatelang pele ba re ithutang Baebele le bone. Re itse jang gore ba setse ba tshwanelegela go nna baboledi ba dikgang tse di molemo?
17 Bana ba Basupi ba ga Jehofa: Bana ba le bantsi ba ile ba nna ba tsamaya le batsadi ba bone ka ntlo le ntlo ka dingwaga di le dintsi, le fa ba ise ba nne baboledi ba ba sa kolobediwang. March e ka nna nako e e siameng thata gore ba simolole. O tla itse jang gore ngwana wa gago o a tshwanelega? Tsebe 100 mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona e bolela gore ke fa ‘ngwana a tlhoma sekao ka boitshwaro jwa gagwe mme a kgona go tlhalosa tumelo ya gagwe ka go bua le ba bangwe ka mafoko a a molemo, a tlhotlhelediwa go tswa pelong go dira jalo.’ Fa o akanya gore ngwana wa gago o a tshwanelega, bua le mongwe wa bagolwane ba ba mo Komiting ya Tirelo ya Phuthego.
18 Batho ba ba Tshwanelegang ba re Ithutang Baebele le Bone: Fa motho yo re ithutang Baebele le ene a sena go nna le kitso mme a na le nakonyana a nna teng mo dipokanong, a ka nna a batla go nna mmoledi wa Bogosi. Fa o tshwarela motho yo o ntseng jalo thuto, sekaseka dipotso tseno: A o gatela pele, go ya ka dingwaga tsa gagwe le bokgoni jwa gagwe? A o setse a simolotse go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gagwe ka tsela e e seng ya tlwaelo? A o apara “botho jo bosha”? (Bakol. 3:10) A o fitlhelela ditshwanelego tsa baboledi ba ba sa kolobediwang, tse di kwadilweng mo go ditsebe 97-9 tsa buka ya Bodihedi jwa Rona? Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse go ikgolaganya le Komiti ya Tirelo ya Phuthego gore go dirwe dithulaganyo tsa gore bagolwane ba le babedi ba kopane le wena le motho yono yo o ithutang le ene. Fa a tshwanelega, bagolwane bano ba babedi ba tla mmolelela gore a ka nna a simolola go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa.
19 Go Tweng ka April le May? Dikgwedi tseno le tsone e tla nna tse di kgethegileng tsa go nna le seabe se se oketsegileng mo bodireding jwa tshimo. Ba le bantsi ba ba tsayang bobulatsela ka March ba ka nna ba kgona go bo tsaya gape le ka April le/kana ka May. Ka April le May, re tla bo re tlhomile mogopolo thata mo go bueleleng dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo bodireding. A bo di ile tsa nna le matswela a a molemo thata jang ne mo matshelong a batho ba ba di balang! Dimakasine tseno di ile tsa nna le seabe se segolo mo go direng gore go nne le koketsego e kgolo jaana e re e bonang mo lefatsheng lotlhe. Go tlile go dirwa boiteko jo bo kgethegileng ka April le May gore re tsamaisetse batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka teng dimakasine. Rulaganya jaanong gore o nne le seabe ka botlalo.
20 E re ka o rulagantse go nna le seabe se se oketsegileng mo tirong ya go rera, a o tlhoka go oketsa palo ya dimakasine tse o di amogelang mo phuthegong? Mo ngwageng ono otlhe wa tirelo, re tla bo re buelela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Matlhatso mongwe le mongwe, e leng Letsatsi la Dimakasine le le tlhomilweng. Le fa go ntse jalo, e re ka ba le bantsi ba tla bo ba nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang mme rotlhe re tla bo re buelela dimakasine ka dikgwedi tse pedi tse di feletseng, go ka nna ga tlhokega gore o oketse otara ya gago ya dimakasine mo phuthegong. Fa e le gore go ntse jalo, tsweetswee bolelela motlhanka wa dimakasine wa phuthego ya lona ka bonako. Mo godimo ga moo, motlhanka wa dibuka le ene o tshwanetse go tlhomamisa gore go na le dipampitshana tse di lekaneng tsa A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele? tse di tla dirisiwang ke phuthego yotlhe.
21 Batho ba le bantsi ba bontshitse gore ba anaanela thata karolo e e mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya setlhogo se se reng “Se re Ka se Buang ka Dimakasine.” A o dirisitse thulaganyo eno ka tsela e e molemo ka go ithuta dikai tsa go buelela dimakasine? Ke eng fa o sa dirise karolo ya thuto ya lona ya Baebele ya lelapa beke nngwe le nngwe go ithuta dipuisano tseno?
22 Dirisa Setlha Seno sa Segopotso ka Botlalo: Fela jaaka moaposetoloi Paulo, a re bontsheng Jehofa kafa re lebogelang thata ka teng “mpho ya gagwe ya mahala e e ka se kang ya tlhalosiwa” ka go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tsa semoya tse di rulagantsweng mo setlheng seno sa Segopotso. Seno se akaretsa (1) go nna le seabe ka botlalo ka Letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine ka March 2, 2002; (2) go nna gone mo tiragalong e e botlhokwa thata ya ngwaga, e leng mokete wa Sejo sa Morena sa Maitseboa ka Labone, March, 28, 2002; (3) go thusa ba ba tsidifetseng gore ba tsosolose ‘lorato lo ba neng ba na le lone pele’ (Tshen. 2:4; Bar. 12:11); (4) go thusa bana ba rona le batho bape fela ba re ithutang Baebele le bone ba ba tshwanelegelang go nna baboledi ba ba sa kolobediwang; le (5) go nna le seabe mo tirong ya boefangele ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng, le e leng go nna mmulatsela yo o thusang ka March le dikgwedi tse di latelang.—2 Tim. 4:5.
23 Re rapela ka tlhoafalo gore rotlhe re nne le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka botlalo mo setlheng seno sa Segopotso, ka jalo re bontsha gore re lebogela go le kana kang dilo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone.
[Box on page 6]
Thulaganyo ya Gago ya Tirelo ya Tshimo ya March 2002
Sontaga Mantaga Labobedi Laboraro Labone Labotlhano Matlhatso
1 2
Letsatsi le le
Kgethegileng
la Dimakasine
3 4 5 6 7 8 9
Letsatsi la
Dimakasine
10 11 12 13 14 15 16
Letsatsi la
Dimakasine
17 18 19 20 21 22 23
Letsatsi la
Dimakasine
24 25 26 27 28 29 30
SEGOPOTSO Letsatsi la
Dimakasine
FA LETSATSI
LE SENA GO
PHIRIMA
31
A o ka rulaganya palogotlhe ya diura di le 50 gore o tseye bobulatsela jo bo thusang ka March?