Go Batlega Babulatsela ba ba Thusang ba le 10 000—A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang Ka March? April? May?
1 “Go Batlega Bareri Ba le 1000” e ne e le setlhogo se se neng se gatisitswe mo makasineng wa Watch Tower wa April 1881. Se ne se ikuela mo banneng le basading botlhe ba ba ineetseng, “bao Morena o ba neetseng kitso ya boammaaruri jwa Gagwe,” go dirisa nako epe fela eo ba ka nnang le yone go anamisa boammaaruri jwa Baebele. Ba ba neng ba ka dira sephatlo sa nako ya bone kana go feta ba e dirisa fela mo tirong ya Morena ba ne ba kgothadiwa go ithaopa go nna barekisi ba dibuka ba mafoko a a molemo—ba gompieno e leng babulatsela.
2 Lefa dinako di ile tsa fetoga fa e sale ka bo1800, selo se le sengwe ga se a fetoga—batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo ba batla go tswelela ba dirisa nako e ntsi ka mo ba ka kgonang ka gone go anamisa mafoko a a molemo. Go nna babulatsela ba ba thusang go thusa baboledi ba phuthego go tokafatsa bokgoni jwa bone fa ba ntse ba dirisa nako e e oketsegileng mo tirelong ya Bogosi.—Bakol. 4:17; 2 Tim. 4:5.
3 Fa e sale bobulatsela jo bo thusang bo simololwa, bo ile jwa itumelelwa ke dikete di le makgolokgolo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Go tlhagafalela karolo eno ya tirelo ya bobulatsela go ile ga gola go ya bokgakaleng jwa gore go fitlhelelwe tlhora ya babulatsela ba ba thusang ba ba fetang 10 000 mo tshimong e e tlhokomelwang ke lekala la Afrika Borwa ka April 1990! Fa e sale ka nako eo, go ile ga nna le koketsego ya baboledi mo dinageng tsotlhe tse di tlhokomelwang ke lekala la rona mme seno se tla dira gore re fitlhelele palo eno motlhofo. Eleruri go santse go na le sebaka sa go boeletsa maiteko ano a a molemo ka nako ya tirelo e e kgethegileng ya 1997.
4 Re go kgothaletsa go ipeela mokgele wa go nna mmulatsela mo kgweding e le nngwe kana tse di oketsegileng tsa March, April le May. Ke ka ntlha yang fa re akaretsa le March? Ka gonne Segopotso sa loso lwa ga Keresete sa ngwaga ono se ka Sontaga, March 23. Ga go na tsela epe e e botoka eo re ka dirisang dibeke tse di fa pele ga Segopotso ka yone go na le go nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi e e simolotsweng ke Morena le Mmoloki wa rona, Jesu Keresete. E re ka re tla bo re neela bosupi thata ka March, re ka laletsa batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang go tla go gopola loso lwa ga Keresete le rona. Kgwedi ya March e tla bo e kgethegile gape ka gonne e tla bo e le lantlha re tsamaisa buka e ntšha ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Gape kgwedi ya March e na le boMatlhatso ba le batlhano le boSontaga ba le batlhano, mo re ka kgonang go dira thata mo tirelong ya tshimo ka mafelobeke. Mme gone, fa re leka go nna re ntse re tlhagafetse mo tshimong ka April le May, re tla kgona go boela koo go ileng ga bontshiwa kgatlhego gone le go simolola dithuto tse disha tsa Baebele re dirisa boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Gape re tla bo re bereka tshimo ya rona yotlhe, segolobogolo ka mafelobeke, re dirisa dikgatiso tse di mo nakong tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Gakologelwang go tsamaisa dipeeletso tsa dimakasine tseno tse pedi tse di molemo tseno ka tshono nngwe le nngwe e e tlhagang gore batho ba ba kgatlhegang ba tswelele go nna le dijo tsa semoya ka dinako tsotlhe.
5 Ke Bomang ba ba Tshwanelegang go Nna Babulatsela ba ba Thusang?: Buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona e tlhalosa jaana mo go tsebe 114: “E ka ne maemo a gago a botho a le afe, fa o kolobeditswe, o na le maitsholo a a molemo, o ka kgona go rulaganyetsa go fitlhelela patlafalo ya go senya dioura tse 60 ka kgwedi mo bodiheding jwa tshimo ebile o dumela gore o ka direla ka kgwedi e le nngwe kana tse di oketsegileng jaaka mmulatsela yo o thusang, bagolwane ba phuthego ba tla itumela go akanyetsa kopo ya gago mo tshiamelong eno ya tirelo.” A o ka rulaganyetsa gore o nne le tshiamelo eno e e kgethegileng ka March? April? May?
6 Fa setlhopha sa bagolwane ba na le maikutlo a a siameng le fa baboledi botlhe ba tshegetsa seno ka pelo yotlhe, go ka dira gore ikuelo eno ya babulatsela ba ba thusang ba ba 10 000 e arabelwe ka katlego e kgolo. (Baheb. 13:7) Ditlhogo tsotlhe tsa malapa di tshwanetse go tlhotlhomisa gore ke ba le kae ba malapa a bone ba ba ka nnang babulatsela ba ba thusang mo kgweding e le nngwe kana tse di oketsegileng tse di tlang.—Pes. 148:12, 13; bapisa Ditiro 21:8, 9.
7 O se ka wa nna bonako go swetsa ka gore o ka se kgone go nna mmulatsela yo o thusang ka ntlha ya tiro ya gago ya go itshedisa ya letsatsi lotlhe, thulaganyo ya sekolo, maikarabelo a lelapa kana maikarabelo a mangwe a Dikwalo. Go nna le seabe mo go seno go ka nna ga bo go se motlhofo mo go ba bangwe; lefa go ntse jalo, fa ba rulaganya dilo sentle le ka tshegofatso ya ga Jehofa, ba ka atlega. (Pes. 37:5; Dia. 16:3) Dira gore keletso ya go direla mo tirelong ya bobulatsela e laole maemo a gago; o se ka wa letla gore maemo a gago a laole keletso ya gago ya go bula tsela. (Dia. 13:19a) Ka gone, ka ntlha ya go rata Jehofa le bathokabone thata, ba le bantsi ba kgona go fetola thulaganyo ya ka metlha ya beke le beke gore ba tle ba oketse bodiredi jwa bone kgwedi le kgwedi. (Luke 10:27, 28) Ba ba itekang ka natla mo tirelong ya Bogosi ba beetswe ditshegofatso tse dintsi.—1 Tim. 4:10.
8 Seo Bobulatsela jo bo Thusang bo se Fitlhelelang: Maiteko a a dirwang ka pelo yotlhe a batlhanka ba le diketekete ba Modimo ba a dirang go nna babulatsela ba ba thusang a felela ka pako e kgolo go Jehofa. Jaaka fa baboledi bano ba Bogosi ba ntse ba iteka ka natla go anamisa mafoko a a molemo mo bathong ba ba oketsegileng, ba atamalana thata le Jehofa ka gonne ba ithuta go ikaega thata mo go ene go bona moya wa gagwe le masego a gagwe.
9 Go nna le babulatsela ba ba thusang, ba ka metlha le ba ba kgethegileng mo gare ga rona go dira gore go nne le moya o mosha wa go nna tlhaga mo phuthegong. Tlhagafalo ya bone e fetela mo go ba bangwe fa ba ntse ba bua ka maitemogelo a bone a mo tshimong. Seno se rotloetsa ba bangwe gore ba sekaseke gape dilo tse di tlang pele mo matshelong a bone le gore a ba ka kgona go oketsa seabe sa bone mo tirong e e botlhokwa thata eno ya bodiredi. Kgaitsadi mongwe yo o neng a kolobediwa a na le dingwaga di le 70 o ne a simolola go nna mmulatsela yo o thusang a sa kgaotse gone fela foo. Fa a ne a bodiwa dingwaga di sekae moragonyana gore ke eng se se dirang gore a le mo dingwageng tsa gagwe a bo a santse a iteka ka natla thata jaana mo bodireding jaaka mmulatsela yo o thusang kgwedi nngwe le nngwe, o ne a re o ne a ikutlwa e kete o ile a senya dingwaga tsa ntlha tse 70 tsa botshelo jwa gagwe, ka jalo o ne a sa batle go senya dingwaga tsa gagwe tse di setseng tsa botshelo!
10 Mongwe le mongwe yo o nnang mmulatsela yo o thusang o nna le bokgoni jo bo botoka mo bodireding. Mosupi mongwe yo mmotlana o ne a dumela jaana: ‘Fa ke ne ke santse ke le monnye ke ne ke tlhola ke tsamaya le batsadi ba me mo tirong ya bone ya go rera. Tirelo ya tshimo e ne e le monate tota. Lefa go ntse jalo, kgabagare ke ne ka simolola go bona gore kwa sekolong ke ne ke farologane le botlhe. Go ne ga simolola go nna boima mo go nna go bua kaga boammaaruri le baithutikanna. Fa ke ne ke rera ka ntlo le ntlo ke ne ke boifa tota go kopana le mongwe yo ke tsenang sekolo le ene. Ke akanya gore mo kgannyeng ya me bothata e ne e le go tshaba batho. [Dia. 29:25] Fa ke sena go fetsa mo sekolong ke ne ka fetsa mogopolo gore ke tla leka go bula tsela ka nakwana. Ka ntlha ya seo ke ne ka simolola go leba go rera ka tsela e ke iseng ke go lebe ka yone pele. Ke ne ke sa tlhole ke e leba jaaka tiro ya go itlosa bodutu fela le gone e se mokgweleo. Ke ne ka nna le kgotsofalo e kgolo thata fa ke bona baithuti ba me ba Baebele ba gatela pele mo boammaaruring ke bona seo e le bosupi jwa gore Jehofa Modimo o ne a ntshegetsa mo maitekong a me.’ Mosha yono o ne a tswelela go direla e le mmulatsela wa ka metlha.
11 Go ya kafa re boneng ka teng, fa ba le bantsi ba direla e le babulatsela ba ba thusang mo phuthegong, seno se felela ka gore tshimo yotlhe e berekiwe. Mokaulengwe yo o abang tshimo a ka nna a kopa babulatsela ba ba thusang go thusa go bereka mafelo a a sa berekiweng thata. Go itseela dijonyana le go dira letsatsi lotlhe mo tirelong go tla dira gore re kgone go bereka le e leng tshimo e e kwa kgakala thata.
12 Bagolwane ba Tshwanetse go Baakanya go Sale Gale: Mo dikgweding tse tharo tse di latelang go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa go rulaganya gore go neelwe bosupi jo bo farologaneng ka dinako tse di farologaneng tsa beke, lo akaretsa thapama le maitseboa gore ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ba nne le seabe. Mo godimo ga tiro e e tlwaelegileng ya ka ntlo le ntlo, akaretsa go neela bosupi jwa mmila, go bereka tshimo ya kgwebo le go boela kwa matlong a go sa fitlhelwang ope gone. Ka go dira jalo, bagolwane ba tla thusa bao ba tla bong ba bula tsela go dira le phuthego mo bodireding ka nako e e tla bong e siametse e bile e tshwanela babulatsela. Phuthego e tshwanetse go itsisiwe ka dithulaganyo tsotlhe tsa bodiredi jwa tshimo. Go tshwarwa ga dipokano tsa tirelo go tshwanetse ga rulaganngwa sentle le go tshwarwa sentle le fa diphuthego di na le dipokano ka Sontaga mo mosong. Gape go tshwanetse ga beelwa tshimo e e lekaneng kwa thoko mme dimakasine le dikgatiso tse dingwe di tshwanetse tsa otariwa go sale gale.
13 Dira Thulaganyo ya Gago ka Namana ya Bodiredi: Mokaulengwe mongwe yo pele a neng a tshaba go nna mmulatsela yo o thusang, o ne a re: “Ruri go motlhofo go feta kafa ke neng ke akanya gore go tla go nna ka teng. Go batla fela gore o nne le thulaganyo e e molemo.” A o bona sekai sa thulaganyo ya bobulatsela jo bo thusang e e ka go tswelang mosola mo tsebeng e e kwa morago ya tsenyeletso eno? Go nna mmulatsela yo o thusang go batla fela o dire diura di le 15 mo bodireding beke le beke.
14 Gore ba kgone go nna babulatsela ba ba thusang, gantsi bommè ba matlo le batho ba ba simololang go bereka motshegare go ela bosigogare ba ka rulaganya go dira tshimo mo mosong. Gantsi bana ba ba tsenang sekolo le batho ba ba berekang bosigogare go fitlha ka maphakela ba ka dirisa motshegare go dira tiro ya go rera. Mo godimo ga go neela bosupi maitseboa, batho ba ba berekang letsatsi lotlhe ba ile ba fitlhela gore ba kgona go tsaya letsatsi lengwe la beke ba sa bereke kana ba dirisa mafelobeke otlhe mo bodireding. Ba le bantsi bao ba kgonang go dira tshimo fela ka mafelobeke ba ile ba tlhopha dikgwedi tse di nang le mafelobeke a a tletseng a le matlhano. Monongwaga go ntse jalo ka March, mmogo le August le November. Ka go dirisa thulaganyo e e se nang sepe e e mo go tsebe 6 e e neetsweng go go kaela, akanyetsa ka kelotlhoko le ka thapelo gore o tla dira jang thulaganyo ya bodiredi e e tla tshwanelang maemo a gago ka namana.
15 Mosola o le mongwe wa thulaganyo ya bobulatsela jo bo thusang ke gore bo kgona go fetofetoga. O ka tlhopha dikgwedi tse o tla bulang tsela mo go tsone mme o ka dira jalo nako nngwe le nngwe fa o batla. Fa o rata go nna mmulatsela yo o thusang o sa kgaotse mme o sa kgone go dira jalo, a o kile wa akanyetsa go ikwadisa o tla o tlodisa kgwedi nngwe le nngwe mo ngwageng otlhe? Mo letlhakoreng le lengwe bangwe ba kgona go nna babulatsela ba ba thusang ba sa kgaotse ka lobaka lo loleele.
16 Go Ipaakanyetsa Bobulatsela Jwa Nako e e Tletseng: Ba le bantsi ba ba nang le moya wa go bula tsela ba ka rata go nna babulatsela ba ka metlha mme ba ipotsa gore a ba na le nako, maemo le maatla a go dira jalo. Tota ba le bantsi ba e leng babulatsela ba ka metlha gone jaanong ba ile ba tsaya bobulatsela jo bo thusang go ipaakanyetsa tiro ya nako e e tletseng. Fa motho a oketsa thulaganyo ya gagwe ka ura e le nngwe fela ka letsatsi kana ka letsatsi le le tletseng le le lengwe fela ka beke, a ka kgona go tlatsa thulaganyo ya bobulatsela jwa ka metlha. Go bona gore a o ka kgona go dira seo, ke eng fa o sa leke go bereka diura di le 90 mo bodireding kgwedi e le nngwe kana tse di oketsegileng fa o ntse o le mmulatsela yo o thusang? Fa o ntse o dira jalo o tla bo o oketsa maeto a go boela le dithuto tsa Baebele, se se ka dirang gore bodiredi jwa gago jwa bobulatsela e nne jo bo lekalekaneng e bile o nne le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tsa tirelo.
17 Kgaitsadi mongwe o ne a itumelela go nna mmulatsela yo o thusang a sa kgaotse ka dingwaga tse thataro. Ka nako eo yotlhe mokgele wa gagwe e ne e le go tsenela bobulatsela jwa ka metlha. Gore a kgone go dira seno, o ne a leka ditiro tsa go itshedisa di le nnè tse di farologaneng a lebeletse go bona e e tla mo letlang go fitlhelela diura tse 90 tse di batliwang mo babulatseleng ba ka metlha. O ne a ikwalela thulaganyo e le nngwe kana di le pedi kgwedi nngwe le nngwe go bona gore a o ne a ka kgona. Mme fa a ne a di sekaseka o ne a ikutlwa gore bodiredi jwa nako e e tletseng ke selo se a se kitlang a kgona go se fitlhelela. Mme o ne a tswelela go kopa Jehofa gore a mo kaele. Go ne ga direga gore ka letsatsi lengwe fa a ne a ntse a baakanyetsa Pokano ya Tirelo, o ne a bala mo setlhogong sengwe sa Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1991 jaana: “Go na le go baya tlhokomelo ka mo go sa tlhokegeng mo diureng tse di batlegang, ke ka ntlha yang fa o sa lebise tlhokomelo mo ditshonong tse di oketsegileng tse o tla di bonang tsa go tsaya karolo mo tirong ya go phutha? (Joh. 4:35, 36)” O anela jaana: “Ke ne ka boeletsa polelo eno ga tlhano kana ga rataro, mme ke ne ke tlhomamisegile gore Jehofa o ne a nkaraba ka seno. Ka nako eo ke ne ka swetsa go tsenela tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha.” Lefa thulaganyo ya tiro ya gagwe ya go itshedisa e e sa tseyeng letsatsi lotlhe e ne e se e e kgotsofatsang thata, o ne a tsenya kopo ya gagwe ya bobulatsela jwa ka metlha. Morago ga beke nako ya gagwe ya go bereka e ne ya fetolwa mme o ne a fiwa diura tsa go dira tiro ya gagwe ya go itshedisa ka nako e e neng e mo tshwanetse sentle. O ne a konela ka gore, “A seno ga o se bitse thuso ya ga Jehofa?,” mme a oketsa ka gore: “Fa o kopa kaelo ya ga Jehofa mme a bo a go naya kaelo eo, o se ka wa e latlha—e tseye.” Fa e le gore ruri o eletsa go nna mmulatsela wa ka metlha, gongwe fa o feditse bobulatsela jo bo thusang ka dikgwedi tseno tsa March, April le May, o tla bo o tlhatswegile pelo gore le wena o ka atlega mo bodireding jwa nako e e tletseng.
18 Re tlhomamisa gore Jehofa o tla segofatsa tlhagafalo a bo a tshegetse maiteko a batho ba gagwe fa ba ntse ba anamisa mafoko a a molemo a poloko ka nako ya tirelo e e kgethegileng. (Isa. 52:7; Bar. 10:15) A o tla arabela mokgosi ono wa go batla babulatsela ba ba thusang ba le 10 000 ka go nna le seabe ka March? April? May?
[Box on page 3]
Tsela E o Ka Atlegang ka Yone o le Mmulatsela yo o Thusang
■ Nna le tsholofelo ya gore o tla atlega
■ Rapela Jehofa gore a segofatse maiteko a gago
■ Kopa mmulatsela mongwe go bereka le wena
■ Itirele thulaganyo ya go ya tshimong e e tla tshwanelang maemo a gago
■ Otora dimakasine tse di lekaneng
■ Tshegetsa dithulaganyo tsa phuthego tsa tirelo
■ Batla ditshono tsa go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo