Segopotso—Tiragalo e e Botlhokwatlhokwa!
1 Ka Sontaga, March 23, fa letsatsi le sena go dikela, re tla bo re keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete. (Luke 22:19) Eno ruri ke tiragalo e e botlhokwatlhokwa! Ka go boloka bothokgami jwa gagwe mo go Jehofa go fitlha losong, Jesu o ne a supa gore motho a ka kgona go nna le poifomodimo e e feletseng le fa a le tlase ga kgatelelo e kgolo, ka go dira jalo a tlotlomatsa bolaodi jo bo tshwanetseng jwa ga Jehofa. (Baheb. 5:8) Gape loso lwa ga Keresete lo ne lo re neela setlhabelo se se itekanetseng sa motho se se neng se tlhokega go rekolola batho, se dira gore ba ba bontshang tumelo ba tshele ka bosakhutleng. (Joh. 3:16) Re ka bontsha gore re anaanela go tswa pelong lorato lwa ga Jehofa le setlhabelo se Jesu a re se ntsheditseng ka go nna gone kwa Segopotsong.
2 Botlhe ba kgothalediwa go latela thulaganyo ya mmalo wa Baebele e e rulaganyeditsweng March 18-23, e e fitlhelwang go 1997 Calendar of Jehovah’s Witnesses. Gape, fa re tlhatlhoba dikgaolo 112-16 tsa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela re le lelapa go tla re thusa go tlhoma mogopolo mo bekeng e e botlhokwa go di feta tsotlhe mo hisitoring ya batho.
3 A o ka oketsa nako e o e dirisang mo tirelong ya tshimo ka nako eno ya Segopotso? Baboledi ba le bantsi ba tla bo ba dirisa ka botlalo mafelobeke a matlhano a March go direla jaaka babulatsela ba ba thusang. Ke eng fa o sa nne mongwe wa bone? Rotlhe re ka nna le seabe se segolo mo go gateleleng botlhokwa jwa go nna gone kwa Segopotsong. E re ka se tla bo se le ka Sontaga, ba le bantsi ba tla kgona go nna teng. Tlhomamisang gore lo laletse baithuti botlhe ba Baebele le botlhe ba ba kgatlhegang gore ba tle go kopana le rona. Tlotla le bone kaga se se mo go tsebe 127, serapa 18, mo bukeng ya Kitso kaga letsatsi le le lengwe la ngwaga le le tshwanetseng go tlhokomelwa thata.
4 Leba tiragalo eno e kgolo ya 1997 ka go anaanela thata se loso lwa ga Jesu lo se rayang mo go rona. Nna gone ka maitseboa a March 23, fa Bakeresete ba boammaaruri ba tla bo ba keteka Segopotso ka boikanyego gongwe le gongwe.