Dikitsiso
● Mpho ya buka ka April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo. Dipeeletso tsa ngwaga o le mongwe tsa ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R12.00. Dipeeletso tsa dikgwedi di le thataro tsa ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi le dipeeletso tsa ngwaga o le mongwe tsa ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi ke R6,00. Koo go sa bonweng peeletso gone, go ka nna ga tsamaisiwa dimakasine di le pedi le sekaelo sa boroutšhara epe fela, kwantle ga boroutšhara ya Sekolo, ka moneelo wa R1,95. June: Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo ka moneelo wa R3,75. July le August: Boroutšhara epe e e nang le ditsebe di le 32, kwantle ga boroutšhara ya Sekolo, ka moneelo wa 75c.
● Koo seno se ka kgonegang gone, bagolwane ba tshwanetse ba dira dithulaganyo tsa gore diphuthego di nne le seabe mo go neeleng bosupi mantsiboa.
● Dintlha tse di mo ditsebeng 356-9 tsa buka ya Go Fetolana di ka nna mosola fa go lalediwa batho go tla Segopotsong. Le fa go ntse jalo, go bona tshedimosetso e e siamisitsweng malebana le Yohane 6:53, 54, bonang Tora ya Tebelo ya February 15, 1986, ditsebe 19, 30, 31.
● Go simolola ka beke ya June 18, 1990, go ya go fitlha ka beke ya September 17, boroutšhara ya A O Tshwanetse Wa Dumela TharoNngwe? e tlile go ithutiwa kwa Thutong ya Buka ya Phuthego. Dipotso tseo di tlileng go dirisiwa mo thutong eno di tlile go gatisiwa jaaka tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1990. Fa go ithutiwa boroutšhara eno ya Tharo-Nngwe ka botlalo jaana go tla tlhokega gore motshwari wa thuto ya buka a e baakanyetse ka kelotlhoko mmogo le bao ba nnang teng kwa go yone. Fa re nna teng kwa Thutong ya Buka ya Phuthego beke nngwe le nngwe seo se tla thusa go re tlhomelela gore re dirise boroutšhara eno ka katlego go ya pele mo tirelong ya tshimo.
● DIKOPANO TSA KGAOLO TSA 1990: Go dirilwe dithulaganyo tse di latelang tsa tekeletso di direlwa dikopano tsa kgaolo tsa matsatsi a le mane:
November 15-18:
St. Helena
December 6-9:
Gaborone, Windhoek
December 13-16:
Bloemfontein, Mafikeng, Manzini, Nkowankowa
December 20-23:
Cape Town, Durban, Gauteng, Lebowa Kgomo, Maseru, Mdantsane
December 27-30:
lnsikazi (White River), Newcastle, Port Elizabeth. Pretoria
January 3-6, 1991:
Umtata
● Jaanong diphuthego di ka otora dibolumo tse di gatisitsweng sesha tsa Watchtower tsa dingwaga tsa 1975 go ya go 1977. Tswee tswee lo se ka lwa tsenya diotoro tsa dingwaga tsa morago ga 1977 go fitlhela go dirwa kitsiso ya gore di gone go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
● Mokgatlho o sa ntse o na le tokololo ya kwa kopanong ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang ka dipuo tse di farologaneng eo e nang le molaetsa o o kgethegileng o o kwaletsweng basha mo tsebeng 2 ya yone. Dibuka tseno sa ntlha di tlile go dirisediwa go thusa diphuthego ka diotoro tsa tsone, mme di ka nna tsa tsamaisiwa mo tshimong.
● Dibuka Tse Disha Tse Di Gone:
Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago Go Itumedisa—Se-Russia
● Dikhasete Tse Disha Tse Di Gone: Go Reetsa Morutisi yo Mogolo (sete ya dikhasete di le tlhano mmogo le buka di le mo alebamong; phuthego le batho botlhe: R34,00; babulatsela: R28,50)—Setadiana
● Tseo Di Leng Gone Gape mo Afrika Borwa:
Happiness—How to Find It—Seburu
Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa—Sepedi