LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/90 ts. 5-6
  • Poeletso ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Poeletso ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 4/90 ts. 5-6

Poeletso ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo

Poeletso ya dibuka di tswetswe ya dintlha tseo di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo tsa dibeke tsa January 1 go ya go April 23, 1990. Dirisa pampiri e e kwa thoko eo o kwalelang dikarabo mo go yone go araba dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo nakong eo e beilweng.

[Tlhokomediso: Ka nako ya fa go kwalwa poeletso eno, ke Bibela fela eo e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Ditshupiso tseo di latelang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Dinomoro tsa tsebe le tsa serapa di ka nna tsa se tlhagelele mo ditshupisong tsotlhe tsa Tora ya Tebelo.]

Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:

1. ‘Paradaise ya Modimo’ eo e umakiwang mo go Tshenolō 2:7 e lebisitse go Paradaise e e buseditsweng mo lefatsheng. [reTN ts. 37 ser. 14]

2. Mogolwane kana motlhanka wa bodihedi a ka latlhegelwa ke tshiamelo ya gagwe ya tirelo fa a palelwa ke go ‘laola bana ba gagwe sentle.’ (1 Tim. 3:5, 12) [wTN88 3/1 ts. 24 ser. 5]

3. Ka dinako dingwe go ile ga lemogiwa gore basadi ba nna bokoa semoyeng ka ntlha ya gore bana ba bone ba bannyane ba ba kgoreletsa go ka tlhoma mogopolo kwa dipokanong kana go ka nna le seabe se segolwane mo tirong ya go supa. [wTN88 3/1 ts. 24 dir. 6, 7]

4. Go phoso gore banyalani ba ikitse maipelo a go nna le bana e le gore ba ke ba kgone go direla Jehofa ka botlalo ka mo go oketsegileng. [wTN88 3/1 ts. 25 dir. 10, 11]

5. Luke 3:1, 2 e bontsha gore Luke e ne e le motho yo o dirang patlisiso ka kelotlhoko le gore o ile a dira patlisiso mo direkotong tsa botlhe. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN89 11/15 ts. 24.]

6. Mo go Luke 17:30 Jesu o ne a dira setshwantsho malebana le boikutlo; go ne go sa kopanyelediwe dikatlholo tsa ka bosakhutleng. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN88 6/1 ts. 31.]

7. Ke Luke fela yo o begang gore ka lekgetlo lengwe Jesu o ne a fodisa tsebe ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo ka kgakgamatso. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN89 11/15 ts. 24.]

8. Polelo ya ga Jesu e e mo go Yohane 9:41, e leng “ha lo ka bo lo ne lo houhetse lo ka bo lo sena boleo,” e bontsha gore go na le batho bangwe bao ba se nang boleo. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN88 8/1 ts. 31.]

Araba dipotso tse di latelang:

9. E re ka ‘lobaka lo khutsafetse’ ke eng seo banyalani ba tshwanetseng ba se tlhatlhoba ka kelotlhoko malebana le go nna le bana? [wTN88 3/1 ts. 26 ser. 14]

10. Ke eng seo se tlhokafalang go ka thusa ngwana gore a gole semoyeng le gore a rate Mmopi wa gagwe? [wTN88 3/1 ts. 26 ser. 19]

11. Batsadi ba ka ‘dira’ bana ba bone ka namana ‘barutwa’ jang? (Math. 28:19) [wTN88 3/1 ts. 26 ser. 19]

12. Baboloka-bothokgami ba ba ikanyegang ba kwa Semerina ba ne ba tla nna le pitlagano ka “matsatsi a le leshōme” jang? [reTN ts. 38 ser. 5]

13. Ke ntlha efe eo setshwantsho se se mo go Luke 12:16-21 se e rutang? [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN86 7/15 ts. 31.]

14. Mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 23:30 a ne a na le bokao bofe mo bathong ba motlha wa gagwe? [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona reTN ts. 112 ser. 28.]

15. Go ya ka Yohane 4:27, ke ka ntlhayang fa go ile ga nna le karabelo e e ntseng jalo ka ntlha ya lebaka la go bo Jesu a ne a buisana le mosadi wa Mosamaria? [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 3/15.]

16. Ke ditlhopha dife tse pedi tseo gompieno di reetsang lentswe la ga Jesu di mo sala morago, le go pepetlediwa ke ene? (Yoh. 10:27, 28) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 3/15.]

Tsenya lefoko kana polelwana eo e tlhokegang gofeleletsa polelo nngwe le nngwe ya tse di latelang:

17. Go a tshwanela gore re utlwe Jehofa ka metlha yotlhe ka ntlha ya gore ke ․․․․․․․. (Pes. 95:6, 7) [wTN88 4/1 ts. 28]

18. “Thuto ya ga Balaame” eo go buiwang ka yone mo go Tshenolō 2:14 ke tlhotlheletso e e bodisang ya ․․․․․․․ eo e neng e tsene mo phuthegong ya Peregamo mo lekgolong la ntlha la dingwaga. [reTN ts. 44 ser. 10]

19. Pego ya Dikwalo tsa Efangele eo e leng yone fela e e buang ka setshwantsho sa Mosamaria yo o molemo ke ya ga ․․․․․․․. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN89 11/15 ts. 24.]

20. E re ka a ne a le mokhutshwane, ․․․․․․․ , eleng mokgethisi yo mogolo, o ne a palama setlhare gore a bone Jesu. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN89 11/15 ts. 24.]

Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang:

21. ‘Morutwa yo Jesu a neng a mo rata’ e ne e le (Petere; Johane; Paulo). (Yoh. 13:23) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 3/15.]

22. Kolobetso ke letshwao la (go itlama ga; boineelo jwa) rona mo go Jehofa. [wTN88 3/15 ts. 13 ser. 12, 13]

23. Go lebega a le mongwe fela wa baaposetoloi ba ba 12 yo o neng a tswa kwa Judea e ne e le (Petere; Mathaio; Judase Isekariota). (Luke 6:12-16) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN86 9/1 ts. 8.]

24. Ke (Mareko; Luke; Johane) fela yo o re bolelelang ka gore Jesu o ne a le teng pele ga e nna motho. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 3/15.]

Tsenya dikwalo tse di latelang mo di tshwanetseng teng mo dipolelong tse di thathamisitsweng fa tlase tseno:

Luke 5:1-6; Luke 8:30-32; Luke 16:9; Yoh. 7:37

25. Fa fela re sa ntse re tshela, re tshwanetse ra dirisa madi a rona ka tsela eo e tla re dirang gore re nne ditsala tsa ga Jehofa Modimo mmogo le Morwawe, e bong Jesu. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona g88 4/22 ts. 8.]

26. Jesu fano o ne a lebisitse go tlwaelo e e neng e tsentswe mo Moletlong wa Metlaagana wa malatsi a le robedi. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 3/15.]

27. Badimona ba itse gore e tla re kgabagare Modimo o ba atlholele go ya moleting o o se nang bolekeletso. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN87 5/15 ts. 8.]

28. Nngwe ya dikgakgamatso di le thataro tseo di fitlhelwang mo Lekwalong la Efangele la ga Luke fela. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN89 11/15 ts. 24.]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela