LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/90 ts. 1
  • Abalana le Ba Bangwe Mahumo a Semoya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Abalana le Ba Bangwe Mahumo a Semoya
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ikemisetsa go Huma Semoyeng
    Tsogang!—2007
  • O ka Nna le Dikhumo!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Go Batla Dikhumo Tsa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Dikhumo Tse di Tswang Kwa Modimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 5/90 ts. 1

Abalana le Ba Bangwe Mahumo a Semoya

1 Jaaka Moshe yo o ikanyegang, Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba itse gore dikhumo tsa dilo tse di bonalang tsa lefatshe leno di gaisiwa kgakala ka boleng ke mahumo a semoya. (Baheb. 11: 26) Madi a ka nna a reka matlo, dikoloi, le dilo tse dingwe tse motho a ka nnang natso, mme le fa go ntse jalo, ga a ka ke a reka botshelo, kagiso ya mogopolo, kana a dira gore o amogelwe ke Modimo le gore o bone tshegofatso ya gagwe.

2 Go itse Lefoko la Modimo le go le tlhaloganya mmogo le boikaelelo jwa gagwe ke mahumo a mmatota a semoya. (Bakol. 2:3) Mahumo ano ao e leng a mofuta wa one fela a ka go tlisetsa boitumelo jwa mmatota gone jaanong, mmogo le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe. Abo re le lesego jang ne go bo re ile ra amogela mahumo a a ntseng jalo a semoya!

KAFA RE KA HUMISANG BA BANGWE KA GONE

3 Re ka thusa go dira gore ba bangwe ba bantsi ba hume semoyeng ka go ba itsise ka Tora ya Tebelo, e re ka e ka ba dira gore ba bone ‘mahumo a a subegileng’ ano a poifomodimo. (Dia. 2:4) Ka May, re tla bo re tsamaisa peeletso ya Tora ya Tebelo ka sebaka sengwe le sengwe se se tshwanetseng. Fa re nna re gakologelwa kafa Tora ya Tebelo e dirileng ka gone gore matshelo a rona e nne a a humileng, ga re kitla re ikgogona mme go na le moo, re tla batlana le ditsela tseo re ka e tsamaisetsang batho ba le bantsi ka moo re ka kgonang ka gone. Kwala diaterese tsa koo o tsamaisitseng dimakasine ka bongwe le diboroutšhara gone, ka maikaelelo a gore o boele gone le gore e nne ba gago ba o ba tsamaisetsang dimakasine ka metlha.

4 Ka kgopolo ya semoya, re ka tshwana jang le monna yo o boifang Modimo wa Pesalema 112 yo o neng a anamisa dilo tsa gagwe tse di tlhotlhwakgolo mo bathong ba le bantsi? (Pes. 112:1, 3, 9) Go tlhokafala gore re batlane le batho ba sekadinku mme re ba thuse gore ba bone dilo tsa semoya tseo ba di tlhokang. (Math. 5:3) Seno se tlhoka gore re dirise sebaka sengwe le sengwe go neela bosupi jo e leng jwa ka tlwaelo le jo e seng jwa ka tlwaelo.

5 Mo mafelong mangwe, go neela bosupi mantsiboa go ile ga nna le katlego thata ka gonne go ka diragala thata gore batho ba bo ba le teng kwa gae ka nako eo. A o setse o kile wa leka go bereka ka ntlo le ntlo oura e le nngwe kana go feta pele ga Thuto ya lona ya Buka ya Phuthego kana mo mantsiboeng a mangwe a mo gare ga beke? Ke ka ntlhayang fa o sa dire dithulaganyo tse di tlhomameng gore o dire seno? O ka nna wa boelwa ke go le gontsi ka go dira jalo.

6 A o ka bona dinako tse di tshwanetseng tsa go neela bosupi kwa o berekang gone? Kgaitsadi mongwe o ne a baya dimakasine di le mmalwa mo godimo ga tafole ya gagwe gore bao a berekang nabo ba kgone go di bona fa ba ntse ba feta. Pele ga moso oo o fela, dimakasine tseo tsotlhe di ne di tsamaile. Ba le bantsi thata ba batho bao a berekang nabo ba ne ba bontsha kgatlhego ya mmatota, mme o ne a kgona go tsamaisa dipeeletso di le 18.

7 Selefera, gauta, le mahumo otlhe a mangwe a dilo tse di bonalang ga se sepe fa a bapisiwa le mahumo a semoya a kitso le tlhaloganyo tseo re di bapetseng ka phuthego ya ga Jehofa le ka go ithuta Bibela. Boitumelo jwa mmatota, ditsela tsa monate, kagiso, “bolele yoa malatsi”—le e leng botshelo jo bosakhutleng—tsotlhe go a kgonagala gore bao ba senkang dikhumo tsa semoya ba di bone. (Dia. 3:13-18) Fa re abalana le ba bangwe mahumo a semoya, re bontsha kafa re anaanelang ka gone seo re se amogetseng e bile re tswela pele re bona tshegofatso ya ga Jehofa.—Dia. 19:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela