LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/90 ts. 1-2
  • Supa Kaga Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Supa Kaga Boammaaruri
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TIRO YA BOTLHOKWA EO RE E ABETSWENG
  • Go Batlega Babulatsela ba ba Thusang ba le 10 000—A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang Ka March? April? May?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Mokgele o o Molemolemo wa Ngwaga o Mosha wa Tirelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • A Re Tla Go Dira Gape?—Go Batliwa Gape Babulatsela Ba Ba Thusang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela yo o Thusang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 5/90 ts. 1-2

Supa Kaga Boammaaruri

1 Jesu o ne a tlhalosa ka phepafalo gore o ne a tletse mo lefatsheng go tla go supa kaga boammaaruri. O ne a bolela jaana: “Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure.”—Yoh. 18:37.

2 Jesu o ne a tlotla leina la ga Jehofa ka go rera ga gagwe ka tlhoafalo. Gape o ne a bontsha lorato lwa mmatota mo bathong fa a ne a bona boemo jo bo tlhomolang pelo jwa semoya joo ba neng ba le mo go jone. Mathaio o ne a kwala jaana malebana le tiro ya gagwe: “Me Yesu a tlhatlologanya metse le metsana eotlhe, a èta a ruta mo matluñ a bônè a thutō, a rèra Mahoko a a Molemō a bogosi, . . . Me ea re a bōna machutichuti a batho, a ba tlhomogèla pelo, ka ba patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” (Math. 9:35, 36) Jaaka Jesu, boineelo jwa rona mo go Jehofa mmogo le lorato loo re nang le lone mo go ba bangwe, di tshwanetse go re tlhotlheletsa go rera.

TIRO YA BOTLHOKWA EO RE E ABETSWENG

3 Lorato lwa mmatota loo re nang le lone mo bathong le mo go Jehofa lo re tlhotlheletsa gore re dirise sebaka sengwe le sengwe go ruta batho boammaaruri jo bo leng ka ga Jehofa le ka ga ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang. (Pes. 96:2, 3; 145: 10-13) Le fa go ntse jalo, dikgatelelo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi, ditlhobaelo tsa botshelo, mmogo le dilo tse dintsi tse di kgoreletsang di ne di ka nna tsa re faposa mo tirong ya go neela bosupi motlhofo fela. Ka gone, re tshwanetse ra nna re sa lebale kafa go supa kaga boammaaruri jo bo leng malebana le Modimo le Bogosi jwa gagwe go potlakileng ka gone. Ga re a tshwanela go itetla gore re faposiwe mo tirong eno e e botlhokwatlhokwa e e bolokang botshelo eo re e abetsweng gore re e dire. (Math. 24:14; 28:19, 20) Go nna re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa go a re sireletsa, e bile go ka tlisetsa bao ba batlang go utlwa molaetsa wa boammaaruri melemo e e nnelang ruri.—1 Bakor. 15:58.

4 A o ka direla jaaka mmulatsela wa ka metlha kana yo o thusang? Ke ka ntlhayang fa o sa tlhatlhobe maemo a gago go bona gore a ga o ka ke wa oketsa tirelo ya gago ka tsela eno? A o rotse tiro ya boitshediso? Ke ka ntlhayang fa o sa dirise nako ya gago ka mo go oketsegileng o rera? Basha ba le bantsi bao ba sa ntseng ba le kwa sekolong ba ile ba nna babulatsela baba thusang ka metlha. Ba ile ba fitlhela seno se lapolosa semoyeng le mo mmeleng, se ipedisa pelo.

5 Gore o kgone go supa kaga boammaaruri ka katlego go tlhokafala gore o rulaganye nako ya gago ka kelotlhoko. (Baef. 5:15,16) Go nna mmulatsela yo o thusang go tlhoka palogare ya dioura di le pedi fela ka letsatsi mo kgweding. Ba bangwe ba tlhopha go tsoga oura e le nngwe go sa le gale e le gore ba ke ba kgone go tswela tshimong pele ga ba ya sekolong kana tirong. Diphuthego di le dintsi di ile tsa thusa babulatsela ba ba thusang ka go rulaganyetsa gore go nne le bosupi jwa mantsiboa. Gape, o ka kgothadiwa mmogo le go bona dikakantsho tse di mosola ka go buisana le ba bangwe ba ba ileng ba rulaganya nako ya bone ka tsela e e molemo gore e nne babulatsela ba ba thusang.

6 Jehofa Modimo ka metlha o ile a direla batlhanka ba gagwe molemo. Bao ba mo direlang ka boikanyegi ba ile ba amogela masego a le mantsi. Jehofa o sa ntse a direla bao ba mo ratang molemo. O itumelela go amogela sengwe le sengwe seo maemo a rona a re letlang go se dira fa re ntse re supa ka ga boammaaruri.—Baheb. 6:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela