LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/90 ts. 4
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Jaaka Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Jaaka Lelapa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BATSADI BA TLHOMA SEKAO
  • BOIKARABELO JWA BANA
  • Go Sikara Boikarabelo Jwa go Tlhokomela Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Anaanela Ditshiamelo Tsa Tirelo e e Boitshepo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ithuteng Lefoko la Modimo ka Metlha lo le Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 7/90 ts. 4

Go Neela Mafoko a a Molemo—Jaaka Lelapa

1 Lelapa le le ineetseng leo le tshwaregileng ka botlalo mo tirelong e e boitshepo—e le rre, mmè, mmogo le bana ba ba direlang Modimo ka moya otlhe—ke pako go leina le legolo la ga Jehofa. Re itumelela go bo malapa a le mantsi a a ntseng jalo a fitlhelwa mo diphuthegong tsa batho ba ga Jehofa lefatshe ka bophara.

2 Gone ke boammaaruri, rre ke ene a nang le boikarabelo jwa ntlha jwa go tlhokomela dilo tsa semoya tseo lelapa la gagwe le di tlhokang. (1 Bakor. 11:3) Fa mosadi wa gagwe mmogo le bana ba tshwarisana nae, lelapa la gagwe le ka tlhotlheletsa ba bangwe thata. (Math. 5: 16) Ke dikarolo dife tseo go tshwarisana gono go ka bontshiwang mo go tsone?

BATSADI BA TLHOMA SEKAO

3 Mo makgetlong a le mantsi, rre e ka nna ya tswa e le mogolwane kana e le motlhanka wa bodihedi. Seno se kaya gore mo godimo ga dikgatlhego tsa lelapa la gagwe, bontlhanngwe jwa nako le tlhokomelo ya gagwe di tshwanetse tsa dirisiwa mo dilong tsa phuthego. Boikarabelo jwa ga rre ke go tlhomamisa gore nako eo e leng teng e kgaoganngwa sentle gore lelapa la gagwe le se ka la tlhokomologiwa. Seno se ka nna sa se ka sa nna motlhofo ka metlha ka ntlha ya dilo tseo di batlang nako ya gagwe eo e seng kalo. Mme le fa go ntse jalo ka gonne lelapa la gagwe e le lone boikarabelo jwa gagwe jwa konokono, o tshwanetse ka metlha a rulaganyetse nako ya gagwe ya botlhokwa gore a nne le lelapa la gagwe mo thutong, mo tirelong ya tshimo, kwa dipokanong, le mo boitlosongbodutu jo bo tshwanetseng. Maemo mmogo le maikarabelo a mangwe a ka nna a fetola thulaganyo ya ga rre ka makgetlo mangwe, mme le fa go ntse jalo abo e tla nna selo se se busetsang jang ne fa a ka kgona go senya nako mo tirelong ya tshimo le maloko a lelapa kgwedi nngwe le nngwe!

4 Go botlhokwa gore mosadi a tshwarisane le ene. A ka ema monna wa gagwe nokeng ka tsela e e botlhokwatlhokwa thata ka go mo thusa mo go thapiseng bana mo bodiheding. Sekao sa gagwe sa tlhoafalo le boineelo se tla dira go le gontsi go tlhotlheletsa bana gore tsela eo ba anaanelang bodihedi ka yone e gole.—2 Tim. 3:14, 15.

5 Go na le dikao di le dintsi tse di molemo tsa maemo ao mo go one motsadi a le mongwe a ileng a rwala morwalo wa semoya wa boikarabelo mme a thapisa bana ka katlego mo bodiheding. Ka ntlha ya sekao se se molemolemo sa mmaabone kana sa ga rraabone, basha ba le bantsi ba ile ba emela boammaaruri ka tlhomamo, le e leng go tsenela bodihedi jwa nako e e tletseng.

BOIKARABELO JWA BANA

6 Go tweng ka boikarabelo jwa bana? Le esita le Morwa Modimo yo o neng a itekanetse, e bong Jesu, fa a ne a sa ntse e le ngwana yo monnyane, o ne a ikobela kaelo le thuto tsa batsadi ba gagwe. (Luke 2: 51) Ka gone, fa rre le mmè ba rulaganyetsa gore lelapa le senye nako le le mmogo mo bodiheding, bana ba tshwanela gore ba bontshe poifomodimo ya bone ka go tshwarisana le batsadi ba bone.—Baef. 6: 1-3.

7 Go obamela mmogo jaaka lelapa—e leng go ithuta mmogo, go nna le seabe mmogo mo bodiheding jwa tshimo, le go nna teng mmogo kwa dipokanong—go nonotsha dibofo tsa lorato le kutlwano tsa mo sedikong sa lelapa. Batsadi le bana ba na le boikarabelo mmogo mo ntlheng eno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela