LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/90 ts. 1-2
  • Anamisa Molaetsa wa Bogosi ka Tlhoafalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Anamisa Molaetsa wa Bogosi ka Tlhoafalo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BONTSHA TLHOAFALO FA O TSAMAISA DIBOROUTŠHARA
  • DIKAKANTSHO TSA KAFA RE KA TSAMAISANG DIBOROUTŠHARA KA GONE
  • Bontsha ba Bangwe Diboroutšhara go ba Bolelela ka Tsholofelo ya Gago ya Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • A o ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Dirisa Diboroutšhara Tse di Farologaneng mo Bodireding Jwa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 8/90 ts. 1-2

Anamisa Molaetsa wa Bogosi ka Tlhoafalo

1 Jehofa ke Modimo wa Ditiro tse di molemo, mme o tlhoafaletse go dira gore di dirwe di fele. Sengwe le sengwe seo a se dirang o se direla gore se solegele bao ba mo direlang molemo. Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go etsa tlhoafalo ya ga Rraagwe. Mo lekgetlong lengwe, go tlhoafalela ntlo ya ga Jehofa go ne ga mo tlhotlheletsa gore a leleke bao ba neng ba fetola tempele go nna ntlo ya thekisetso. (Yoh. 2:14-17) Le rona ka mo go tshwanang re tshwanetse go bontsha tlhoafalo mo tirelong ya rona go Jehofa Modimo fa e le gore re batla go itsege jaaka batho “ba ba tlhōahaletseñ ditihō tse di molemō.”—Tito 2:14.

2 Ditiro tse di molemo tsa Bakeresete di solegela ba bangwe molemo. Selo se se mosola go gaisa seo re ka se direlang motho yo mongwe ke go mo thusa gore a itse Jehofa le go mo direla. (Yoh. 17:3) Re neela thuso e e ntseng jalo ka tiro ya rona ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa eo re e dirang ka tlhoafalo.

3 Tlhoafalo ke eng? Tlhoafalo ke phisego. Tlhoafalo ya Bokeresete e tswa mo keletsong e e boteng ya go dira se se siameng le se se tshwanetseng. Lefoko la Segerika la “tlhoafalo” le raya “go bela.” Jaaka badihedi ba Modimo, re tshwanetse go bontsha nonofo eno fa re ntse re anamisa molaetsa wa Bogosi. A re na le tlhoafalo mo bodiheding? A re dira gotlhe moo re ka go kgonang go thusa ba bangwe go ithuta kaga maikaelelo a ga Jehofa?

BONTSHA TLHOAFALO FA O TSAMAISA DIBOROUTŠHARA

4 Ka kgwedi ya August, re tla bo gape re na le tshiamelo ya go tsamaisa epe fela ya diboroutšhara tse di nang le ditsebe di le 32 kwantle ga ya Sekolo le Basupi ba ga Jehofa. Re ka nna ra tsamaisa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, kana Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Ipaakanyetse go tsamaisa boroutšhara lefa e le efe fela eo e bonalang e tshwanela tshimo eo go gaisa mmogo le motho yo o kopanang le ene kwa ntlong.

5 Gore re anamise molaetsa wa Bogosi ka tlhoafalo, go tlhokafala gore re bo re ipaakanyeditse sentle. A re tlwaelane le Setlhogo sa Motlotlo sa bosheng? Re ka nyalanya jang Setlhogo sa Motlotlo le boroutšhara eo re e tsamaisang? Ke dintlha dife tse di kgethegileng tse di mo boroutšhareng tseo re ka di umakang? Fa re ipha nako ya go tlwaelana le diboroutšhara tse tlhano tseno mme re godisa go di tlhagafalela mo megopolong ya rona, re tla bo re siametse go ka di tsamaisa ka tlhoafalo mo go bao ba leng mo tshimong ya rona.

DIKAKANTSHO TSA KAFA RE KA TSAMAISANG DIBOROUTŠHARA KA GONE

6 Morago ga fa o sena go ikitsise gore o mang, o ka nna wa re: “A o kile wa tsamaya wa ipotsa gore a Modimo o amega ka boikepo jo bo mo lefatsheng gompieno? [Letela karabo.] Bibela e tlhalosa gore mo bogautshwaneng baikepi ba tla nyelediwa. [Bala Pesalema 92:7.] Ereka go ntse jalo, re ka retologela go mang go bona kaelo ya boammaaruri le tshireletso? [Bala Pesalema 145:20.] Ka jalo tsela e le nngwe fela eo re ka bonang poloko ka yone ke ka go nna le kamano le Mmopi wa rona, ebong Jehofa Modimo. Re tshwanetse go akanya ka masego ao a a solofetsang setho sotlhe se se kutlo.” Morago ga moo o ka nna wa bula mo setshwantshong sa bo 49 mo boroutšhareng ya Botshelo mo Lefatsheng mme o be o bala mafoko a a se tlhalosang, o otlelela masego ao a bontshiwang foo. Kana bula tsebe 29 mo boroutšhareng ya Puso, mme o tlotle ka masego ao a tlhalosiwang moo. Ba bangwe ba ka nna ba rata go dirisa dirapa 49 le 50 mo boroutšhareng ya “Bōnañ” go tlhalosa seo Bogosi jwa Modimo bo tla se direlang setho.

7 Ereka metlha eno e le e e boima, molaetsa oo re o tshotseng o potlakile. Go tlhokafala gore re tlhoafalele go anamisa molaetsa wa Bogosi, go kgothaletsa ba bangwe gore ba tlwaelane le Modimo le Lefoko la gagwe. Fa re anamisa kitso eno e e nayang botshelo ka tlhoafalo, re neela bosupi jwa poifomodimo eo re nang le yone mmogo le jwa kafa re ratang Jehofa ka gone. Ipotse jaana: ‘A ke tlhoafaletse ditiro tse di molemo? A tsela eo ke tshegetsang tiro ya go rera ka yone e ka tlhalosiwa jaaka eo ke e dirang ka tlhoafalo le eo ke e dirang ka moya otlhe?’ Dikarabo tsa rona di tla re bolelela go le gontsi malebana le gore tlhoafalo ya rona ke ya mofuta ofe. Fa re nna le seabe ka mo go oketsegileng mo go anamiseng molaetsa wa Bogosi, tlhoafalo ya rona e tla nna e nnela kgolo go ya pele. Ba bangwe ba tla bona gore eleruri re batho bao ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela