LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/90 ts. 2
  • Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 3
  • BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 10
  • BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 17
  • BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 24
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 9/90 ts. 2

Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa

BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 3

Pina 154

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tswang go Tirelo ya Rona ya Bogosi. A O Itlhomeletse Tshimo? Bolela dilo tsa botlhokwa tseo di tlhokafalang mo kgetsaneng eo re yang tirelong ya tshimo ka yone, go akaretsa le Bibela, Go Fetolana ka Dikwalo, bukana ya Good News for All Nations, dipampitshana, pensele, mpho ya bosheng le dimakasine, pego ya ka ntlo le ntlo, le tse dingwe. Gore re nne re itlhomeletse mo mogopolong go tlhoka gore re boeletse dintlha tseo re tlileng go di buelela mo dibukeng. Gape, rapelela moya o o boitshepo mmogo le thuso gore o bone ba sekadinku. (Bafil. 4:6, 7) Neela pego e khutshwane eo eleng malebana le diphelelo tsa seo se fitlheletsweng kwa tshimong e e sa abiwang go tla go fitlha jaanong. Ba kgothaletse gore ba tswele pele ba ema karolo e e setseng ya tlhabano eno nokeng.

20 mets: “Bolela Mafoko A A Molemo Letsatsi le Letsatsi.” Dipotso le dikarabo. Pontsho e khutshwane ya karolonyana ya thulaganyo ya go ithapisa ya lelapa eo go nang le leloko le lengwe la lelapa le buelela sengwe ka tsela eo e leng go Tirelo ya Rona ya Bogosi a se buelela go leloko le lengwe la lelapa.

15 mets: Mogolwane o buisana le basha ba le mmalwa bao ba tlhomang sekao. Ba tlotla ka dintlha tsa konokono tse di tswang mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang, kgaolo 17, “A Ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?” Otlelela kafa go tlhokafalang ka gone gore batsadi ba kaele bana ba bone gore ba tlhophe dirutwa tseo di ba thusang gore ba nne le dikgono tseo di leng mosola, tse di ka dirisiwang tseo di ka ba thusang gore ba age isagwe ya bone le phuthego ya Modimo le go lelekisa dikgatlhego tsa Bogosi.

Pina 225 le thapelo e e konelang.

BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 10

Pina 71

5 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Dikgang tsa Bolegodimo. Ba gakolole ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo, o ba kgothaletse gore ba tshegetse bosupi jwa mantsiboa.

15 mets: “Go Neela Mafoko A A Molemo—Ka Dimakasine.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Fa lo sekaseka serapa 8, dira pontsho ya kafa go ka simololwang tselana ya dimakasine ka gone mo mothong mongwe yo o bontshang kgatlhego ya mmatota, o buelela setlhogo sengwe seo se kgatlhisang mo lefelong la lona mo makasineng.

15 mets: “Latelang Bao Ba Lo Etelelang Pele Lo Na le Tsholofelo.” Setlhogo seno se tlotliwa ka dipotso le dikarabo ebile go bontshiwa kafa se ka dirisiwang ka gone mo lefelong la lona. Se tshwanetse sa neelwa ke mogolwane yo o nang le boitemogelo.

10 mets: “Re Anaanela Ba Ba Godileng!” Puo ka mogolwane, eo e theilweng mo tshedimosetsong e e go Tora ya Tebelo ya February 1, 1986, ditsebe 28-9. Bontsha kafa se ka dirisiwang ka gone mo lefelong la lona. O ka nna wa akgela ka tlhamalalo malebana le gore go berekiwe le ba ba ntseng jalo mo tshimong, go tsamaya ka bonya go ka tsamaisana le bone. Re ka nna ra ba thusa ka go ba ela kwa marekelong, dipeelanonako le ngaka, jalo le jalo, mme re bone molemo mo botlhaleng le mo boitemogelong jwa bone.—Yobe 15:10; Dia. 16:31; 1 Tim. 5:1, 2.

Pina 116 le thapelo e e konelang.

BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 17

Pina 160

8 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Pego ya madi mmogo le dikitsiso tsa gore go amogetswe meneelo. Akgola phuthego go bo e tshegetsa Letlole la Mokgatlho la go Aga Diholo tsa Bogosi mmogo le meneelo ya tiro ya Bogosi.—Dia. 3:9.

20 mets: “Nna O Ntshitse Matlho Gore O Ke O Simolole Dithuto tsa Bibela.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Neela tshedimosetso eo eleng malebana le gore go na le dithuto di le kae tseo phuthego e di tshwarang. Mo serapeng 5, dira pontsho ya kafa go ka simololwang thuto ka gone mo loetong lwa ntlha. Simolola pontsho eo ka yone mong wa ntlo a sa bontsheng kgatlhego e e kalo mme lefa go ntse jalo a bo a amogela pampitshana ka boitumelo e e reng “Botshelo mo Lefatseng Le Lesha Le Le Nang le Kagiso.” Mmoledi o tlotla ka serapa se le sengwe kana di le pedi go tswa mo pampitshaneng eno a bo a dira tumalano e e totobetseng ya gore o tlile go boela leng. Morago ga moo, dira pontsho ya mokgwa o o tlhamaletseng, o dirisa nngwe ya ditsenyeletso tse di mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 12, kafa tlase ga setlhogo se se reng “Thuto ya Bibela ya Legae.” Dira kakgelo malebana le kafa bosupi jwa mantsiboa bo neelang sebaka sa gore go ka simololwa dithuto le malapa o e simolola le lelapa lotlhe le feletse, ereka banna gantsi ba a bo ba le kwa gae ka nako eo.

17 mets: “Fa O Ruta, Fitlhelela Pelo.” Puo eo e tlotlang ka dintlha di le nnè tsa konokono tse di go Tora ya Tebelo ya March 15, 1985, ditsebe 27-31. Thusa bareetsi gore ba lemoge kafa go tlhokafalang ka gone gore ba tshware dithuto tsa Bibela tseo di gatelang pele. Gape, dira kakgelo malebana le gore go ka kgaodiwa leng dithuto tseo di sa direng kgatelopele.

Pina 121 le thapelo e e konelang.

BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 24

Pina 69

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Ba kgothaletse tiro ya dimakasine ya ka Matlhatso. Dipontsho di le pedi tse dikhutshwane, e nngwe e nne ya koo go bontshiwang kgatlhego gone, e nngwe e nne ya koo mong wa ntlo a sa bontsheng kgatlhego ka gope mo dimakasineng gone mme mo boemong jwa seo a dumela go ka bala pampitshana. Motlotlo oo o ka nna wa bula tsela ya go ka tsamaisa thuto ya mahala ya legae ya Bibela.

20 mets: “Go Anaanela Babulatsela ba Rona.” Molebedi wa tirelo o tlotla ka tshedimosetso eno le babulatsela ba le babedi kana ba le bararo. Botsa babulatsela malebana le kafa ba ileng ba kgothatsa ba bangwe ka gone, o bo o ba kope gore ba akgele malebana le gore ke eng seo se ileng sa ba kgothatsa segolobogolo mo lefelong la lona. Akgolela phuthego go bo e ema babulatsela nokeng.

15 mets: Ditlhokafalo tsa lefelo la lona. Kana molebedi yo o okamelang o neela puo ka motlotlo oo o leng go “Dipotso Tse Di Tswang go Babadi” go Tora ya Tebelo ya August 15, 1984, ditsebe 30-31, “Re ka thusa jang bao ba leng mo phuthegong ya rona ba ba nang le wa losika yo o kgaotsweng?”

Pina 62 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela