Dipotso tsa Thuto tsa Boroutšhara ya Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
Fa gongwe mo dithutong tseno, go na le mo go lebisiwang go mametlelelo, ditsebe 27-31. Dikakgelo tseo di leng mo dirapeng tseo di bontshitsweng di ka nna tsa dirisiwa fa go ithutiwa, dirapa tsa mametlelelo di balwe fa nako e letla.
BEKE YA NTLHA
Tsebe 2
1-4. Ke ka ntlha yang fa go le mo nakong go sekaseka ka moo madi a ka bolokang botshelo ka gone? (Bona tsebe 27, dirapa 1-3.)
Tsebe 3
1, 2. Ke ka ntlha yang fa e le ga tlholego fela go leba botshelo jaaka jo bo golaganeng le madi, mme Modimo o tsena jang mo kgannyeng eno?
3, 4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra kgatlhegela go itse gore Modimo ene a reng malebana le madi?
5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhokomela thata Genesise 9:3-6, mme temana eno e bolelang?
6. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go dira eng malebana le madi?
Tsebe 4
1, 2. Melao ya Modimo e ne e solegela Baiseraele molemo jang, mme lebaka la konokono la go bo Baiseraele ba ne ba tila madi e ne e le lefe?
3. Molao o o malebana le madi o ne o tshwanetse wa lejwa jang mo maemong a tshoganyetso?
Tsebe 5
1, 2. Malebana le molao o o leng malebana le madi, Jesu o ne a tlhoma sekao sefe?
3, 4. (a) Kgakololo ya baaposetoloi e ne ya laela eng malebana le Bakeresete le madi? (b) Re itse jang gore a go ithiba mo mading e ne e le molao wa nakwana fela?
5. Go ya ka baaposetoloi ba ga Jesu, go tila madi go ne go le botlhokwa go le kana kang?
6, 7. Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore molao o o leng malebana le madi e ne e le patlafalo eo e nnetseng ruri?
Tsebe 6
1, 2. Madi a ne a dirisiwa jang jaaka kalafi ka dinako tsa pele ga motlha wa Bokeresete?
3. Bakeresete ba pele ba ne ba arabela jang mo kgannyeng ya go dirisa madi, tota le e leng le jaaka kalafi, mo dinakong tsa Roma?
4-6. (a) Go dirisiwa ga ditshelo tsa madi go ne ga simolola jang? (b) Go ya ka seo se bolelwang ke molao wa Modimo, ke ka ntlha yang fa go tshelwa madi mo ditshikeng go le phoso?
7. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba gana tshelo ya madi? (Bona tsebe 27, dirapa 4-6, le tsebe 28, serapa 1.)
8. Le mororo lebaka la konokono la go bo Bakeresete ba gana ditshelo tsa madi e le ka ntlha ya mabaka a bodumedi, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go sekaseka dikarolo tsa kalafi tsa phodiso ya madi?
BEKE YA BOBEDI
Tsebe 7
1, 2. Tshelo ya madi e tsaya boemo bofe mo kalafing ya segompieno?
3, 4. Ke ka ntlha yang fa go utlwala gore o sekaseke gore a ditshelo tsa madi di kotsi?
Tsebe 8
1. Ke eng se re se botsang ka botlhale malebana le ditshelo tsa madi?
2, 3. Ke ka ntlha yang fa go kgaoganya madi go ya ka mefuta ya one le go bona gore a a a tshwana e le selo sa botlhokwa mme seno se sa reye gore go lekane?
4, 5. Tshelo ya madi e ka baka jang mathata a tsamaiso ya mmele ya go lwa le malwetsi?
6, 7. Ke kotsi efe eo ditshelo tsa madi di ka e bakang morago ga karo ya kankere?
Tsebe 9
1. Bosupi jo bo leng gone malebana le tshelo ya madi le karo ya kankere bo bolela eng?
2, 3. Ditshelo tsa madi di ka baka kotsi efe e nngwe gape eo e leng malebana le tsamaiso ya mmele ya go lwa le malwetsi?
4, 5. Ke ka ntlha yang fa batho ba tlhoka go itse ka kotsi ya go tsenwa ke bolwetsi jo bo tswang mo mading a ba a tshetsweng?
Tsebe 10 (Lebokose)
1, 2. Bodiphatsa jwa go tsenngwa hepatitis ke madi a motho o a tshetsweng bo masisi go le kanakang?
3. Ke ka ntlha yang fa ka nako nngwe go ne go lebega e kete bodiphatsa jwa go tsenngwa hepatitis ke madi a motho o a tshetsweng bo ne bo fentswe?
4, 5. Ke dilo dife tseo di neng tsa diragala tseo di neng di bontsha gore bodiphatsa jwa go tsenngwa hepatitis ke madi a motho o a tshetsweng bo sa ntse bo sa tshwanelwa go itlhokomolosiwa?
6-8. Ke ka ntlha yang fa go amega ka hepatitis e se selo se se fetileng?
Tsebe 11
1. Ke eng seo se ka bontshang gore bodiphatsa jwa go tsenngwa bolwetse ke madi ga bo gaufi le go nyelela?
2-4. Madi a ka dira jang gore motho a tsenwe ke malwetsi ao a sa tlwaelegang mo lefelong la bone? (Bona gape lebokoso, mo go tsebe 11.)
5-7. Kgogodi ya AIDS e bontshitse jang gore malwetsi a masha, a a diphatsa a ka nna le tsela eo a amanang le madi ka yone?
Tsebe 12
1, 2. Ke ka ntlha yang fa go dirisiwa ga diteko go bona ditwantshi tsa megare ya AIDS go ntse go sa bolele gore madi ga a diphatsa?
3-5. Ke ka ntlha yang fa matshosetsi a megare ya AIDS e se one selo sa bofelo mo kgannyeng eno?
6, 7. Ke dilo dife tse bomankge ba tshwenyegileng ka tsone ka mo go utlwalang malebana le megare eo e nnang gone ka ntlha ya madi?
BEKE YA BORARO
Tsebe 13
1, 2. Ke mang yo o batlang tlhokomelo ya boleng jo bo kwa godimo, mme seno se kopanyeletsa eng?
3-5. O ka tshwantsha jang go bontsha gore go na le dilo tse dingwe tseo di ka dirisiwang mo boemong jwa ditshelo tsa madi?
6-8. Gantsi madi a ntse a tshelwa leng, mme ke ka ntlha yang fa go dira jalo go ne go se na motheo o o tlhomameng?
Tsebe 14
1. Ke eng seo se bontshang gore motho a ka kgona go tshela ka selekanyo se se kwa tlase ga se se tlwaelegileng sa hemoglobin?
2, 3. Fa motho a tswa madi ka bonako, ke eng seo se tlhokegang, mme go ka dirisanwa le bothata jono jang?
4. Ke ka ntlha yang fa diedi tseo e seng tsa madi tseo di dirisiwang go oketsa madi di dira sentle?
5. Dingaka di ka thusa jang molwetsi gore a kgone go dirisana sentle ka katlego le go latlhegelwa ke disele tse dikhibidu?
Tsebe 15
1. Ke eng seo se ka dirwang go dira gore disele tse dikhibidu di dirwe ka bonako?
2-4. Ka nako ya karo, go tswa ga madi go ka fokodiwa jang?
Tsebe 16
1-3. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore dikaro tse dikgolo di a kgonega kwantle ga go dirisa tshelo ya madi?
4-6. Ke karo efe e kgolo eo e kgonagalang kwantle ga go dirisa madi? (Bona tsebe 28, dirapa 2-4.)
Tsebe 17
1. Ke ditlamorago dife tse di leng molemo tseo di neng tsa bonwa mo karong ya pelo koo madi a neng a sa dirisiwa gone?
2-4. Balwetsi bao e leng Basupi ka bobone ba tlatseletsa jang go ditlamorago tse di molemolemo tseo gantsi di nnang gone mo karong eo go sa dirisiwang madi mo go yone?
BEKE YA BONÈ
Tsebe 17
5, 6. Tshekatsheko ya bodiphatsa le mesola ke eng, mme e dirisiwa jang?
Tsebe 19
1, 2. Molwetsi o na le seabe sefe mo tshekatshekong ya bodiphatsa le mesola?
3-5. Ke ka ntlha yang fa kalafi eo go dirisiwang madi mo go yone e tsenngwa ka tshwanelo fa o bapisa dikotsi le mesola? (Bona tsebe 31, dirapa 1, 2.)
6. Ke molaomotheo ofe wa semolao oo o tlhokomelang tshwanelo ya gago ya go itlhophela dikalafi? (Bona tsebe 30, dirapa 1-8.)
Tsebe 18 (Lebokose)
1-4. Balwetsi bao e leng Basupi ba dirang go golola ba lephata la kalafi mo matshwenyegong a semolao? (Bona tsebe 28, serapa 5.)
5-7. Ka ntlha ya seo Basupi ba tlileng go se dira go fedisa matshwenyego mangwe a semolao, ke ka ntlha yang fa go utlwala gore dingaka le dikokelo di dirisane mmogo?
Tsebe 20
1-3. Bangwe ba lephata la tsa kalafi ba ile ba arabela jang mo boemong joo Basupi ba bo tsayang?
4, 5. Go tla jang gore dikgotlatshekelo di kopanyelediwe mo dikgetsing dingwe tsa balwetsi bao eleng Basupi?
Tsebe 21
1, 2. Ke ka ntlha yang fa go ya kwa dikgotlatshekelong e se selo se se molemolemo sa go dirisana le dikgetse tseo di leng malebana le Basupi le madi?
3, 4. Ke ka mabaka afe go sa tshwanelang go ya kwa dikgotlatshekelong tota le e leng le fa molwetsi e le ngwana?
5, 6. Batsadi ba na le tshwanelo efe ya go tlhopha gore bana ba tlhokomelwe jang? (Bona tsebe 28, serapa 6, le tsebe 29, serapa 1.)
Tsebe 22
1-4. Go na le dilo dife tsa semolao tseo di bontshang gore batsadi ba tshwanetse go nna ba gololesegile go direla bana ba bone ditshwetso tsa gore ba alafiwe jang?
5. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba Basupi le lephata la tsa kalafi ba tshwanetse ba dirisana mmogo?
BEKE YA BOTLHANO
Tsebe 22
6, 7. Ke dintlha dife tsa konokono tseo o tshwanetseng wa di gakologelwa malebana le madi le kopo eo e dirwang ke Mosupi ya gore a alafiwe kwantle ga go dirisa madi?
Tsebe 23
1-3. Tota le e leng le fa batho bangwe ba swa ba ntse ba gana madi, ke eng seo re sa tshwanelang go se itlhokomolosa? (Bona tsebe 29, dirapa 2-5, le tsebe 31, dirapa 3-5.)
4, 5. Ke pono efe eo e leng ya mmatota malebana le loso le madi?
Tsebe 24
1, 2. Ke eng seo se tla re thusang gore re lemoge ka moo madi a bolokang botshelo ka gone ka mmatota?
3, ts. 25, ser. 1. Mo metlheng ya pele ga Bokeresete, Modimo o ne o leba madi jang, mme ka ntlha yang?
Tsebe 25
2, Madi a ne a kopanyelediwa jang mo Letsatsing la Tetlanyo, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra amega?
3, 4. Letsatsi la Tetlanyo le seabe sa ga Jesu di amana jang?
5, (a) Lebaka la konokono la go bo Bakeresete ba ithiba mo mading ke lefe? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go gatelela thata bodiphatsa jwa ditshelo tsa madi?
6, 7. (a) Madi a golagana jang le boemo jwa rona le Modimo? (b) Ke thuto efe eo re tshwanetseng ra e tlhaloganya jaaka eo e leng ya konokono mo tseleng eo re lebang madi ka yone?
8. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela ra re boemo jwa Basupi mo mading bo bontsha gore ba tlotla botshelo?
Tsebe 26
1, 2. Madi a kopanyelediwa jang mo isagweng ya rona e e sa khutleng?