Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa
BEKE E E SIMOLOLANG KA MARCH 4
Pina 4
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa mongwe le mongwe gore a simolole go ipaakanyetsa jaanong gore a nne gone kwa dikopanong tsa kgaolo tsa December. Bolela dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa mafelo beke ano.
17 mets: Molebedi wa tirelo o tlotla ka lekwalo la Mokgatlho la February 10, 1991, leo le leng malebana le letsatsi le le kgethegileng la dimakasine ka April 6. Bolela ka dithulaganyo tseo phuthego e di dirileng gore letsatsi leno le tshegediwe ka botlalo. Simolola ditiro tsa April ka tsela e e molemo. Kgothaletsa botlhe bao maemo a ba letlang gore ba kwadise jaaka babulatsela ba ba thusang. Itsise phuthego ka palo ya babulatsela ba ba thusang bao ba leng gone go tla go fitlha jaanong. Bolela ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo ya April yotlhe.
18 mets: “Go Neela Mafoko A A Molemo—Ka Buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Morago ga go tlotla ka serapa 4, dira gore go nne le pontsho e e baakanyeditsweng sentle eo e bontshang ka moo mmoledi a dirisang Setlhogo sa bosheng jaana sa Motlotlo ka gone mme morago ga moo a neele mong wa ntlo mpho ya buka. Bolela gore buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e tla ithutiwa mo thutong ya buka mo bekeng ya March 18. Kgothaletsa botlhe gore ba nne gone ka metlha. Dithuto tse di rulaganyeditsweng beke eno ga di dileele, mo go re nayang nako e e oketsegileng gore re tlotle ka tshedimosetso eno e e botlhokwa ka botlalo.
Pina 6 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA BEKE YA MARCH 11
Pina 87
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le dipego tsa madi. Kopanyeletsa le kitsiso ya gore madi a amogetswe ebile a a lebogelwa. Gakolola botlhe gore Segopotso se tla bo se le ka Matlhatso mo maitseboeng, March 30. Bolela nako le lefelo. Botsa phuthego gore ba rulaganyetsa jang go laletsa ba basha gore ba nne gone kwa Segopotsong, mme o dire pontsho ya ka moo seno se ka dirwang ka gone. Gakolola phuthego gore dipampitshana tsa taletso di gone.
15 mets. “Go Baka Jehofa ka Pina.” Puo e e kgothatsang e e theilweng mo setlhogong seno. Dirisa dipina tse di leng mo thulaganyong ya mo maitseboeng ano go bontsha dintlha tse di bolelwang mo setlhogong seno. Bolela dithulaganyo tsa phuthego tsa gore go ithutiwe dipina.
20 mets. “Letsatsi Le Le Botlhokwa go a Gaisa Otlhe ka 1991.” Dipotso le dikarabo. E neelwe ka tsela e e itumedisang le e e matlhagatlhaga go kgothalediwa phuthego gore e nne le moya wa letsatsi le le botlhokwatlhokwa mo ngwageng. Tlotlomatsa kafa go leng botlhokwa ka gone gore go dirwe dithulaganyo tse di molemo tsa gore go latelelwe kgatlhego eo e bontshitsweng ke batho ba ba nnang gone kwa Segopotsong lekgetlho la ntlha.
Pina 129 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA MARCH 18
Pina 135
12 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Dikgang tsa Bolegodimo. Umaka dithulaganyo tsa tirelo, mme o tlotle ka dintlhakgolo tsa dimakasine tsa bosheng jaana tseo di ka nnang tsa dirisiwa mo tirelong ya dimakasine. Maitemogelo mo go neeleng mpho ya bosheng a ka nna a bolelwa. Kgothaletsang tiro ya bobulatsela jo bo thusang ka April.
18 mets: Baakanyetsa Diketapele Tse Di Nang le Matswela. Mogolwane yo o nang le bokgoni mo bodiheding jwa tshimo o thusa baboledi gore ba baakanyetse diketapele tseo di ka nnang molemo mo tshimong ya lefelo la lona. Thaya dikakantsho tsa gago mo ditsebeng 9-15 tsa buka ya Go Fetolana. Tlotla ka diketapele di le pedi kana di le tharo tseo di ka nnang tsa dirisiwa mo Setlhogong sa Motlotlo sa bosheng jaana kana setlhogo sepe se sengwe se se mo nakong. Dira gore baboledi ba le babedi ba ba nang le maitemogelo ba bontshe ditsela di le pedi tsa go bolela ka ntlo le ntlo. Fa nako e letla, bolela ka maitemogelo a lefelo la lona ka bokhutshwane ao a bontshang kafa diketapele tse di ngokang kgatlhego ya mong wa ntlo di leng botlhokwa ka gone.
15 mets: Puo eo eleng malebana le ka moo go leng botlhokwa ka gone gore go balwe dikwalo tse di leng malebana le Segopotso tseo di thathamisitsweng go 1991 Calendar ya March 25-30. Malapa a ka nna a eletsa go e bala mmogo mme ba tlotla kaga kafa tiragalo eo eleng botlhokwa ka gone. Go ka nna ga bo go le molemo go bala dintlha tse di leng kafa tlase ga “Lord’s Evening Meal” go Insight, Bolumo 2, ditsebe 268-71. Go ipaakanyetsa gono go ka nna ga nonotsha tsela eo o anaanelang ka gone Segopotso mme ga dira gore malapa a nne a a atamalaneng mo sebofong seno sa kobamelo ya boammaaruri.
Pina 126 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA MARCH 25
Pina 168
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Bolela ka dithulaganyo tsa Segopotso. Gakolola bareetsi gore ba lere malapa a bone le batho ba ba kgatlhegang kwa Holong ya Bogosi e santse e le nako ka mo go kgonegang ka gone e le gore ba tle ba kgone go nna fa fatshe. Koo diphuthego di le pedi kana go feta di nnang le Segopotso mo holong e le nngwe fela, bagolwane ba tshwanetse ba neela kaelo malebana le gore phuthego nngwe le nngwe e tshwanetse ya fitlha leng. Itsise bakaulengwe ka batho bangwe ba basha mme o dire gore ba tlwaelane le Holo ya Bogosi fa e le gore ke lekgetlo la ntlha ba le gone koo. Itsise ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo ka Matlhatso le Sontaga, o kgothaletsa botlhe gore ba nne le mafelobeke a a feletseng ba dira dilo tsa semoya.
15 mets: “Go Direla Koo Tlhokafalo Eleng Kgolwane Gone.” Mogolwane yo o nang le maitemogelo o tlotla ka setlhogo seno ka tsela e e matlhagatlhaga. O kgothaletsa botlhe bao maemo a ba letlang gore ba sekaseke ka thapelo gore a ba ka arabela pitso eno.
20 mets: “Go Dira Botswelelopele mo Bodiheding.” Motlotlo wa mogolwane yo o nang le maitemogelo le mokaulengwe yo o tshwantshetsang motho yo o nang le sebaka se seleele a le mo boammaaruring mme a sa dire botswelelopele. A ba bontshe ka bokhutshwanyane ka moo ba baakanyetsang ka gone jaaka fa go bontshiwa mo serapeng sa 3. Fa ba tlotla serapa 4, dira gore mmulatsela kana mmoledi mongwe yo o nang le boitemogelo a bontshe mmoledi yo o senang maitemogelo ka moo a ka lebanang ka gone le maemo ao go lebanwang le one gangwe le gape mo tshimong ya lefelo la lona le ka moo o ka dirisanang le one ka gone. Mo motlotlong ono kopanyeletsa dikakantsho tse di leng go Tora ya Tebelo ya August 1, 1985, ditsebe 15-20, malebana le go fitlhelela dipelo. Konela karolo eno ka go kgothaletsa botlhe gore ba dire dithulaganyo tse di tlhomameng tsa gore ba tokafatse mo go tlotleng le batho le gore ba boele kwa go bontshitsweng kgatlhego gone.
Pina 123 le thapelo e e konelang.