Simololang Dipokano ka Nako Lo bo Lo di Konele ka Nako
1 Dipokano tsotlhe tsa phuthego, go akaretsa le dipokano tsa tirelo ya tshimo, di tshwanetse tsa simololwa ka nako tsa bo tsa konelwa ka nako. Ka ntlha yang? Go tshwara nako go bontsha gore o dira dilo ka thulaganyo ebile go bontsha le gore o akanyetsa botlhe bao ba leng gone le go nna le seabe mo dipokanong. (Mor. 3:17b; 1 Bakor. 14:33) Re ka bontsha kafa re amegileng ka gone ka go tshwarelela mo dikaelong tse di latelang gore re tlhomamise gore dipokano di simolola ka nako di bo di fela ka nako.
2 Ka metlha re tshwanetse ra leka go fitlha kwa pokanong go santse go le gale gore re kgone go kopana le ba bangwe, re tlhokomele dilo tse dingwe tse di tlhokang go tlhokomelwa, mme re nne le seabe mo pineng e e simololang le thapelo. Ka kakaretso, go dirisiwa metsotso e le metlhano go opela pina le go rapela. Bao ba emelang phuthego ka thapelo ba tshwanetse ba gakologelwa boikaelelo jwa pokano eo mme ba dire gore seno se bonale mo mafokong a bone mo dithapelong tse di simololang le tse di konelang. Dithapelo tseno ga go tlhokege gore di nne dileele.
3 Pokano ya Phatlalatsa: Dipuo tsa phatlalatsa di neelwa metsotso e le 45. Fa go fetiwa nako eo e beilweng seno se ama Thuto ya Tora ya Tebelo e e latelang. Dipokano tse pedi tseno, go akaretsa dipina le dithapelo, di tshwanetse tsa konelwa mo diureng di le pedi. Dibui tsa phatlalatsa di tshwanetse tsa kgomarela nako eo e bontshitsweng mo thulaganyong ya Mokgatlho mme di se ka tsa kopanyeletsa mo puong ya tsone dilo tse dingwe tse di oketsegileng, tse di ntseng jaaka ditumediso. Fa sebui se sa tlwaelana le lefelo leo Holo ya Bogosi e leng mo go lone, o tshwanetse a botsa mo phuthegong eo a yang kwa go yone gore e mo kaele e bo e mmolelele nako eo go lekanyediwang gore a ka e tsaya go ya go fitlha koo.
4 Thuto ya “Tora ya Tebelo”: Thuto ya Tora ya Tebelo e tshwarwa ura e le nngwe, go badilwe dirapa tsotlhe le dipotso tsa poeletso. Dikakgelo tse dikhutshwane, tse di opang kgomo lonaka tse di simololang tsa motshwari wa thuto di tshwanetse tsa tsosa kgatlhego mme tsa gogela kwa go seo se tlileng go ithutiwa. Dikakgelo tsa gagwe le dintlha tseo a di lemogileng mo thutong di tshwanetse tsa nna dikhutshwane. Fa a rulaganya dintlha tsa gagwe go ya ka nako seno se tla thusa motshwari wa thuto gore a tile go senya nako e ntsi mo karolong ya ntlha ya thuto mme a bo a feleletsa karolo e nngwe ka lepotlapotla.
5 Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo: Eno ke pokano e e tsayang metsotso e le 45. Lemororo puo ya tao le dintlhakgolo tsa mmalo wa Bibela di sa emisiwe fa nako e tsamaile, bakaulengwe ba ba abetsweng dikarolo tseno ba tshwanetse ba dirisa fela nako eo ba e neilweng. Fa ba sa dire jalo, ba tshwanetse ba kgalemelwa kwa thoko. Gape, kgakololo le dikakgelo tseo di neelwang ke molebedi wa sekolo di tshwanetse tsa neelwa ka nako e e beilweng. Nako e ka bolokwa fa baithuti botlhe ba dutse gaufi le serala le fa mongwe le mongwe a konela puo ya gagwe ka bonako fa nako e a e neilweng e fela.—Bona Thulaganyo ya 1991 ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo.
6 Pokano ya Tirelo: Eno le yone ke pokano ya metsotso e le 45. Thulaganyo yotlhe ya yone mmogo le Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo le dipina le dithapelo, ga di a tshwanela go feta ura le metsotso e le masome a mane le botlhano. Bakaulengwe ba ba nang le dikarolo mo Pokanong ya Tirelo ba tshwanetse ba tshwarelela mo nakong eo ba e neetsweng. Dikarolo tse di neelwang ka dipotso le dikarabo di tshwanetswe tsa direlwa fela ketapele e khutshwanyane. Ga go tlhokege gore o oketse tshedimosetso e ntsi thata ya ketapele. Dipontsho di tshwanetse tsa bo di baakanyeditswe sentle, le bao ba nnang le seabe mo go tsone ba tshwanetse ba bo ba ipaakantse ebile ba le mo lefelong le le tshwanetseng e le gore ba tle ba dirise nako eo e neetsweng karolo eo ka tsela e e molemo.
7 Thuto ya Buka ya Phuthego: Eno ke pokano e e tsayang ura e le nngwe, go akaretsa le thapelo e e simololang le e e konelang. Go tshwanetse ga balwa dirapa tsotlhe. Go tlhomamisa gore lo konela pokano eno ka nako, motshwari wa thuto o tla rulaganya dintlha tsa gagwe jaana gore a se ka a tshwara dintlha tsa bofelo ka lepotlapotla kana gore a se ka a fetsa pele ga nako thata. Motshwari wa thuto o tshwanetse a bo a kgona go lemoga gore go tshwanetse ga dirisiwa nako e e kana kang mo serapeng sengwe le sengwe. Dintlha tsa konokono di tshwanetse tsa bo di tlhaloganngwa sentle. Mokgwa wa motshwari wa thuto wa go ruta o tla mo kgonisa gore a lebane le kgwetlho nngwe le nngwe mo ntlheng eno.—Tito 1:9.
8 Dipokano tsa Tirelo ya Tshimo: Tsone ga di a tshwanela go tsaya metsotso e e fetang e le 15, go akaretsa le go dira dikabelo tsa tshimo le go konela ka thapelo. Bao ba yang kwa tshimong ba batla go simolola tirelo ya bone ya tshimo ka bonako jo bo kgonegang. Motshwari wa pokano eno o tla simolola pokano eno ka nako, a sa senye nako go fitlhelela setlhopha se nna segolwane. Gape, fa go setswe go dirilwe dikabelo tsa tshimo ebile pokano e konetswe ka thapelo, setlhopa se ka nna sa tsamaya ka bonako go ya kwa tshimong. Seno se botlhokwa thatathata mo babulatseleng bao ba leng gone.
9 Rotlhe re ka kgona go solegelwa molemo mo dipokanong tse di simololang ka nako di bo di konelwa ka nako. Seno se itumelelwa segolobogolo ke bao ba nang le balekane ba ba sa dumelang bao ba lebeletseng gore ba bo ba le gone mo gae ka nako e e rileng. Fa ba rulaganyetsa sepalangwa sa go ya kwa dipokanong le go boa le fa ba bolela nako eo ba tla boelang gae ka yone, bao ba tswang mo malapeng a a kgaoganeng ba tla bo ba dira sentle fa ba akanyetsa nako eo ba tla e tlhokang pele ga dipokano le morago ga tsone ya go kopana le bakaulengwe, go reka dibuka, le tse dingwe. Kwantle ga pelaelo, go simolola dipokano ka nako le go di konela ka nako go tlatseletsa mo go direng dilo “sentlè hèla, le ka thulaganyō.”—1 Bakor. 14:40.