LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/91 ts. 1-2
  • Ikatiseng ka Poifomodimo Jaaka fa Keresete A ne A Dira

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ikatiseng ka Poifomodimo Jaaka fa Keresete A ne A Dira
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • NNANG BATHO BA BA TLHAGAFETSENG LE BA BA PELOKGALE
  • POIFOMODIMO, KE TSELA YA RONA YA BOTSHELO
  • Latela Sekao sa ga Jesu sa Poifomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Mo Boitshokong jwa Lona Lo Tsenye Poifomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Mo Boitshokong Jwa Lona, Tsenyang Boineelo Jwa Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Lo A Amogelwa mo Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Poihō Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 6/91 ts. 1-2

Ikatiseng ka Poifomodimo Jaaka fa Keresete A ne A Dira

1 Lefoko la Bibela le le reng “poifomodimo” le bua ka tsela eo re boifang Jehofa Modimo thata ka yone le tirelo eo re e mo direlang ka boikanyego. Sekai se se kwa pelepele sa poifomodimo ke Morena wa rona ebong Jesu Keresete.

2 Jesu o ne a itshupa e le motho yo o nang le poifomodimo e e feletseng, ka tsela eo a neng a tshela ka yone mo lefatsheng. Ka gone, re dira sentle fa re sekaseka dilo dingwe ka botshelo jwa gagwe, segolobogolo jaaka fa di amana le seabe sa gagwe jaaka mmueledi yo mogolo wa ga Jehofa Modimo.

NNANG BATHO BA BA TLHAGAFETSENG LE BA BA PELOKGALE

3 Jesu o ne a tlhagafetse mo go boleleng seo Isaia 61:2 e se tlhalosang jaaka “ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa.” Re tshwanetse go latela sekao sa ga Jesu ka go nna le seabe ka botlhaga mo tirong eno e e bolokang matshelo mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Gape re tshwanetse ra nna pelokgale fela jaaka Jesu. Ka ntlha yang? Ka gonne molaetsa wa Bogosi oo re o bolelang o maatla ebile ba bangwe ga ba o rate, segolobogolo fa re bua ka letsatsi la ipusolosetso ya ga Jehofa.

4 Re tlhoka moya wa ga Jehofa le kaelo ya gagwe go re thusa gore re bue ka bopelokgale le go bontsha poifomodimo. Jesu o ne a bolela jaana mo go Luke 4:18: “Mōea oa ga Yehofa o mo go nna.” Ka moya wa ga Jehofa le tshegofatso ya gagwe, le rona re ka kgona go supa poifomodimo mme ra itumedisa Jehofa. Go ikatisa ka sengwe go bolela go nna o se dira ka metlha. Go bolela gore sengwe se fetogile tsela eo re dirang dilo ka yone mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Poifomodimo e tshwanetse ya nna tsela ya botshelo mo batlhankeng ba Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Me ke gōna, leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo.”—1 Bakor. 10:31.

POIFOMODIMO, KE TSELA YA RONA YA BOTSHELO

5 Ga re a tshwanela go tlodisa matlho ka moo go tlhokegang ka gone gore re etse Keresete ka go dirisa ditshono tsa go abelana le ba bangwe mafoko a a molemo ka tsela e e molemo. Jaaka fa re dira selo seno mo kgweding ya June, go akantshiwa gore re tsamaise buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo.

6 Fa re ntse re tsweletse ka bodihedi jwa rona, batho bangwe ba tla ipolela gore ke maloko a ditlhopha dingwe tse dikgolo tsa bodumedi. Re ka nna ra bontsha fa re lemoga seno mme, gongwe, re bolele jaana: “Go a kgatlhisa go kopana le batho ba ditumelo tse di farologaneng. Motho o ne a tsaya matsapa a go batla Modimo ka ditsela tse di farologaneng. [Fa go tshwanela go dira jalo jaanong, o ka nna wa mmontsha Ditihō 17:26, 27.] A ga o dumalane gore ka kakaretso fela batho ba latela bodumedi jwa batsadi ba bone, mo boemong jwa gore ba ipatlele Modimo ka bobone? Ka mafoko a mangwe, ba ne ba tsalelwa mo bodumeding jo bo rileng. Eo ke ntlha eo go buiwang ka yone mo kgaolong ya ntlha ya buka eno e e reng Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo. [Mmontshe tsebe 8, serapa 12.] Go ithuta ka mo go oketsegileng ka ditumelo tse dingwe go a sedifatsa ebile go a ruta. Buka eno e tlhalosa tsela eo ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe di simologileng ka yone, tsela eo a dirang dilo ka yone, le seo di se rutang.”

7 Tsela e re tshelang ka yone ga e akaretse fela gore re bolele letsatsi la ga Jehofa la ipusolosetso le ngwaga o o lebosegang mme gape e akaretsa go bontsha poifomodimo mo matshelong a rona ka namana le mo matshelong a malapa a rona. Re tshwanetse ra etsa Jesu, re rute ba bangwe se poifomodimo tota e leng sone ka go tlhoma sekao. Go latela sekao sa ga Keresete sa poifomodimo go re thusa gore re leke ka metlha go nna le boikutlo jo bo siameng mo go sengwe le sengwe seo re se dirang, re baka Jehofa ebile re itshupa gore re batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ekete go supa ga rona poifomodimo go ka re thusa gore re thuse ba bangwe fa ba ntse ba batla Modimo mme re kaele batho ba ba pelo di ikanyegang gore ba itse Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela