Dikitsiso
● Mpho ya buka ya August: Epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tseo di nang le ditsebe di le 32 ka moneelo wa disente di le 75 e le nngwe: A O Tshwanetse wa Dumela Tharonngwe?, Leina La Modimo Leo le Tla Nnelang Ruri, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” le Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R7,50. October: Dipeeletso tsa Tsogang! kana Tora ya Tebelo kana dimakasine tseno ka bobedi ka moneelo wa R16,00 nngwe le nngwe mo ditokololong tse di tlang gabedi ka kgwedi. Dipeeletso tsa ngwaga o le mongwe tsa ditokololo tse di tlang gangwe fela ka kgwedi le tsa dikgwedi tse thataro tsa ditokololo tse di tlang gabedi ka kgwedi ke R8,00. November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo kana ke la Batho?
● Botlhe bao ba kopanelang le phuthego nngwe ba tshwanetse ba ntšhafatsa dipeeletso tsa bone tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka phuthego. Mokaulengwe yo o berekanang le dipeeletso o tshwanetse a tlhomamisa gore dipeeletso di romelwa kwa Mokgatlhong ka metlha beke le beke. Go ka thusa fa dikopo tsotlhe tsa dibuka le dilo tse dingwe di ka dirwa ka phuthego go na le gore di romelwe kwa Mokgatlhong ke motho ka bongwe.
● Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go kopa 1992 Calendar of Jehovah’s Witnesses fa di dira kopo ya tsone ya dibuka ka September. Khalendara eno e ntšha e tla bo e kgatlhisa ka mo go kgethegileng ebile e ruta, e kopanya ditshwantsho tsa Lefatshe la Tsholofetso le ditshwantsho tse di itiretsweng tsa ditiragalo tse di amanang le lone tsa Bibela. Ditshwantsho mmogo le ditiragalo di tla bo di na le bokao jo bogolwane mo go rona. 1992 Calendar of Jehovah’s Witnesses e tla bo e le gone ka Seburu, Setšhaena, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Segerika, Setadiana, Sepotokise, Sesotho, Sexhosa, le Sezulu.
● Phuthego nngwe le nngwe e tla amogela diforomo tsa “Literature Inventory” di le tharo mme diphuthego di tshwanetse tsa bala palo ya dibuka tsa tlhabano. Tsweetswee tlatsang diforomo tseno ka botlalo, mme lo re romelele original eseng morago ga September 6, 1991. Bolokang sekaelo sa carbon mo difaeleng tsa lona. Re lo romelela sekaelo sa boraro gore lo berekele mo go sone.
● Dibuka Tse Disha Tse Di Gone:
“All Scripture Is Inspired of God and Beneficial,” Kgatiso ya 1990 (phuthego le batho botlhe: R8,00; babulatsela: R5,20)—Setswana, Sexhosa
● Tse Di Gone Gape mo Afrika Borwa:
“All Scripture Is Inspired of God and Beneficial,” Kgatiso ya 1990—Sejeremane