Thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego
Karolo 2: Botlhokwa Jwa go Baakanyetsa le go Tsaya Karolo
1 Lefoko la ga Jehofa le bitsa motho yo o bonang botlhale a bo a nna le temogo le re o lesego, ka gonne tuelo ya gone e kgolo. (Dia. 3:13, 14, 16-18) Botlhale jwa semoya bo tlhwatlhwakgolo ebile bo boloka botshelo. Bo dira gore Mokeresete a kgone go dirisa kitso eo a e bapalang mo Lefokong la Modimo gore e mo solegele molemo mo kobamelong, mo go rarabololeng mathata a letsatsi le letsatsi, le mo go direng diphetso tse di malebana le mekgele ya gagwe mo botshelong.
2 Thuto ya Buka ya Phuthego e diretswe go re thusa go ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo mme ka jalo re gole ka botlhale le ka go tlhaloganya dilo tsa semoya. Ka jalo, go nna gone ka metlha mo Thutong ya Buka ya Phuthego e tshwanetse ya nna karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya rona ya motho ka namana ya go bapala botlhale.—Dia. 4:7-9.
BAAKANYETSA KA BOTLALO
3 Bangwe ba batho bao ba neng ba kopanela le phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa dire ka natla go ithuta boammaaruri le go tsamaisana le lesedi le le neng le ntse le oketsega. Ba ne ba sala e ntse e le bana mo go Keresete mme ka jalo ba ne ba sa tlwaelana le lefoko la tshiamo. (Baheb. 5:11-13) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa phuthego gore ‘e gagamalele kwa boitekanelong.’ (Baheb. 6:1) Ka phepafalo, seno se tlhoka se se fetang go reetsa fa ba bangwe ba tlotla kaga boammaaruri fela. Go tlhokega go akanya le go batlisisa e le gore re tlhagafatse “megopolo ya rona e e phepafetseng,” mme re tshwanetse ra iteka ka natla.—2 Pet. 3:1, 2, NW; Luke 13:24.
4 Go baakanyetsa Thuto ya Buka ya Phuthego ka botlalo go oketsa kutlwisiso ya rona le go dira gore re anaanele tshedimosetso e e neelwang. Lefa go ntse jalo, go baakanyetsa go go nang le matswela go tlhoka se se fetang go bala dirapa le go thalela dikarabo tsa konokono tsa dipotso ka bofefo fela. Re tlhoka nako gore re ipelele tshedimosetso ka go tlhatlhanya ka bokao jwa yone le botlhokwa jwa yone mo go rona motho ka namana. Leba ditemana tse di kwadilweng mme o akanye ka gore di amana jang le dintlha tse di mo dirapeng. Batlisisa mafoko a o sa a tlhaloganyeng ka botlalo.
5 Mo go bangwe ba rona, thuto ya motho ka namana e ka nna ya bo e le tiro e e bokete, mme ebile e tsaya nako; mme lefa go ntse jalo, abo e le mosola jang ne! Paulo o ne a bontsha diphelelo tsa thuto e e ntseng jalo e e tseneletseng, a re: “Me diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ, eboñ bōnè ba ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.” (Baheb. 5:14) Thuto e e ntseng jalo ya motho ka namana e re thusa gore re golele kwa bogoding, e le gore re tle re kgone go tlhaola tsela e e tshwanetseng fa re lebanwe ke go dira ditshwetso.
TSAYA KAROLO
6 Re tshwanetse ra leka go tsaya karolo mo pokanong nngwe le nngwe. Ka ntlha yang? Ga se fela gore dikakgelo tsa rona tse di baakanyeditsweng sentle di bontsha tumelo ya rona mme gape di kgothatsa di be di agelele bakaulengwe ba rona. (Bar. 10:10; Baheb. 10:23-25) Go tsaya karolo ka tlhagafalo mo Thutong ya Buka ya Phuthego gape go na le seabe sa botlhokwa mo kgolong ya rona ya semoya. Fa batho ba ba nang le maitemogelo, bana, le botlhe bao ba sa tswang go kgatlhegela bosheng botlhe ba akgela ka tshosologo setlhopha se ipelela dikakgelo tse di farologaneng. Seno se a ruta ebile se a lapolosa mo go botlhe.—kmTN 3/86 ts. 3.
7 Fa re baakanyetsa Thuto ya Buka ya Phuthego ka tlhagafalo, re nna gone ka metlha, re bo re tsaya karolo ka tshosologo, matsapa a re a tsayang go batla botlhale a tla atlega mme re tla “bōna kicō ea Modimo.”—Dia. 2:4, 5.