Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ka December: Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela ka moneelo wa R8,00. January le February: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R2,60. March: Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! ka moneelo wa R8,00.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe fela yo o tlhomilweng ke ene o tshwanetse gore a sekaseke diakhaonto tsa phuthego ka December 1 kana ka bonako fela morago ga foo.
◼ Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go rulaganyetsa gore “Di-Medical Document” le “Di-Identity Card” tse disha di abiwe fa Pokano ya boraro ya Tirelo e simolola ka January. Mokaulengwe yo o neelang dikitsiso tsa lefelo la lona a ka nna a ntsha dikgakololo tse dikhutshwane malebana le kafa di dirisiwang ka gone jaaka fa go tlhalositswe mo lekwalong la January 1, 1990. Ngaparetsang lekwalo leno mo lemating la dikitsiso ka lobaka lwa beke kana tse pedi mme morago ga moo lo bo lo le busetse gape mo faeleng ya phuthego gore lo tle lo dirisiwe gape mo isagweng. Bakaulengwe ba kgothalediwa go tlatsa dikarata tseno ka bonako, le go di saena ka tsela e e tshwanetseng, le go dira gore di saeniwe ke basupi le gore di kwalwe letlha leo di tladitsweng ka lone kwa Pokanong ya Tirelo. Eno ke thulaganyo ya ngwaga le ngwaga ebile balebedi ba ba okamelang ba tshwanetse go tlhomamisa gore bagolwane ba latedisa go bona gore a seno se dirilwe morago ga dipokano.
◼ Fa e le gore o ya malatsing a boikhutso ka December, tlhomamisega gore o ise pego ya gago pele o tsamaya kana o e pose. E posetse kwa phuthegong go santse go na le nako go seng jalo ga o kitla o balwa jaaka mmoledi wa Bogosi wa kgwedi eno.
◼ Segopotso sa ngwaga wa 1993 se tla bo se le ka Labobedi, April 6, morago ga fa letsatsi le sena go phirima. Kitsiso e e dirwang go sale gale eno e leng ya letlha la go ketekwa ga moletlo wa Segopotso sa ngwaga wa 1993 e neelwa jaana gore bakaulengwe ba tle ba dire dithulaganyo tse di tlhokegang kana gore ba hire diholo dingwe tse di leng gone fa e le gore go na le diphuthego di le dintsi thata tseo di dirisang Holo e le nngwe fela ya Bogosi mme ba tlhoka mafelo a mangwe a ba ka se tshwarelang kwa go one.
◼ Jaanong diphuthego di ka nna tsa otora temana ya ngwaga le ngwaga ya 1992, eo e jang R12,00 e le nngwe ka Seburu, Seesemane, Sesotho, Sexhosa, le Sezulu. Madi a yone a tla gogiwa mo akhaontong ya dibuka. Diphuthego tseo di nang le ditlhaelo mo akhaontong ya tsone ya dibuka di tshwanetse tsa romela kheshe le otoro ya tsone.
◼ Diphuthego tsotlhe di kopiwa gore di pege temana e ntšha ya ngwaga ka January 1, 1992.
◼ Ereka monongwaga kopano e tlile go tshwarwa ka Labotlhano, Matlhatso, le Sontaga, Thuto ya ka metlha ya Buka ya Phuthego e tla tshwarwa mo bekeng ya kopano.
◼ Diphuthego tseo di duelang ka tšheke di tshwanetse go tlhomamisa gore ditšheke TSOTLHE di SEGIWE METHALO E MEBEDI sentle go bo go kwadiwa mafoko “NOT NEGOTIABLE” fa gare ga methalo e mebedi e e bapileng eo. Mafoko “or Bearer” le one a tshwanetse go segwa mola fa godimo. Ditšheke tseo di sa saeniwang ka mokgwa ono ga di ka ke tsa bolokiwa mo bankeng ebile di tla busediwa morago kwa mothong yo o di rometseng.
◼ DIKOPANO TSA KGAOLO: TSWEETSWEE ELANG TLHOKO LETLHA LE LE LATELANG:
December 20-22: MAFIKENG, The Great Hall, ya Yunibesithi ya Bophuthatswana kwa Mmabatho.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di Leng Gone:
Searabia: Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo (Phuthego le batho: R4,00; babulatsela: R2,00). Kwangali: Puso Eo e tla Tlisang Paradaise (phuthego le batho: disente di le 80; babulatsela disente di le 40).