Poeletso ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo
Poeletso ya dibuka di tswetswe ya dintlha tseo di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo tsa dibeke tsa September 2 go ya go December 23, 1991. Dirisa pampiri e nngwe kwa thoko go kwalela dikarabo tsa dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo go yone ka nako eo e beilweng.
[Tlhokomediso: Ka nako ya fa go kwalwa poeletso eno, ke Bibela fela eo e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Ditshupiso tseo di latelang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Dinomoro tsa tsebe le tsa serapa di ka nna tsa se tlhagelele mo ditshupisong tsotlhe tsa Tora ya Tebelo.]
Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:
1. Moshe o ne a amogelwa jaaka mokwadi wa Dibuka tse Tlhano e seng fela ke Bajuda mme gape le ke bakwadi ba bogologolo, bangwe ba bao e neng e le baba ba Bajuda. [siTN ts. 338 ser. 5]
2. Go bonala sentle gore Shekeme o ne a betelela Dina. (Gen. 34:1-3) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN85 6/15 ts. 31.]
3. Pego e e mo go Genesise 38:8-10 malebana le go tsholola peo ga ga Onane e bontsha gore go dirisiwa ga dithibela pelegi go phoso. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN74 ts. 167.]
4. Le mororo Juda a ile a se ka a dira sentle ka go tlhakanela dikobo le mosadi yo a neng a gopola gore ke seaka, mme gone ga a ka a tlola taolo e e rileng go tswa mo molaong wa Modimo. (Gen. 38:11-18) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona w73 ts. 384.]
5. Basupi ba ga Jehofa ka tshwanelo ba ema ka dinao kana go oba tlhogo kana esita le go ikobela mmusi ka ntlha ya go tlhompha kana go tlotla boemo jwa gagwe fa e le gore seno ke mokgwa wa mo nageng eno. (Gen. 44:14) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN75 ts. 71.]
6. Fa Moshe a sena go fetola metsi otlhe a Egepeto go nna madi, baperesiti ba Egepeto ba ne ba etsa tiro eno mme gongwe ba ne ba dirisa metsi a didiba go dira maselamose a bone. (Ekes. 7:19-24) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN83 12/1 ts. 26.]
7. Lesedi la Shekina le ne le bonala mo Boitshepong jwa Maitshepo jwa letlole le jwa tempele ya ga Solomone ka bobedi jwa tsone. (Bapisa Ekesodo 25:21, 22.) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona w66 ts. 543.]
8. “Molato” o lebisitse go mmè fela. (Ekes. 21:23) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona w77 dits. 479-80.]
Araba dipotso tse di latelang:
9. Diphetolelo di le dintsi tsa Bibela di na le diphoso dife? [siTN ts. 324 ser. 17]
10. Fa baranodi ba Bibela ba tlogela go ranola lefoko ka lefoko mme ba ranola ka tsela eo ba tsayang gore ke botswerere le mokgwa wa puo, seno se felela ka eng? [siTN ts. 326 ser. 34]
11. Ke eng seo ka tsela e e tlhomologileng se bontshang gore Bibela e boammaaruri? [siTN ts. 342 ser. 25]
12. Ke ka ntlha yang fa Ragele a ne a iketleeditse go neela Lea tshono ya gore a ime a e ananya ka maungo a a imisang, jaaka go boletswe go Genesise 30:14, 15, NW? [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona w67 ts. 320.]
13. Genesise 39:9 e bontsha jang gore go ruta bana Lefoko la Modimo go tla ba solegela molemo mo botshelong jwa bone moragonyana? [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN74 11/1 ts. 247 dira. 17,18.]
14. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a dira gore Moshe a kope tetla mo go Faro gore ba tsamaye loeto lwa malatsi a le mararo mo nageng, e re ka A ne a ikaeletse gore Baiseraele ba tswele ruri mo Egepeto? (Ekes. 3:18) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN83 5/1 ts. 3.]
15. A lebaka la go bo leina la motho le kwadilwe mo ‘lekwalong la botshelo’ la Modimo le tlhomamisa gore o tla bona botshelo jo bo sa khutleng? (Ekes. 32:32, 33) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN87 9/1 ts. 29]
16. Re ka tlhalosa jang gore “Yehofa o na a tle a bue le Moshe, go lebanywe ka dihatlhōgō”? (Ekes. 33:11) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona w70 ts. 320.]
Tsenya lefoko kana polelwana e e tlhokegang go feleletsa polelo nngwe le nngwe ya tse di latelang:
17. Go ya ka moithutamarope mongwe, lefelo leo diteme di ileng tsa anama go tloga mo go lone e ne e le ․․․․․․․. [siTN ts. 340 ser. 13]
18. Lebaka le le lengwe fela la tlhalo le le gololang batho go ka nyala gape ke ․․․․․․․. [peTN kga. 29 ser. 28]
19. Leina Shilo le raya ․․․․․․․ mme ka mokgwa wa polelelopele le ne le lebisitse go ․․․․․․․. (Gen. 49:10) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona reTN dits. 83-4.]
20. Kgolagano ․․․․․․․ e thusa mo go bopiweng ga ‘bogosi jwa boperesiti le morafe o o boitshepo.’ (Ekes. 19:6) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN89 2/1 dits. 18-19.]
Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang:
21. (Gogoropo ya ga Tito; mokwalo wa ga Ponto Pilato; Areopago) e sa ntse e le gone kwa Athena, seo se tlhomamisang go nna gone ga lefelo leo go buiwang ka lone go Ditihō 17:16-34. [siTN ts. 336 ser. 19]
22. Dipatlisiso tsa segompieno tsa kalafi tseo di bontshang gore go galefa go ka ama kgatelelo ya madi ga bo ga tsosa matlhoko a pelo, go opiwa ke tlhogo, go tswa mokola, tsibikelo, le go swa lentswe di dumalana le (Diane 14:30; Yobe 19:20; Pesalema 12:3). [siTN ts. 340 ser. 15]
23. Polelwana “fa gare ga maitseboa a mabedi” e lebisitse go go tloga mo (tshokologong go fitlha letsatsi le phirima; phirimong ya letsatsi go fitlhela go le lefifi; maitseboeng a letsatsi la khalendara go ya go maitseboa a le lengwe). (Ekes. 12:6, NW) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona w73 ts. 175.]
24. Se se tlhalosiwang go Ekesodo 40:34 e ne e le (bosupi jwa gore Jehofa o ne a amogela motlaagana; segopodiso sa gore Jehofa o ne a ka se ke a bonwe; sesupo sa metlha e e letobo e e tlang). [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona hs ts. 71 ser. 30.]
Tsenya dikwalo tse di latelang fa di tshwanetseng teng mo dipolelong tse di kwadiIweng fa tlase tseno:
Ekes. 14:21; Dute. 23:9-14; Pes. 19:7-10; Pes. 77:11, 12
25. Kgakololo ya Bibela kaga boitekanelo e a utlwala kafa go tsa kalafi. [siTN ts. 340 ser. 17]
26. Dafide o ne a bontsha gore o anaanela botlhale jwa Modimo go tswa pelong. [siTN ts. 350 ser. 7]
27. E le gore re solegelwe molemo ke Dikwalo, re tshwanetse ra tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo ka metlha. [siTN ts. 351 ser. 12]
28. Le mororo go newa ditlhaloso tseo di lebegang di le boammaaruri, eno kwantle ga pelaelo ke tiragalo e mo go yone Modimo a neng a tsentse lebogo go na le go nna mofuta mongwe fela wa tiragalo ya tlholego. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona w81 8/15 ts. 18.]