Dithuto Kaga Dikwa,lo tse di Tlhotlhele Ditsweng le Tshedimosetso Kaga Tsone
Thuto ya bo 7—Bibela mo Metlheng ya Segompieno
Hisitori ya mekgatlho ya Bibela; tiro ya Mokgatlho wa Watch Tower ya go gatisa le go anamisa Dibibela; go kwalwa ga New World Translation.
1. (a) Batho ba ne ba bolelelwa mafoko a a tswang kwa Modimong ka maikaelelo afe, mme ka jalo ke ka ntlhayang fa mangwe a one a sa kwalwa? (b) Jehofa o ile a neela baperofeti ba le bantsi ditaolo dife tse di tlhamaletseng, mme seno se ile sa re solegela molemo jang mo “metlheñ ea bohèlō”?
DIKWALO tse di boitshepo, ebong dibuka tse 66 tse re di bitsang Bibela gompieno, ke “lehoko ya ga Yehofa” leo le kwadilweng. (Isa. 66:5) Mo makgolokgolong a dingwaga “lehoko” jeno le ne la nna la tswa kwa go Jehofa le tla mo baperofeting ba gagwe le mo batlhankeng ba gagwe mo lefatsheng le sa kgorelediwe ke sepe. Dipuisano tseno tsa Modimo di ne tsa fitlhelela boikaelelo jwa tsone jwa nako eo mme gape di ne tsa neela diponelopele tsa ditiragalo dingwe tse di neng di tshwanetse go diragala mo isagweng e ka nako eo e neng e le kgakala. Go ne go sa tlhokege ka metlha gore baperofeti ba Modimo ba kwale “lehoko ya ga Yehofa” leo ba neng ba le bolelelwa. Ka sekai, mangwe a mafoko a ga Elija le Elisha ao ba neng ba a bolelela kokomana ya nako ya bone a ne a se ka a bolokiwa ka go kwalwa. Mo letlhakoreng le lengwe, bo moperofeti Moshe, Isaia, Jeremia, Habakuke, le ba bangwe ba ne ba amogela ditaolo tse di tlhomameng gore ba ‘kwale’ kana ba ‘kwale mo bukeng kana mo momenong’ “lehoko ya ga Yehofa” leo ba neng ba le senolelwa. (Ekes. 17:14; Isa. 30:8; Yer. 30:2; Hab. 2:2; Tshen. 1:11) “Mahoko a a builweñ galè ke baperofeti ba ba boitshèpō” a ne a bolokwa jalo, mmogo le mo dikwalong tse dingwe tse di boitshepo, go dira gore batlhanka ba ga Jehofa ba kgone go akanya sentle mme segolobogolo go naya kaelo malebana le ‘malatsi a bofelo.’—2 Pet. 3:1-3.
2. Ke dipaka dife tse go ileng ga lemotshega mo go tsone fa go ne go na le tiro e e oketsegileng ya go kwalolola le go ranola Bibela?
2 Go simolola ka nako ya ga Esere go ya pele go ne ga dirwa dikaelo di le dintsi tsa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera. Go simolola ka lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha o o Tlwaelegileng, Bibela e ne ya kwalololwa ya bo ya kwalololwa gape ke Bakeresete ba pele mme e ne ya dirisiwa mo go supeng kaga maikaelelo a ga Jehofa malebana le Keresete wa Gagwe mo lefatsheng lotlhe le le neng le itsewe ka nako eo. Fa go gatisa ka ditlhaka tse di ka sutisiwang go ne go simolola go dirisiwa thata (go simolola ka lekgolo la bo 15 la dingwaga go ya pele), Dibibela di ne tsa ntsifadiwa gape tsa bo tsa anamisiwa ka bontsi. Go ne ga ranolwa ga bo ga gatisiwa di le dintsi ke ditlhopha tsa batho fela mo lekgolong la bo 16 le la bo 17 la dingwaga. Bogologolo fela ka bo 1800, Bibela e ne e setse e le teng e le mmogo kana bontlhabongwe jwa yone ka dipuo di le 71.
MEKGATLHO YA BIBELA
3. Ke lebaka lefe le le ileng la dira gore go anamisiwa ga Bibela go oketsege fa esale kwa tshimologong ya lekgolo la bo 19 la dingwaga?
3 Tiro eno e ne ya dirwa ka makatlanamane ka lekgolo la bo 19 le la bo 20 la dingwaga, fa mekgatlho e e neng e sa tswa go tlhangwa ya Bibela e ne e simolola go tsenya letsogo mo namaneng e tona ya tiro ya go anamisa Bibela. Mokgatlho mongwe wa Bibela wa ntlhantlha wa eno e ne e le British and Foreign Bible Society, oo o neng wa rulaganngwa kwa Lontone ka 1804. Go rulaganngwa ga mokgatlho ono wa Bibela go ne ga kgoma go tlhomiwa ga mekgatlho e mentsi e e oketsegileng ya go nna jalo.a
4. (a) Ke dipalo dife tse di supang gore eleruri lefoko la botshelo le anametse mo lefatsheng? (b) Ke tshedimosetso efe e e neelwang mo tsebeng ya 322 kaga diphetolelo tse di farologaneng tsa Bibela tse di kwadilweng? Tshwantsha seno ka go lebisa go diphetolelo tse di rileng tsa Bibela.
4 Ereka go ne go na le mekgatlho e le mentsi jalo e e neng e setse e le gone, tiro ya go anamisa Bibela e ne ya tlhogonolofala. Ka ngwaga wa 1900, Bibela e ne e setse e le gone e feletse kana bontlhabongwe jwa yone ka dipuo di le 567, mme ka 1928, ka dipuo di le 856. Ka 1938 e ne e setse e le gone ka dipuo tse di fetang tse di sekete, mme jaanong Bibela e gone ka dipuo tse di fetang 1 900. Lefoko la ga Jehofa le le lapolosang la botshelo le anametse mo lefatsheng lotlhe! Ka gone, go ile ga kgonega gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba arabe pitso e e reng: “Bakañ Yehofa, lona lotlhe Badichaba; me a batho botlhe ba mmakè.” (Bar. 15:11) Tšhate e e mo tsebeng ya 322 ya setlhogo se se reng, “Dithanolo Dingwe tse Dikgolo tsa Bibela tsa Dipuo tse Supa tse Dikgolo,” e neela tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go anamisiwa ga Bibela ga motlha wa segompieno.
5. Ke eng se ebileng se le botlhokwa go gaisa go abiwa ga Bibela, lefa go le jalo Basupi ba ga Jehofa ba lebogela eng?
5 Lefa go dira gore bontsintsi jwa batho ba ba mo lefatsheng ba nne le Bibela e le tiro e e molemo, go dirisa Dibibela tseno ka maikaelelo a go dira gore batho ba tlhaloganye Bibela ke tiro e kgolo e e bileng e le botlhokwa go gaisa. Go dira gore batho ba ‘tlhaloganye’ lefoko leno e ne e le sone selo sa botlhokwa mo metlheng ya Bajuda le ya Bakeresete ba ntlha, fa go ne go na le Dibibela di sekae fela, mme e santse e le selo sa botlhokwa le gompieno. (Math. 13:23; Neh. 8:8) Lefa go ntse jalo, tiro eno ya go ruta batho ba ba mo lefatsheng lotlhe Lefoko la Modimo e ile ya akofisiwa ke go anamisiwa ga Bibela. Jaaka Basupi ba ga Jehofa gompieno ba gatela pele ka tiro ya bone ya go ruta Bibela mo lefatsheng lotlhe, ba lebogela go bo jaanong go na le Dibibela di le dimilionemilione mo mafatsheng a mantsi le dipuo.
BASUPI BA GA JEHOFA JAAKA BAPHASALATSI BA BIBELA
6. Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe ka tiro efe gompieno mmogo le mo metlheng ya bogologolo?
6 Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba phasalatsang Bibela. Go ne go ntse jalo le mo metlheng ya ga Esere. Go ne go ntse jalo le mo metlheng ya barutwa ba ntlha ba ga Jesu Keresete, bao ba neng ba tlatsa dikaelo tsa Bibela tse di neng di kwadilwe ka monwana mo lefatsheng lotlhe la bogologolo mo go ileng ga felela ka gore mekwalo ya bone e e kwadilweng ka seatla ya bogologolo e mentsintsi e fete dibuka lefa e le dife fela tsa bogologolo. Jaanong, mo metlheng eno ya segompieno, Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka tiro e e tshwanang e e dirwang ka botlhaga ya go gatisa Bibela.
7. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhoma lekgotla lefe? leng? mme ba ne ba simolola go tlhabolola bodihedi jwa bone jang ka nako eo?
7 Ka 1884 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhama lekgotla la go dira tiro ya bone ya go gatisa Bibela, e leng lekgotla le jaanong le itsiweng jaaka Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Kwa tshimologong go ne go rekwa Dibibela mo mekgatlhong e mengwe ya Bibela gore Basupi bano, bao le eleng ka nako eo ba neng ba bile ba simolola tiro ya bone ya bodihedi jwa ntlo le ntlo e ba itsegeng ka yone, ba boe ba di anamise. King James Version ya 1611 ka Seesemane e ne e dirisiwa jaaka phetolelo ya bone ya motheo ya go ithuta Bibela.
8. (a) Ke jang Watch Tower Bible and Tract Society e ileng ya dira jaaka leina la yone le bolela? (b) Ke jang Mokgatlho o ileng wa dirisa dithanolo tse dintsi tsa Bibela, mme ga felela ka eng?
8 Fela jaaka leina la yone le bolela, Watch Tower Bible and Tract Society e tseneletse mo tirong ya go anamisa Dibibela, mmogo le go gatisa dibuka, dipampitshana, le dibuka tse dingwe tsa Bokeresete. Boikaelelo jwa seno e le go naya kaelo malebana le dithuto tse di siameng tsa Lefoko la Modimo. Thuto ya one ya Bibela e ile ya thusa barati ba tshiamo go kgaogana le ditlwaelo tsa bodumedi jwa maaka le matlhajana a selefatshe le go boela mo kgololesegong ya boammaaruri jwa Bibela jaaka bo ne jwa tlhalosiwa ke Jesu le babueledi ba bangwe ba ba ineetseng ba ga Jehofa. (Yoh. 8:31, 32) Fa e sale makasine wa Tora ya Tebelo o simolola go gatisiwa ka 1879, dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower di ile tsa tsopola, tsa kwala di sa tsopola, tsa ba tsa lebisa go dithanolo tse dintsintsi tse di farologaneng tsa Bibela. Ka gone, Mokgatlho o ile wa lemoga gore tsotlhe di na le mosola mongwe mme ebile o ile wa dirisa mosola wa tsone tsotlhe ka o ne o bona gore di molemo mo go phepafatseng tlhakatlhakano ya bodumedi le go anamisa molaetsa wa Modimo.
9. Go ne ga tla jang gore Mokgatlho o simolole go phasalatsa Bibela?
9 Bibela ya Rotherham le ya Holman. Ka 1896, Basupi ba ga Jehofa, ba dirisa Mokgatlho wa Watch Tower, ba ne ba nna baphasalatsi le baanamisi ba Bibela ka tlhamalalo. Ka ngwaga oo ba ne ba kgona go bona tetlelelo ya go gatisa mo moranoding wa Moboritane wa Bibele Joseph B. Rotherham gore ba kgone go phasalatsa kgatiso e e tlhabolotsweng ya bolesome le bobedi ya New Testament kwa United States. Mo tsebeng ya setlhogo ya dikaelo tseno tse di gatisitsweng, go ne go kwadilwe leina la Watch Tower Bible and Tract Society, Allegheny, Pennsylvania, kwa ntlokgolo ya Mokgatlho e neng e le gone ka nako eo. Ka 1901 go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go gatisa Holman Linear Bible ka mo go kgethegileng, eo e neng e na le dintlha tse di mo dithoko tse di tlhalosang tse di neng di tswa mo dibukeng tsa Mokgatlho tsa 1895 go ya go 1901. Mafoko a Bibela eo ka boone e ne e le a Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika a King James Version le Revised Version. Dikaelo tse 5 000 tsa tokololo eo yotlhe di ne di setse di anamisitswe ka ngwaga wa 1903.
10. Ke phetolelo efe ya Dikwalo tsa Segerika eo Mokgatlho o neng wa e phasalatsa ka 1902?
10 The Emphatic Diaglott. Ka 1902 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa nna le ditshwanelo tsa tetlokopi ya The Emphatic Diaglott, ba nna bagatisi ba le bosi ba yone, le baanamisi ba yone. Phetolelo eno ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika e ne ya kwalwa ke moranodi wa Bibela yo o neng a tshotswe e le Moesemane ebong Benjamin Wilson, wa Geneva, kwa Illinois. E ne ya digelwa ka 1864. E ne e dirisa buka ya tshedimosetso ya Segerika ya ga J. J. Griesbach, e e nang le thanolo e e tlhamaletseng e e fa gare ga ditselana ya Seesemane le phetolelo ya ga Wilson ka boene ka tshwanelo a dirisa matshwao a gagwe a a kgethegileng a go gatelela.
11. Mokgatlho o ne wa phasalatsa “Bible Students Edition” leng, mme go ne go kwadilwe eng mo go yone?
11 Kgatiso ya Baithuti ba Bibela. Ka 1907 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa phasalatsa “Bible Students Edition” ya Bibela. Bolumo eno e ne e na le Phetolelo ya Bibela ya King James Version e e gatisitsweng sentle mme ebile e na le dintlhanyana dingwe tse di molemo fela thata tse di kafa thoko, mmogo le appendix e e mosola e e neng e tlhamilwe ke Basupi ba ga Jehofa. Appendix eo moragonyana e neng ya okediwa go nna ditsebe di le 550, e ne e bidiwa “Berean Bible Teachers Manual” mme e ne ya phasaladiwa gape e le yosi e tshwana le buka. E ne e na le dikakgelo tse dikhutshwane tsa ditemana di le dintsi tsa Bibela, e na le ditshupiso tsa Tora ya Tebelo le dibuka tsa Mokgatlho tse go ithutiwang ka tsone, le tshobokanyo ya dikgang tsa dithuto tsa motheo di na le dikwalo tsa konokono go dira gore di tlhofofalele ba bangwe. E ne e le ya mofuta o o tshwanang le buka ya moragonyana ya Mokgatlho ya “Make Sure of All Things.” Mo go yone gape go ne go na le tlhatlhamano ya ditlhogo tsa dikgang, tlhaloso ya ditemana tse di thata, lenaneo la ditshetla tse di itsenyeditsweng, tlhatlhamano ya Dikwalo, go tshwantshanngwa ga dingwaga, le dimmapa di le 12. Bibela e e molemolemo eno e ne ya dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa dingwaga di le dintsi mo tirong ya bone ya go rera.
MOKGATLHO O O GATISANG BIBELA
12. Mokgatlho o ne wa simolola tiro ya go gatisa Bibela leng?
12 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa dirisa difeme di sele go gatisa Dibibela tsa one. Lefa go ntse jalo, ka December 1926, The Emphatic Diaglott e ne ya nna phetolelo ya ntlha ya Bibela eo e neng ya gatisiwa mo metšhineng e e gatisang ya one kwa Brooklyn, New York. Go gatisiwa ga kgatiso eno ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika go ne ga ba tlhotlheletsa gore ba solofele gore motlha mongwe go ne go tla gatisiwa Bibela yotlhe mo metšhineng eo ya Mokgatlho.
13. (a) Bibela ya ntlha e e feletseng e e neng ya gatisiwa ke Mokgatlho e ne e le efe, mme e ne ya gololwa leng? (b) E ne e na le dithuso dife?
13 King James Version. Ntwa ya Lefatshe II e ne ya bontsha gore go ne go tlhokafala fela thata gore ba nne le Bibela e e gatisitsweng ke bone fela. Fa ntwa ya lefatshe lotlhe e ne e ile magoletsa, Mokgatlho o ne wa atlega go reka dikgatisetso tsa Phetolelo ya Bibela ya King James yotlhe. Mookamedi wa Mokgatlho o ne a bua ka kgang e e reng “Go Ntsha ‘Tšhaka ya Moya’” ka September 18, 1942, kwa Kopanong ya Bolegodimo ya Lefatshe Le Lesha ya Basupi ba ga Jehofa, lefelo le legolo la kopano eo e le kwa Cleveland, Ohio. Kwa setlhoeng sa puo eno, o ne a golola Bibela eno e e neng e le ya ntlha e Mokgatlho wa Watch Tower o neng wa e gatisa e feletse kwa feketering ya one ya Brooklyn. Mo go appendix ya yone go ne go na le lenaneo la maina tota le ditlhaloso tsa one, “Khonkodense ya Mafoko a Bibela le Ditlhaloso e e rulagantsweng sentle,” le dithuso tse dingwe. Kwa godimo ga tsebe nngwe le nngwe go ne go na le setlhogo se se tshwanetseng. Ka sekai, mo boemong jwa setlhogo se se neng se ntse se boaboela sa “Go nna mafega go ikana ga ga Jafeta” mo go Baatlhodi 11 go ne ga kwalwa “go ikana ka bopeloephepa ga ga Jafeta,” mme “Botshelo jwa pele ga a nna motho le go tsholwa jaaka motho ga ga Lefoko la Modimo” se bonala mo go Yohane kgaolo 1.
14. Ke thanolo efe e e tokafaditsweng e e neng ya gatisiwa ke Mokgatlho ka 1944, mme ke dilo dife tse di fitlhelwang mo Bibeleng eno?
14 American Standard Version. Thanolelo e nngwe gape ya botlhokwa ya Bibela ke American Standard Version ya 1901. E na le karolo e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go tlhalosa leina la Modimo “Jehofa” mo e ka nnang makgetlo a le 7 000 mo Dikwalong tsa Sehebera. Morago ga dipuisano tse di neng tsa tsaya lobaka lo loleele, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa kgona go duelela tetla ya go dirisa dikgatisetso tsa phetolelo ya Bibela ya American Standard Version ka 1944, gore ba kgone go e gatisetsa mo magatisetsong a bone. Ka August 10, 1944, kwa Buffalo, New York, motse wa konokono wa metse e 17 eo go neng go tshwaretswe dikopano tsa nako e le nngwe fela tsa Basupi ba ga Jehofa mo go yone ebile e tshwaragantswe ka dilaene tse eseng tsa puso tsa difouno, mookamedi wa Mokgatlho o ne a itumedisa bareetsi ba gagwe ka go golola kgatiso ya Watch Tower ya American Standard Version. Mo go appendix ya yone go na le “Khonkodense ya Mafoko a Bibela, Maina, le Ditlhaloso” e e okeditsweng e e nang le thuso fela thata. Go ne ga ba ga gatisiwa gape le tokololo ya selekanyo se sebotlana ya Bibela eo ka 1958.
15. Ke thanolo efe e e neng ya gololwa ke Mokgatlho ka 1972?
15 The Bible in Living English. Ka 1972 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa gatisa The Bible in Living English, ya ga moswi Steven T. Byington. Gongwe le gongwe mo go yone go kwadilwe leina la Modimo jaaka “Yehofa.”
16. Ka gone Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregile mo tirong efe e e makgamu mabedi gompieno?
16 Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ga ba rere mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo fela mo dinageng tse di fetang 200 le ditlhaketlhake go kgabaganya lefatshe mme gape ke bagatisi le baphasalatsi, ka selekanyo se segolo, ba Buka ya botlhokwatlhokwa eo e nang le molaetsa oo wa Bogosi, Dikwalo tse di Boitshepo tse di tlhotlheleditsweng ke Jehofa Modimo.
NEW WORLD TRANSLATION OF THE HOLY SCRIPTURES
17. (a) Diphetolelo di le dintsi tsa Bibela di ile tsa nna le mosola ka tsela efe, lefa go le jalo di na le diphoso dife? (b) Fa esale ka 1946, mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a ntse a eletsa eng?
17 Basupi ba ga Jehofa ba itsise fa ba lebogela diphetolelo tsotlhe tse dintsi tsa Bibela tseo ba ileng ba di dirisa go ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Lefa go ntse jalo, dithanolo tseno tsotlhe, le eleng yone ya moragonyana jaana, di na le diphoso mo go tsone. Go na le fa di sa tlhomamang gone le ditlhaloso tse di sa kgotsofatseng, tseo di tswakilweng ka ditlwaelo tsa makoko kana matlhajana a selefatshe mme ka gone ga di dumalane ka botlalo le boammaaruri jo bo itshekileng joo Jehofa a bo kwadileng mo Lefokong la gagwe. Segolobogolo fa e sale ka 1946, moeteledipele wa Watch Tower Bible and Tract Society o ne a ntse a eletsa gore go nne le thanolo e e tlhomameng ya Dikwalo go tswa mo dipuong tsa ntlha—thanolo e e tlhaloganngwang ke babadi ba gompieno fela jaaka dikwalo tsa ntlha di ne di tlhaloganngwa ke batho ba ba botlhale, ba ba tlwaelegileng fela ba motlha wa go kwalwa ga Bibela ka boyone.
18. Go ne ga tla jang gore Mokgatlho o phasalatse o bo o gatise New World Translation?
18 Ka September 3, 1949, kwa ntlongkgolo ya Mokgatlho kwa Brooklyn, mookamedi o ne a itsise Lekgotla la Bakaedi gore go na le Komiti ya Thanolo ya Bibela ya New World le gore e ne e setse e feditse go ranola Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ka tsela ya segompieno. Pego ya komiti eo e ne ya balwa, eo mo go yone komiti eo e neng e tlhoma Mokgatlho jaaka mong, molaodi, le mophasalatsi wa mekwalo ya thanolo eo, ereka e lemoga fa Mokgatlho o dira tiro ya go rotloetsa thuto ya Bibela mo lefatsheng lotlhe eseng ka tsela ya lekoko lepe. Go ne ga balwa le dikarolo dingwe tsa mekwalo, jaaka dikai tsa go supa gore thanolo e ke ya mofuta ofe le boleng jwa yone. Bakaedi ba ne ba amogela mpho eo ya thanolo ka mogopolo o le mongwe fela, mme go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore e gatisiwe ka bonako. E ne ya simololwa go kwala mo mosong ka September 29, 1949, mme kwa tshimologong ya selemo sa 1950, go ne go feditswe dikaelo tse di kopantsweng di le diketekete.
19. (a) Ke jang New World Translation e neng ya bonala ka dikarolo tsa yone? (b) Go ne go dirilwe boiteko bofe fa go ne go baakanyediwa dibolumo tseno?
19 Go Gololwa ga New World Translation ka Dikarolo Tsa Yone. Bareetsi ba ba 82 075 ba Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba gakgametse fela thata ba ne ba amogela go gololwa ga New World Translation of the Christian Greek Scriptures ka boitumelo jo bogolo ka Laboraro, August 2, 1950, mo letsatsing la bonè la kopano ya merafeyotlhe kwa Yankee Stadium, kwa New York. Ereka ba ne ba kgothaditswe ke gore kwa tshimologong fela ba ne ba amogelwa ka matlhagatlhaga, mmogo le mafoko a moragonyana a kanaanelo a gore thanolo eno e ne e le ya maemo a a kwa godimo, morago Komiti eo e ne ya simolola tiro e kgolo go feta eo ya go ranola Dikwalo tsa Sehebera. Eno e ne ya bonala ka dibolumo tse di oketsegileng di le tlhano, tse di neng tsa gololwa ka go tlhomagana go simolola ka 1953 go ya go 1960. Setlhopha seo sa dibolumo di le thataro se ne sa bopa laeborari ya Bibela yotlhe e le Seesemane sa segompieno. Bolumo nngwe le nngwe e ne e tshotse gape le dithuso tse di nang le mosola tsa go ithuta Bibela. Ka gone moithuti wa Bibela wa motlha wa segompieno o ne a direlwa pitsa e kgolo ya tshedimosetso ya Dikwalo. Go ne go dirilwe maiteko a magolo a go dirisa motswedi mongwe le mongwe wa boammaaaruri wa tlhaloso ya tshedimosetso ya ntlha mo go neng ga dira gore New World Translation e tlhalose molaetsa o o maatla wa Dikwalo tsa ntlha tse di tlhotlheleditsweng ka phepafalo le ka bonnete.
20. Kgatiso ya ntlha ya New World Translation e ne e na le dithuso dife tse di nang le mosola mo (a) dintlhanyaneng tse di kwa tlase tsa yone, (b) ditshupisong tse di mo dithoko, le (c) diketapele le di-appendix?
20 Gareng ga dithuso tsa go ithuta Bibela tsa kgatiso e e dikarolo thataro ya New World Translation go ne go na le mophutho wa botlhokwatlhokwa wa dintlhanyana tse di kwa tlase tsa tshedimosetso, di neela tshedimosetso mabapi le ditlhaloso tse di dirilweng. Mo dintlhanyaneng tseno go na le mabaka a a nonofileng a a femelang Dikwalo. Go ne go akareditswe gape le megolagang ya ditshupiso tsa ditemana tse dingwe. Megolagang eno ya mafoko a botlhokwa a dithuto tsa motheo e ne e rulaganyeditswe go lebisa moithuti go metseletsele ya ditemana tsa konokono tsa dikgang tseno. Go ne go na le ditshupiso di le mmalwa tsa ditemana tse dingwe mo dithoko ga ditsebe. Tseno di ne di lebisa mmadi go (a) mafoko a a tshwanang, (b) dikgopolo, megopolo, le ditiragalo tse di tshwanang, (c) tshedimosetso ya hisitori ya botshelo jwa motho, (d) tshedimosetso ya hisitori ya lefelo, (e) ditiragatso tsa boperofeti, le (f) ditsopolo tse di tlhamaletseng tse di tswang mo dikarolong tse dingwe tsa Bibela. Mo dibolumong tseno gape go ne go na le diketapele tsa botlhokwa, ditshwantsho tsa mekwalo mengwe e e kwadilweng ka seatla ya bogologolo, di-appendix le di-index tse di nang le thuso, le dimmapa tsa mafatshe a a tlhalosiwang mo Bibeleng le mafelo. Kgatiso eno ya ntlha ya New World Translation e ne e le thuso e kgolo mo Basuping ba ga Jehofa fa ba ithuta le fa ba ruta batho ba dipelo tse di ikanyegang ka tsela e e ka ba solegelang molemo. Moragonyana, go ne ga gololwa kgatiso e e kgethegileng e e ka dirisiwang ke moithuti, e e neng ya phasaladiwa e le bolumo e le nngwe fela e gatisitswe e le dikaelo di le 150 000, ka June 30, 1963, kwa tshimologong ya Kopano ya “Mafoko A A Molemo A A sa Khutleng” ya Basupi ba ga Jehofa kwa Milwaukee, Wisconsin, U.S.A.
21. (a) Ke mabaka afe a a neng a dira gore go gololwe New World Translation e e tlhabolotsweng? (b) Dingwe tsa dikarolo tsa yone e ne e le dife?
21 Kgatiso e e Tlhabolotsweng e e leng Bolumo e le Nngwe fela. Ka selemo sa 1961, kwa metseletseleng ya dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa tse di neng di tshwaretswe kwa United States le kwa Yuropa, go ne ga gololwa kgatiso e e tlhabolotsweng ya New World Translation of the Holy Scriptures e e feletseng e le bolumo e le nngwe fela e e motlhofo go dirisiwa gore e abelwe batho. Batho ba le diketekete ba ba neng ba nna gone mo dikopanong tseno ba ne ba e amogela ka boipelo. Khabara ya yone e ne e le letsela le le botala jwa ditlhare, e na le ditsebe di le 1 472 ebile e na le khonkodense e e molemo thata, appendix ya ditlhogo tsa Bibela, le dimmapa.
22, 23. Ke dikgatiso dife tse dingwe tse di golotsweng, mme dingwe tsa dilo tse di fitlhelwang mo go tsone ke dife?
22 Dikgatiso tse Dingwe. Ka 1969 go ne ga gololwa The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures, mme kgatiso ya yone ya bobedi ya gololwa ka 1985. Mo bolumong eno go na le thanolo ya lefoko lengwe le lengwe ka Seesemane ya tshedimosetso ya Segerika e e kwadilweng ke Westcott le Hort mmogo le ditlhaloso tsa Seesemane sa motlha wa segompieno tsa kgatiso ya 1984 ya New World Translation. Ka gone e thusa moithuti yo o tlhoafetseng wa Bibela go bona se Segerika sa ntlha totatota kana ka tlhamalalo se neng se se bolela.
23 New World Translation e e tlhabolotsweng la bobedi e ne ya gololwa ka 1970, mme e e tlhabolotsweng la boraro e na le dintlhanyana tse di kwa tlase e ne ya gololwa ka 1971. Kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Koketsego ya Bogosi” ya Basupi ba ga Jehofa, e e neng ya tshwarwa ka 1984, go ne ga ntshiwa kgatiso e e tlhabolotsweng e e nang le ditshupiso ya Seesemane. Mo go yone gape go ne go na le ditshupiso tse di mo dithoko (tsa ditemana tse dingwe) tse di tokafaditsweng ka botlalo le tse di tlhabolotsweng tse di neng di kwadilwe pele ka Seesemane go simolola ka 1950 go ya go 1960. Ereka e rulaganyeditswe moithuti yo o tlhoafetseng wa Bibela, e na le ditshupiso tse di mo dithoko di feta 125 000, dintlhanyana tse di kwa tlase di feta 11 000, khonkodense e kgolwane fela thata, dimmapa, le ditlhogo tse 43 tsa di-appendix. Ka 1984 gape go ne ga nna le tokololo ya selekanyo se se tlwaelegileng ya 1984, e na le ditshupiso tse di mo dithoko mme e sena dintlhanyana tse di kwa tlase.
24. (a) Mengwe ya mesola ya dikgatiso tse di tlwaelegileng le tse di nang le ditshupiso ke efe? (b) Tshwantsha kafa ditlhogo tse di kwa godimo ga ditsebe di dirisiwang ka gone.
24 Mengwe ya Mesola. Go thusa mmadi gore a kgone go bona tshedimosetso e a e batlang ka bofefo, kgatiso e e tlwaelegileng le e e nang le ditshupiso ka bobedi di na le setlhogo se se rulagantsweng sentle kwa godimo ga tsebe nngwe le nngwe. Ditlhogo tseno tse di kwa godimo ga tsebe di tlhalosa tshedimosetso e e mo tsebeng eo, mme segolobogolo di rulaganyeditswe go thusa mmoledi wa Bogosi gore a kgone go bona ka bofefo ditemana tse di arabang dipotso tse a ka nnang a di bodiwa. Ka sekai, o ka nna a bo a leka go bona kgakololo kaga go katisa bana. Fa a tla mo tsebeng ya 860 (mo kgatisong e e tlwaelegileng) mo go Diane, o bona tshetla ya bofelo ya konokono e e reng “Leina le lentle.” Ereka seno e le tshetla ya bofelo ya setlhogo seno, e supa gore kgang eo e tla bonala morago mo go yone tsebe eo, mme ke gone fa a e fitlhelang gone, mo go Diane 22:1. Lokwalo lo lo supiwang ke karolo ya ntlha ya setlhogo se se kwa godimo ga tsebe ya 861, se se reng “Katisa ngwana,” o se bona kwa tshimologong ya tsebe eo, mo temaneng ya 6. Karolo e e latelang ya setlhogo seo e balega ka go re, “O se tlhoke go mo itaya.” Tshedimosetso eno e kwa bokhutlong jwa kolomo ya ntlha, mo temaneng ya 15. Ditlhogo tseno tse di kwa godimo ga ditsebe di ka thusa fela thata mmoledi wa Bogosi yo o itseng ka kakaretso fa ditemana tse a di batlang di leng teng. Di ka thusa motho gore a bone sengwe se a se batlang ka bonako mo Bibeleng.
25. Go dirilwe khonkodense efe e e nang le thuso, mme e ka dirisiwa jang ka tsela e e nang le mosola?
25 Kafa morago ga tokololo ya Bibela eno e e tlwaelegileng mmogo le e e nang le ditshupiso, go na le karolo gape e e bidiwang “Bible Words Indexed” (“Mafoko a Bibela a a Rulagantsweng”) Mo go yone go na le mafoko a botlhokwa a le diketekete a na le mela mengwe ya kgang eo. Ka go dira jalo, go nna le tlhatlhamano ya mafoko e e ka dirisiwang, go akaretsa le mafoko a mantsi a masha, a a tlhalosang a a dirisitsweng mo tshedimosetsong eo. Fa e le ka ba ba tlwaelaneng le ditlhaloso tsa King James Version, go na le thuso ya kafa go ka kgabaganyediwang ka gone go tswa mafokong a Bibela a Seesemane sa bogologolo go ya go mareo a segompieno a Bibela. Ka sekai, tsaya lefoko “tshegofatso” mo go King James Version. Lefoko leno le kwadilwe mo go index, go lebisiwa moithuti go “bopelonomi jo bo sa tshwanelang,” e le tlhaloso e jaanong e dirisiwang mo thanolong e ntšha eo. Index ya mafoko e dira gore motho a kgone go bona ditemana tsa Dikwalo kaga dikgang tsa konokono tsa dithuto tsa motheo, tse di tshwanang le “moya” kana “thekololo,” e thusa gore motho a kgone go ithuta ka botlalo a dirisa ditemana tsa Bibela ka boyone. Mmoledi wa Bogosi yo o tshwanetseng go rera kaga epe fela ya dikgang tseno o ka dirisa ka bokhutshwane fela dikarolo tse dikhutshwane tsa kgang tse di mo khonkodenseng. Mo godimo ga moo, go kwadilwe dikwalo tsa konokono tsa maina tota a a tlhomologileng, go akaretsa le mafelo a naga mmogo le batho ba ba tlhomologileng ba go buiwang ka bone mo Bibeleng. Ka jalo baithuti botlhe ba Bibela ba ba dirisang thanolo eno ba na le thuso e e seng kana ka sepe.
26. Tshwantsha nngwe ya ditsela tse appendix ya New World Translation e thusang ka tsone.
26 Appendix e e dirilweng ka manontlhotlho le yone e thusa ka tshedimosetso ya bonnete e e molemo mo go ruteng. Ditlhogo tsa appendix eo di rulagantswe ka tsela e e leng gore di ka kgona go dirisiwa jaaka thuso ya go tlhalosa dithuto tsa motheo tse dikgolo tsa Bibela le dintlha tse di tshwanang le tseo. Ka sekai, fa appendix eo e bua ka kgang ya “moya,” e thathamisa ditemana tsa Dikwalo tse di bontshang ditsela tse di farologaneng tse lefoko “moya” (Sehebera, neʹphesh) le ka dirisiwang ka tsone tlase ga ditlhogo tse di farologaneng di robabobedi. Mo ditlhogong tsa appendix gape go na le ditshwantsho le dimmapa. Reference Bible e na le appendix e kgolwane mmogo le dintlhanyana tse di kwa tlase tse di nang le thuso tse di nayang tshedimosetso ya botlhokwa kaga ditemana ka tsela e e tlhaloganyesegang motlhofo. Ka gone, New World Translation e tlhomologile ka go bo e na le dilo tse dintsi tse di ka thusang babadi ba yone go bona kitso ya bonnete ka bofefo.
27, 28. Tlhalosa o bo o tshwantshe kafa New World Translation e supang kafa maina tota a tshwanetseng go bidiwa ka gone.
27 E Thusa mo go Bitseng Maina a Bibela. Mo tshedimosetsong ya Seesemane ka boyone, dikgatiso tsotlhe tsa New World Translation di thusa mo go bidiweng ga maina tota. Thulaganyo ya yone e tshwana le e e neng ya rulaganngwa ke motlhalefi mongwe wa Revised Standard Version ya 1952. Leina tota le kgaoganngwa ka dinoko tseo di farologanngwang ka leronthonyana kana ka letshwao la modumo wa lefoko (ʹ). Letshwao la pitso ya lefoko le tla morago ga noko eo e tshwanetseng go gatelelwa thata fa go bidiwa lefoko leo. Fa noko e e nang le letshwao la pitso e felela ka tumanosi, he tumanosi eo e tshwanetse go bidiwa ka go gogiwa. Fa noko e felela ka tumammogo, he tumanosi ya noko eo e tshwanetse go bidiwa e sa gogiwe.
28 Ka sekai, elatlhoko Yobe 4:1. Fano e bua ka “Elifase [Elʹi·phaz] oa Motemana [Teʹman·ite].]” Lefa mo makgetlong oomabedi letshwao la pitso le le mo nokong ya ntlha, tlhaka ya “e” e tshwanetse go bidiwa ka mo go farologaneng mo makgetlong a mabedi ao. Mo go “Elʹi·phaz” go bo lotshwao lwa pitso lo le morago ga tumammogo “l” go dira gore tumanosi “e” e seka ya bidiwa e gogiwa, jaaka mo lefokong la Seesemane “end.” Fa, mo go “Teʹman·ite” gone lotshwao lwa pitso lo lo leng mo tumanosing “e” lone le dira gore e bidiwe e gogiwa, jaaka “e” wa ntlha mo go “Eden.” Fa ditumanosi tse pedi “a” le “i” di kopanngwa, jaaka mo go “Morʹde·cai” mo go Esethere 2:5 le “Siʹnai” mo go Ekesodo 19:1, ditlhaka tseo tsa “ai” di bidiwa fela jaaka “i” yo o gogiwang.
29. A New World Translation ke tlhabololo fela ya dithanolo tsa pelenyana, mme ke dikarolo dife tsa yone tse di tshegetsang karabo ya gago?
29 Thanolo E E Ikemetseng ka Nosi. New World Translation ke thanolo e e ikemetseng ka nosi e e tswang mo dipuong tsa ntlha tsa Bibela tsa Sehebera, Searamaika, le Segerika. Ga se tlhabololo ya thanolo epe ya Seesemane ka gope, le gone ga e kopise mokgwa wa go kwala, mafoko, kana go elela ga puo ga phetolelo epe. Mo karolong ya Sehebera le Searamaika, go ne ga dirisiwa tshedimosetso e e phepafaditsweng le e e dumelwang ke batho botlhe ya Biblia Hebraica ya ga Rudolf Kittel, kgatiso ya bo 7, ya bo 8, le ya bo 9 (1951-55). Kgatiso e ntšha ya tshedimosetso ya Sehebera e e bidiwang Biblia Hebraica Stuttgartensia, ya ngwaga wa 1977, e ne ya dirisiwa go tokafatsa tshedimosetso ya dintlhanyana tse di kwa tlase tsa New World Translation—With References. Karolo ya Segerika ka bogolo e ne e ranolwa go tswa mo tshedimosetsong ya motheo e e kwadilweng ke Westcott le Hort, e e gatisitsweng ka 1881. Lefa go ntse jalo, Komiti ya Thanolo ya Bibela ya New World gape e ne ya dirisa ditshedimosetso tse dingwe tsa Segerika, go akaretsa le tshedimosetso ya Segerika ya ga Nestle (1948). Ditlhaloso tsa dibuka tse di molemo tseno tse e leng tsa motheo di kwadilwe mo go Thuto 5 le 6 ya bolumo eno. Komiti ya thanolo e ranotse Bibela ka tlhoafalo le ka tsepamo, mme seno se feletse ka gore go nne le tshedimosetso e e phepa e e utlwalang, le e e dirileng gore batho ba simolole go nna le kutlwisiso e e kwa teng, e e kgotsofatsang ya Lefoko la Modimo.
30. Motshwayadiphoso mongwe o tlhalosa mosola wa thanolo eno jang?
30 Elatlhoko kafa motshwayadiphoso mongwe a sekasekileng thanolo eno ka gone: “Dithanolo tsa Seesemane go tswa mo Dikwalong tsa ntlha tsa Sehebera ga di kalo kalo. Ka gone re itumelela go amogela kgatiso ya karolo ya ntlha ya New World Translation [ya Dikwalo tsa Sehebera], Genesise go ya go Ruthe. . . . Kafa go bonalang ka gone mo phetolelong eno go ne ga dirwa boiteko jo bo kgethegileng gore e kgone go tlhaloganyesega fa e balwa. Ga go na ope yo o ka bolelang gore ga e a ikemela ka nosi le gore ga e a tsaya malebela gope. Mafoko a yone ga aa thaiwa mo diphetolelong tsa pele ka gope.”b
31. Ke jang mokanoki mongwe wa Mohebera a ileng a tlhalosa mosola wa New World Translation?
31 Mokanoki mongwe wa Mohebera Porofesa Dr. Benjamin Kedar wa Iseraele, fa a ne a botsolotswa ke moemedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a tlhalosa mosola wa New World Translation ka tsela e e latelang: “Fa ke ntse ke tlhatlhobisa puo ya Bibela ya Sehebera le dithanolo tsa yone, gantsi ke leba mo kgatisong ya Seesemane e e bidiwang New World Translation. Ka go dira jalo, ke bona ke tlhomamisega gangwe le gape gore buka eno e supa gore e ile ya kwalwa ka boikaelelo jwa mmatota jwa gore batho ba kgone go utlwisisa tshedimosetso e e leng ya bonnete ka mo go ka kgonegang ka gone. Ereka go bonala fa bakwadi ba yone ba ne ba itse puo ya ntlha ka botswerere, e ranolela mafoko a puo ya ntlha mo puong ya bobedi ka tsela e e tlhaloganyesegang kwantle ga go fapoga tsela e puo e e tlhamaletseng ya Sehebera e tlhamilweng ka yone. . . . Mo mafokong a puo nngwe le nngwe go letlelesega gore motho o ka nna a bua ka tsela e e rileng fa a phutholola kana a ranola. Ka jalo go letlelesega gore go ka ganetsanngwa ka tshwetso ya kgang epe fela ya dipuo. Mme ga ke ise ke bone tshekamelo epe mo go New World Translation ya go tsenya mafoko a a seyong mo tshedimosetsong.”c
32. New World Translation ke thanolo ya lefoko ka lefoko go ya bokgakaleng bofe, mme e na le mosola ofe?
32 Thanolo Ya Lefoko ka Lefoko. Gore thanolo eno e boammaaruri go bontshiwa gape ke go bo go ranolwa lefoko ka lefoko. Seno se tlhoka gore mo e ka nnang lefoko lengwe le lengwe la Seesemane le tsamaelane le tshedimosetso ya Sehebera le ya Segerika. Fa tshedimosetso eno e ne e kwalwa ka puo e e ranolelwang mo go yone, go tshwanetswe ga ranolwa lefoko ka lefoko go ya kafa puo e go ranolwang go tswa mo go yone e letlelelang ka gone. Mo godimo ga moo, go ranola lefoko ka lefoko go tlhoka gore thulaganyo ya mafoko a bontsi jwa ditlhaloso e nne fela jaaka e ntse ka Sehebera kana ka Segerika, ka go rialo go dirwa gore kgatelelo e tshwane fela jaaka e ne e ntse mo dikwalong tsa ntlha. Ka baka la thanolo ya lefoko ka lefoko, go kgonega gore thelelo ya dikwalo tsa pele, go kgabisiwa ga puo ya one, le botswerere jwa puo ya one di utlwale ka tsepamo.
33. Go lemogilwe jang gore mo dithanolong dingwe tshedimosetso ga e a ranolwa lefoko ka lefoko?
33 Batho ba ile ba nna ba tlhaela go ranola tshedimosetso lefoko ka lefoko gangwe le gape, e le gore ba kgone go tlhalosa dikapuo tse di thata tsa Sehebera kana tsa Segerika ka mafoko a a tlhaloganyesegang sentle. Lefa go ntse jalo, mo kgatisong e e nang le ditshupiso ya New World Translation, mmadi o tlhokomedisiwa mafoko ano mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase tseo mo go tsone go ranotsweng lefoko ka lefoko.
34. (a) Go sa ranoleng ka tsela ya lefoko ka lefoko go felela ka eng? (b) Fa sekai.
34 Baranodi ba le bantsi ba Bibela ga ba sa tlhole ba ranola lefoko ka lefoko mme jaanong ba ranola ka tsela e ba tsayang gore ke botswerere le mokgwa wa puo. Mabaka a bone ke gore go ranola lefoko ka lefoko ga go e natetshe, ke go tlhamalala thata, ebile go tshwara batho diatla. Lefa go ntse jalo, go sa tlholeng ba ranola lefoko ka lefoko ga bone go dirile gore ba fapoge mafoko a ntlha a a tsepameng a eleng a boammaaruri, ka go ne ga simololwa go tlhalosa ka tsela e sele le go phutholola. Ebile tota, ba ile ba tswapola se e leng dikgopolo tsa Modimo. Ka sekai, moeteledipele mongwe wa maemo a a kwa godimo wa unibesithi e kgolo ya Amerika yo o tlogetseng tiro o kile a pega Basupi ba ga Jehofa molato wa gore ba senya go kgabisiwa le botswerere jwa Bibela. Fa a ne a re Bibela o ne a raya King James Version, eo ka nako e telele e neng e ntse e tlotlomadiwa fa e le motheo wa Seesemane se se buiwang sentle. O ne a re: ‘Bonang se lo se dirileng ka Pesalema 23. Lo sentse go elela le go kgabisiwa ga puo ya yone ka go re “Je/ho/vah is/ my/ shep/herd.” E nna dinoko di supa go na le tse thataro. Eleruri go a gakgamatsa. Ga go kafa mokgweng. Puo ga e sa tlhole e relela sentle. Mo Bibeleng ya King James e kwadilwe sentle ka e na le dinoko tse thataro tse di lekalekanang—“The/ Lord/ is/ my/ shep/herd.” Moperofesa yoo o ne a ganediwa ka gore go ne go le botlhokwa go e baya ka tsela eo Dafide, yo e neng e le mokwadi wa Bibela, a neng a e baya ka gone. A Dafide o ne a dirisa lereo le le akaretsang fela la “Morena,” kana o ne a dirisa leina la Modimo? Moperofesa o ne a dumela gore Dafide o ne a dirisa leina la Modimo, mme o ne a nna a ganela ka gore ka baka la go kgabisa le botswerere jwa puo, lefoko “Morena” ke lone le le tla dumelelwang. Abo seo e le seipato se eseng sa sepe jang ne sa go tlosa leina le legolo la ga Jehofa mo pesalemeng eno mo go dirang gore a se ka a bakiwa!
35. Ke eng se re ka se lebogelang Modimo, mme ke eng se re se solofelang le go se rapelela?
35 Ditlhaloso di le dintsintsi di ile tsa latlhiwa ka tsela eno e le ka baka la se batho ba tsayang gore ke go kgabisiwa ga puo, mo go ileng ga felela ka gore diphetolelo di le dintsi tsa Bibela di nne le diphoso. Abo re leboga Modimo jang ne go bo o ile wa re neela New World Translation, e e nang le tshedimosetso e e phepa le e e tlhomameng ya Bibela! Ekete leina la gagwe le legolo, ebong Jehofa, le ka itshepisiwa mo dipelong tsa botlhe ba ba le balang!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Gareng ga mekgatlho e mentsi ya Bibela e e neng ya tlhongwa fa e sale ka 1804 ke American Bible Society (1816), o o neng o tswa mo mekgatlhong e e neng e setse e le gone, mmogo le Edinburgh Bible Society (1809) le Glasgow Bible Society (1812), eo ka bobedi e neng ya kopanngwa (ka 1861) le National Bible Society of Scotland. Ka 1820 go ne go setse go tlhomilwe mekgatlho ya Bibela le mo Switzerland, Ireland, Fora, Finland, Sweden, Denmark, Norway, Netherlands, Iceland, Russia, le Jeremane.
b The Differentiator, ya ga Alexander Thomson, ya June 1954, tsebe 131.
c June 12, 1989, e e ranotsweng go tswa mo Sejeremaneng.
[Tšhate mo go tsebe 322]
DITHANOLO DINGWE TSE DIKGOLO TSA BIBELA TSA DIPUO TSE SUPA TSE DIKGOLO
Leina E Gatisitswe Tshedimosetso Leina la Tshedimosetso
Phetolelo Pele Motheo ya Modimo ya Motheo ya
Dikwalo tsa E Ranotswe Dikwalo
Sehebera tsa Segerika
SEESEMANE
Rheims-Douay* 1582-1610 Vulgate Lord Vulgate
(ADONAI, gabedi)
King James
Version* 1611 M LORD Tshedimosetso
(Jehofa, e e Dumelwang
go se kalo)
Young 1862-98 M Jehovah Tshedimosetso
e e Dumelwang
English 1881-95 M LORD Westcott
Revised* (Jehovah, le Hort
go se kalo)
Emphasised 1878-1902 M Yahweh Westcott
Bible (Ginsburg) le Hort,
Tregelles
American 1901 M Jehovah Westcott
Standard le Hort
An American 1923-39 M LORD (Yahweh, Westcott
Translation go se kalo) le Hort
(Smith-Goodspeed)* 1946-52 M LORD Westcott
Revised le Hort,
Standard* Nestle
New 1961-70 M (BHK) LORD Tshedimosetso
English Bible* (Jehovah, e ntšha e e
go sekae) kgethegileng
Today’s
English Version 1966-76 M (BHK) LORD UBS
King 1979-82 M (BHS) LORD Bontsi jwa
James Bible (YAH, go Tshedimosetso
e Ntšha/ se kalo)
Revised
Authorised Version
New Jerusalem
Bible* 1985 M Yahweh Segerika
SEPANISHE
Valera 1602 M Jehová Tshedimosetso
e e Dumelwang
Moderna 1893 M Jehová Scrivener
Nácar-Colunga* 1944 M Yavé Segerika
Evaristo 1964 M Yavé Segerika
Martín
Nieto*
Serafín 1965 M (BHK) Yahvéh, Señor Nestle-Aland
de Ausejo*
Biblia 1967 M Yahveh Segerika
de Jerusalén*
Cantera-Iglesias* 1975 M (BHK) Yahveh Segerika
Nueva 1975 M Señor Segerika
Biblia Española*
SEPOTOKISI
Almeida 1681, 1750 M Jehovah Tshedimosetso e
e Dumelwang
Figueiredo* 1778-90 Vulgate Senhor Vulgate
Matos Soares* 1927-30 Vulgate Senhor Vulgate
Pontifício 1967 M Javé Merk
Instituto Bíblico*
Jerusalém* 1976, 1981 M Iahweh Segerika
SEJEREMANE
Luther* 1522, 1534 M HErr Erasmus
Zürcher 1531 M Herr, Segerika
Jahwe
Elberfelder 1855, 1871 M Jehova Tshedimosetso e
e Dumelwang
Menge 1926 M HErr Segerika
Luther 1964, 1984 M HERR Segerika
(e e tlhabolotsweng)*
Bibel in 1967 M (BHS) Herr Nestle-Aland, UBS
heutigem Deutsch(Gute Nachricht)*
Einheitsübersetzung*
1972, 1974 M Herr, Jahwe Segerika
Revidierte
Elberfelder 1975, 1985 M HERR, Jahwe Segerika
SEFORA
Darby 1859, 1885 M Eternel Segerika
Crampon* 1894-1904 M Jéhovah Merk
Jérusalem* 1948-54 Vulgate, Yahvé Vulgate, Segerika
Sehebera
TOB 1971-75 M(BHS) Seigneur Nestle, UBS
Ecumenical
Bible*
Osty* 1973 M Yahvé Segerika
Segond 1978 M (BHS) Eternel Nestle-Aland,
Revised , Black
Metzger, Wikgren
Français 1982 M (BHS) Seigneur Nestle, UBS
courant
SE-DUTCH (NETHERLANDS)
Statenvertaling 1637 M HEERE Tshedimosetso
e e Dumelwang
Leidse 1899-1912 M Jahwe Nestle
Vertaling
Petrus-Canisiusvertaling*
1929-39 M Jahweh Nestle
NBG-vertaling 1939-51 M HERE Nestle
Willibrordvertaling*
1961-75 M Jahwe Nestle
Groot Nieuws Bijbel*
1972-83 M Heer Nestle
SENTARIANA
Diodati 1607, 1641 M Signore Segerika
Riveduta (Luzzi) 1921-30 M Eterno Segerika
Nardoni* 1960 M Signore, Segerika
Jahweh
Pontificio Istituto Biblico*
1923-58 M Signore, Jahve Merk
Garofalo* 1960 M Jahve, Signore Segerika
Concordata* 1968 M (BHK) Signore, Iavè Nestle,
Merk
CEI* 1971 M Signore Segerika
Parola del Signore*
1976-85 M (BHS) Signore UBS
* Naletsana e supa gore go ne go akareditswe le lokwalo longwe lo lo ikwaletsweng lefa go le jalo le ka nna la se ka la bonala mo ditokololong tsotlhe.
“M” e lebisitse go tshedimosetso ya Masora. Fa e le yosi, ga e supe tokololo epe e e kgethegileng ya Masora.
“BHK” e lebisitse go Biblia Hebraica ya ga Kittel.
“UBS” e lebisitse go The Greek New Testament, ka United Bible Societies.
“BHS” e lebisitse go Biblia Hebraica Stuttgartensia.
“Segerika” e supa gore go ranotswe go tswa Segerikeng, mme gore ga go a lebisiwa go buka epe e e kgethegileng.