LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/91 ts. 3-4
  • Go Nna le Seabe mo Dikatolosong Tse di Direlwang Bogosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna le Seabe mo Dikatolosong Tse di Direlwang Bogosi
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TIRO YA KAGO YA LEKALA LA AFRIKA BORWA
  • Go Dira Tiro ya go Aga ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Dira ka Boitumelo Dilo Tseo di Tlhokegang mo Thobong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi—Karolo e e Botlhokwa ya Tirelo e e Boitshepo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 12/91 ts. 3-4

Go Nna le Seabe mo Dikatolosong Tse di Direlwang Bogosi

1 “A diphetogo tse di gakgamatsang ruri!” “Abo go diragetse ka bonako jang ne!” “Abo bakaulengwe ba rona ba kwa Soviet Union ba segofaditswe jang ne!”

2 Mafoko ano a ne a utlwiwa kwa bokhutlong jwa August le kwa tshimologong ya September fa go ne go tshwerwe metseletsele ya dikopano tsa kgaolo kwa Soviet Union tse di neng tsa atlega lemororo go ne go lebeletswe gore go ka nna le dikgoreletsi dingwe. Go ne go na le palogotlhe ya ba le 74 252 kwa dikopanong tse supa tsa kgaolo kwa Soviet mo setlheng seno sa selemo mme go ne ga kolobediwa ba le 7 820. Mo godimo ga moo, go ne go na le ba bangwe gape ba le 295 924 ba ba neng ba phuthegetse dikopano kwa Yuropa Botlhaba.

3 Eleruri, fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mafoko ano a ga moperofeti Isaia a a diragadiwa: “Batho ba ba kileñ ba sepela mo lehihiñ ba bonye lesedi ye legolo. . . . U ntsihaditse morahe, u totisitse boitumèlō yoa bōnè; ba itumèla ha pele ga gago kaha boitumeloñ yoa thōbō.” Ee, dikatoloso tsa Bogosi di ntse di tswelela! Jesu Keresete o a busa! Mme jaaka boperofeti joo bo tswelela: “Go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.”—Isa. 9:2, 3, 7.

4 Go ile ga tshwanela gore go nne go agiwe dikago tse dikgolwane le gore go okediwe didirisiwa tsa go gatisa kwa Jeremane gore go kgonwe go tlhokomela koketsego e e gakgamatsang e e diragalang kwa Yuropa Botlhaba. Bakaulengwe ba rona ba ba koo ba itumelela go tshegetsa dikatoloso tseno, tseo ka tlhamalalo di tlatsang go diragadiwa ga boperofeti jono jo bo itsegeng thata jwa ga Jesu: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rerwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Math. 24:14.

5 Le rona re bona katoloso e kgolo mo lekaleng la rona la Afrika Borwa. Bosheng jaana kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ba mo Afrika Borwa, go ne ga umakiwa dintlha tse di neng di supa lebaka la go bo go tlhokega gore go atolosiwe, le tseo di neng di supa kafa re ntseng re tswelela ka teng go atolosa lekala. Re itumelela go lo bolelela dintlha di sekae kaga seno.

6 Bogatisetso jwa Rona: Mo lobakeng lwa jaanong re gatisa dimakasine ka dipuo tse 15 tse di farologaneng mo lekaleng la Afrika Borwa. Re gatisa palogotlhe ya ditokololo tse 46 tse di farologaneng kgwedi le kgwedi! Mo godimo ga moo, mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, re ne ra gatisa diboroutšhara di le 94 tse di farologaneng ka dipuo di le 25, le dibukana di le 34 tse di farologaneng ka dipuo di le 13. Re ne ra kgona go ranola le go rulaganya dibuka tse 35 tse di farologaneng ka dipuo di le 12! Dibuka tseno tsotlhe di tlile go gatisiwa ke feketiri e e kwa Brooklyn.

7 Mo godimo ga tse di fa godimo, re ranola le go rulaganya gape le Tirelo ya Rona ya Bogosi ka dipuo di le robong kgwedi nngwe le nngwe, mmogo le poeletso e e kwalwang. Go gatisiwa gape le dipuo tsa dikopano tsa kgaolo, dikopano tsa potologo, letsatsi la kopano e e kgethegileng, le dipuo tsa phatlalatsa. Go gatisiwa dimilione tsa dipampitshana. Re gatisa gape le dipampitshana tsa dimemo, diforomo, le makwalo a mantsi a Mokgatlho o ikgolaganyang ka one le ba ba leng mo tshimong. Ebile tota, jaanong re gatisa dikgatiso tse di ka nnang dimilione di le pedi mo bogatisetsong jwa lekala la Afrika Borwa kgwedi le kgwedi! Bontsi jwa tsone bo tshwanetse jwa ranolelwa mo dipuong tsa mo lefelong la rona. Lephata la rona la Boranodi jaanong le a feta otlhe mo lefatsheng.

8 Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo re ne ra bona motšhini o mosha wa Wohlenberg o o segang matlhakore a mararo ka nako e le nngwe go tswa kwa lekaleng la Jeremane. O na le karolwana e e itirisang e e tsenyang dikgatiso mo go one mme o ile wa oketsa lebelo leo ka lone re segang dimakasine tsa rona go di baakanya sentle. Motšhini wa rona o mosha wa Hantscho o setse o le gaufi le go fela go tlhamakanngwa. Fa motšhini o mosha ono o simolola go gatisa o tla oketsa selekanyo seo re gatisang dimakasine kana diboroutšhara ka sone go tloga go 18 000 go ya go 56 000 ka ura fa re dirisa metšhine ya rona e e gatisang ka bobedi jwa yone!

9 Nngwe ya ditiro tse dikgolo eo re e tshwereng jaanong ke go ranola Bibela. Re bone tetla go tswa go Komiti ya Bokwadi ya Setlhopha Se Se Laolang ya gore re ka ranolela Bibela mo dipuong tse thataro: Afrikaans, Sepedi, Sesotho, Setswana, Se-Xhosa, le Se-Zulu. Tiro ya rona e tsamaya sentle mo dipuong tse tharo eleng Afrikaans, Sesotho, le Se-Zulu. Re tlhoka baranodi ba ba oketsegileng mo dipuong tse dingwe. Lephata la Tirelo ya Boranodi le le kwa Brooklyn le re file Thulaganyo ya go Ranola Bibela re dirisa khomputara. Boikaelelo jwa thulaganyo eno ke gore thanolo e tlhomame, e se ka ya farofarologana, e utlwale sentle ka puo eo, e bo e kgonwe go balwa le go tlhaloganngwa motlhofo.

10 Tiro e nngwe ya rona e e ileng ya gola thata ke e e malebana le go romela ga rona dilo kwa makaleng a mangwe. Jaanong re romela dilwana tsa bokete jwa palogare ya ditone di le 250 kwa makaleng a mangwe kgwedi le kgwedi ka dilori tse nne tsa ditone tse 25. Ka metlha go romelwa dimakasine, dibuka, didirisiwa tsa go aga, le dilwana tse dingwe tse dintsi kwa lekaleng la Zimbabwe le la Zambia. Go fitlha jaanong, re setse re rometse ditone tse di ka tshwarang lekgolo tsa dilo tse di tla thusang mmogo le dibuka le dimakasine kwa Angola. Re ile ra kgona gape go thusa Zaire, Moçambique, le dinaga tse dingwe tse di kafa karolong e e kafa borwa ya Afrika. Ke tshiamelo tota go bo re kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba dinaga tse dingwe ka dilo tse ba di tlhokang ka tsela eno.

11 Tiro ya Go Aga Lekala la Rona E Eme Fa Kae?: Kwantle ga pelaelo ba le bantsi mo go lona ba setse ba utlwile gore tiro ya lekala la rona ya go aga e ne ya diega. Fa re sena go wetsa go dira bontsi jwa dipolane tsa rona, Ofise ya Kago ya kwa Brooklyn e ne ya swetsa gore go tla nna botoka fa re ka dirisa mekgwa ya bosheng ya go aga e e malebana le mokgwa wa go agela dikarolo tsa moago fa fatshe di bo di tsholediwa. Ba ne ba tlhalosa gore lemororo seno kwa tshimologong se tlile go re dia, kwa bokhutlong re tlile go solegelwa molemo. Seno ga se ne se felela fela ka gore kago ya rona e nne ya boleng jo bo botoka mme gape e tla agiwa ka bonako ebile lefa re atolosa gape mo isagweng re tla kgona go dira jalo ka lobelo lo logolo. Ka gone re ne ra tshwanela go simolola go thala dipolane gape go tloga kwa tshimologong.

12 Lefa go ntse jalo, re itumelela go bega gore jaanong re setse re siame sentle ka dipolane, le gore go agiwa ga dikamore tse 30 tsa bonno go ka simolola. Ebile tota, re setse re feditse mabotana a a direlwang fa fatshe a a tlileng go dira gore tiro ya go aga e tsamaele ka bofefo. Re tshwanetse ra kgona go fetsa tiro yotlhe ka dikgwedi tse di ka nnang supa kana tse robedi.

13 Re ne ra kgona go dira namane e tona ya tiro fa re ntse re letile jalo. Re ile ra kgona go dira tsela e e dikologang kago eno, re dirile tiro e kgolo tota mabapi le go tlhamakanngwa ga motšhini o mosha wa rotary wa Hantscho, ebile re weditse ditiro di le mmalwa tsa go aga mo Bethele. Gape, re ne ra kgona go dira kgatelo pele mabapi le go kwadisa lefelo la rona jaaka motsesetoropo o o ikemetseng ka nosi. Fa seno se sena go dumelelwa, re tla kgona go dira ditiro tse dingwe tse di tlhokegang tsa go aga. Re tshwanetse go atolosa lefelo la rona la bojelo; re tshwanetse go atolosa bogatisetso; re tshwanetse go aga boalo jo bongwe mo kagong ya diofisi; ebile re tla tlhoka go oketsa lefelo la bonno gape ka dikamore di le mmalwa.

14 Setlhopha Se Se Laolang se duelela dilo tse re thusang makala a mangwe ka tsone le didirisiwa tse re di romelang kwa go one. Lefa go ntse jalo, rona re tshwanetse ra bona gore re tswa jang ka tiro ya rona ya go aga kafa re ka kgonang ka teng. Mo ntlheng eno, re batla go leboga bakaulengwe botlhe go ralala Afrika Borwa ka meneelo ya bone e e molemo le ditsholofetso tse dintsi tse ba di dirileng tsa gore ba tla tshegetsa tiro eno ka madi. Lona bakaulengwe botlhe le bokgaitsadi lo ne lwa tlatsa dipampitshana tse lo neng lo supa gore lo tlile go ntsha moneelo o o kana kang kgwedi le kgwedi. Lo ne lwa dira thata tota. Diphuthego dingwe tse di neng di tlhola di romela R50 ka kgwedi di ile tsa solofetsa go ntsha go tloga go R600 go fitlha go R1 000 kgwedi nngwe le nngwe. Diphuthego tse dinnye tse di neng di se ka di romela sepe di ile tsa solofetsa go ntsha moneelo o o bonalang. Re lebogela ditsholofetso tse lo di dirileng go thusa ka madi ano a a tlhokegang thata. Re a lemoga gore go dira jaaka re solofeditse go ka nna ga nna bokete mo metlheng eno e go a neng go tlhaga sengwe se se sa solofelwang. Lefa go ntse jalo, re kgothaletsa botlhe gore lo nne lo gakologetswe mafoko a Moreri 5:4, 5 fa lo ntse akanya ka ditsholofetso tse lo di dirileng.

15 Lefa o ka tswa o kgona kana o sa kgone go ithaopela go dira mo kagong kana go ntsha moneelo wa madi, rotlhe re ka rapelela gore ditiro tseno tsa go aga di atlege, gore dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo di kgone go atolosiwa mo lefatsheng lotlhe. Ekete Rraarona wa selegodimo a ka dira gore re atlege rotlhe jaaka re ntse re leka go wetsa tiro ya gagwe.

Re tlhoka ka bonako bakaulengwe ba ba ka tlang go thusa go aga jaaka re tlhalositse mo lekwalong la rona la October 15, 1991, le le neng le kwaletswe “Go Diphuthego Tsotlhe.”

Go na le mefuta e mebedi ya bakaulengwe e e tlhokegang:

(1) Bakaulengwe ba ba sa nyalang kana banyalani ba ba senang bana bao ba ka kgonang go thusa ka nako ya fa go agiwa kana le eleng ka lobaka lo lo fetang foo.

(2) Ba ba ithutetseng tiro, jaaka ba ba agang ka setene, ba ba poleiseterang, ba ba dirang ka diphaephe, ba ba dirang ka motlakase, ba ba weletang, bao ba ka kgonang go tla go thusa ka lobaka lwa beke e le nngwe go ya go kgwedi kana le eleng go fitlha go dikgwedi tse tharo, ka nako ya fa ditiro tsa bone di tla bo di tlhokega.

Fa o le mokaulengwe yo o ineetseng ebile o le mo boemong jo bontle le phuthego ya ga Jehofa, ebile o ka kgona go thusa bobotlana ka beke e le nngwe mo kagong, tsweetswee tlatsa karolwana e e kwa tlase ya seno o bo o e romela kwano. Go tswa foo re tla go romelela foromo ya go dira kopo gore o e tlatse.

TIRO YA KAGO YA LEKALA LA AFRIKA BORWA

Bakaulengwe, ba ba nang le dingwaga tse 19 go ya kwa godimo, ba lalediwa go bolela ditiro tse ba di ithutetseng gore di kwalwe mo dikarolong tse di farologaneng tsa ditiro tsa go aga ka go kopa le go tlatsa foromo ya go ithaopa ba bo ba e busetsa kwano. Fa go na le tiro nngwe e o e itseng kana o na le boitemogelo mo go ageng, kana o batla go dira jaaka modiri yo o thusang, tsweetswee tlatsa foromo eno o bo o e romele go CONSTRUCTION DESK, Watch Tower Society, Private Bag 2067, Krugersdorp, 1740. Go tswa foo rona re tla go romelela foromo ya go dira kopo e e tlhalosang kgang ka botlalo gore o e tlatse.

LEINA KA BOTLALO: PHUTHEGO:

ATERESE: Nom. ya MOGALA:

NOMORO YA POSO:

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela