Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi se Tlamela ka Thuto ya Bolegodimo
Bagolwane ba sikere morwalo o o boima thata wa boikarabelo. Go simolola ka 1959, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go nne le “thuto e e kgethegileng ya go thapisetsa balebedi ditiro tsa bone” go ba thusa gore ba tlhokomele tiro e e boima eno eo ba e abetsweng. (jp dits. 292-3; yb77 ts. 14) Ka 1984 batlhanka ba bodihedi ba ne ba lalediwa gore ba nne gone e le lekgetlo la ntlha. Sekolo sa bofelo sa Bodihedi sa Bogosi se ne sa tshwarwa mo ngwageng wa tirelo wa 1988, mme se ne sa solegela ba le masomesome a diketekete molemo.
Fa esale go tloga ka nako eo, go tlhamilwe diphuthego di le makgolokgolo mme ebile bakaulengwe ba le diketekete ba hakilwe jaaka bagolwane le batlhanka ba bodihedi. Ebile gape, go tokafaditswe dilo mo phuthegong. Ka gone, Setlhopha Se Se Laolang se ne sa rulaganyetsa gore bagolwane botlhe le batlhanka ba bodihedi mo phuthegong ba nne gone mo Sekolong seno sa Bodihedi sa Bogosi mo ngwageng ono wa tirelo. Thuto e ntšha e rulaganyeditswe gore boikaelelo jwa yone e nne go tlamela ka dilo tseo di tlhokegang jaanong mo tshimong. Bao ba tla etelelang pele mo go ruteng kwa sekolong ke baemedi go tswa kwa Bethele mmogo le bangwe ba balebedi ba ba etang. Diphuthego tsotlhe di tla bona molemo fa bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba dirisa seo ba se ithutileng kwa sekolong.