LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/91 ts. 8
  • Bobulatsela—Tirelo e e Lereng Maungo a le Mantsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bobulatsela—Tirelo e e Lereng Maungo a le Mantsi
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Eno ke Nako ya go Rera!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • “O ka Nna Mmulatsela yo o Molemo!”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • A o Ka Tsena ka “Kgoro e Kgolo e e Isang Kwa Tirong”?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Masego a Bodiredi Jwa Bobulatsela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 12/91 ts. 8

Bobulatsela—Tirelo e e Lereng Maungo a le Mantsi

1 Jehofa o batla gore re itumele le gore re je monate wa letsapa la tiro ya rona eo re e dirang ka natla. (Mor. 5:18) Tiro e e botlhokwa thata eo re ka nnang le seabe mo go yone ke ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. Paulo o ne a laya Timotheo jaana: “U dihè tihō ea motsamaisa Mahoko a a Molemō, u shwetsè tihèlō ea gago.” (2 Tim. 4:5) Paulo o ne a kgothatsa Timotheo mme ebile mafoko a gagwe a re kgothatsa rotlhe gompieno gore re dire ka moya otlhe mo bodiheding jwa rona. Mo go ba bangwe, go dira ka moya otlhe go ka nna ga akaretsa go direla jaaka mmulatsela wa nako e e tletseng. Ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke ka thapelo go bona gore a maemo a gago a tla go letla gore o tsenele bodihedi jwa nako e e tletseng?

2 Go Tlhokega Gore O Tseye Kgato E E Tlhomameng: Gore re simolole go dira jaaka babulatsela re tshwanetse ra tsaya dikgato tse di tlhomameng tseo di dumalanang le dithapelo tsa rona. Tlhagolela keletso e e tswang pelong ya go rata go direla Jehofa, mmogo le go rata batho ba bangwe. Oketsa tiro ya gago mo tshimong, o oketse maeto a go boela le dithuto tsa Bibela. Leka thata gore o nne le thulaganyo e e mosola e e tla go thusang; boloka tekatekanyo. Senka dikakantsho go tswa mo bagolwaneng le mo babulatseleng. Ngaparela thulaganyo eo o e akanyeditseng ka botlhale ya gore o nne le seabe mo tirong ya go rera. Boikgapo, go dira dilo go ya ka mo o di rulagantseng ka gone, le go iketleetsa tota ke dilo tsa botlhokwa. (1 Bakor. 9:23, 25, 27) Dikgato tseno ke tse dingwe tsa tse di siameng tseo di tserweng ke batho ba ba fetang 528 bao ba ikwadisitseng jaaka babulatsela mo ngwageng o o fetileng wa tirelo.

3 Go itlhomela mekgele eo re ka kgonang go e fitlhelela le go dira ka natla gore re e fitlhelele go tla re thusa gore re kgone go gatela pele mo go rereng jaaka fa re ntse re tokafatsa tsela e re kgonang go dira dilo ka yone. A re ka kgona go tokafatsa diketapele tsa rona fa re tsene mo ntlong nngwe kana mokgwa o re arabang batho ba ba ganetsang ka one? A re dirisa dikgatiso tsotlhe tseo di leng gone ka botlalo? A re tshwara thuto e e gatelang pele ya Bibela? A gone jaanong jaana re ka simolola bobulatsela jo bo thusang re akantse ka gore kgabagare re tsenele jwa nako e e tletseng? Mekgele e tshwanetse go nna e e mosola mme re tshwanetse ra e tlhoma go ya ka mo re ka kgonang go e fitlhelela ka gone. Go fitlhelela mekgele e e ntseng jalo go tla tokafatsa botswerere jwa rona ebile go tla re leretse kgotsofalo e e seng kana ka sepe.—1 Tim. 4:15, 16.

4 Tsela E E Duelang ya Botshelo: Re bona masego a le mantsi thata fa re bula tsela ka boikutlo jo bo siameng le fa re na le keletso ya go gatela pele semoyeng. Re kgona go ikaega thata ka Jehofa. Botswerere jo bogolwane mo go diriseng Lefoko la Modimo bo nna gone ka ntlha ya go le dirisa ka metlha mo bodiheding. Phuthego e tlhotlhelediwa ka tsela e e molemo, ebile ba bangwe ba ka nna ba tlhotlheletsega gore ba nne le seabe se se oketsegileng mo bodiheding ka ntlha ya sekao se re se tlhomang sa go nna tlhaga. Bobulatsela bo ka kgona go re thusa gore re lebe botshelo ka tsela ya semoya ka mo go oketsegileng le gore re berekele go itshireletsa mo go gagamaleleng go bona maemo a selefatshe, dilo tse re di eletsang, le go nna le ditsala tsa selefatshe.

5 Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye. Me ke gōna, rapèlañ Morèna oa thōbō, gore a romè barobi mo thoboñ ea gagwè.” (Math. 9:37, 38) Tsela eo badiri ba tlhokegang ka yone jaanong e kgolo thata go feta ka tsela eo e neng e ntse ka yone mo motlheng wa ga Jesu. Bobulatsela bo re fa tshono ya gore re nne le seabe ka botlalo mo tirong e e potlakileng eno e e bolokang botshelo. Ga go na sepe seo se ka bapisiwang le boitumelo le kgotsofalo tseo motho a nnang natso ka ntlha ya go dirisetsa botshelo jwa gagwe mo tirelong ya nako e e tletseng e leng tirelo eo re direlang Mmopi wa rona yo Mogolo mo go yone.—Dia. 10:22.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela