A o Ka Tsena ka “Kgoro e Kgolo e e Isang Kwa Tirong”?
1. Ke ‘kgoro efe e kgolo e e isang kwa tirong’ e e re bulegetseng?
1 Fa moaposetoloi Paulo a ne a bulelwa “kgoro e kgolo e e isang kwa tirong,” o ne a dirisa sebaka seo ka tlhoafalo go tswelela pele mo tirong ya go rera le fa go ne go na le baganetsi ba le bantsi. (1 Bakor. 16:9) Gompieno baboledi ba Bogosi ba le 642 000 mo lefatsheng lotlhe ba tsene ka kgoro e kgolo ya tiro ka go nna babulatsela ba ka metlha.
2. Ke ka ntlha yang fa go le molemo go sekaseka boemo jwa rona nako le nako?
2 Maemo a a Fetoga: Le fa maemo a rona a gone jaanong a ka kgoreletsa tiro ya rona, maemo a a fetoga. Ka jalo, go molemo gore re sekaseke maemo a rona nako le nako mme re se ka ra emela maemo a a siameng. (Mor. 11:4) A o mosha yo o tla tlogang a fetsa mo sekolong se segolwane? A o motsadi yo bana ba gago ba tla tlogang ba fetsa go tsena sekolo? A o tla tloga o tlogela tiro? Diphetogo tseo di ka dira gore o nne le nako e e oketsegileng mme tsa dira gore o kgone go tsenela tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha. Kgaitsadi mongwe yo pele a neng a na le bothata jwa botsogo o ne a swetsa ka gore a ikwadise go nna mmulatsela a na le dingwaga di le 89. Ka ntlha yang? E re ka a ne a sa robadiwa mo bookelong ka lobaka lo lo fetang ngwaga, o ne a akanya gore botsogo jwa gagwe bo ne bo tla mo letla gore a bule tsela.
3. Batho bangwe ba dirile diphetogo dife e le gore ba tseye bobulatsela jwa ka metlha?
3 Mo kgannyeng ya ga Paulo, la ntlha o ne a ikaeletse go etela bakaulengwe ba gagwe kwa Korintha. Le fa go ntse jalo, o ne a fetola dithulaganyo tsa gagwe ka ntlha ya dikgang tse di molemo. Batho ba le bantsi ba e leng babulatsela ba ka metlha gompieno ba ile ba tshwanela ke go dira diphetogo di le mmalwa gore ba kgone go bula tsela. Bangwe ba dirile gore botshelo jwa bone bo se ka jwa raraana mo e leng gore go tlhokega fela tiro ya nakwana gore ba tle ba kgone go duelela ditshenyegelo di se kae. Ba itumelela tshiamelo ya bone ya tirelo. (1 Tim. 6:6-8) Banyalani bangwe ba dirile diphetogo mo botshelong jwa bone e le gore monna a bereke a le esi fela, mme seno se bulela mosadi sebaka sa go bula tsela.
4. Ke eng se re ka se dirang fa re sa tlhomamisege gore re ka fitlhelela diura tse di batlegang?
4 O se ka wa itlhaganelela gore ga o kitla o kgona go bula tsela ka gonne o boifa gore ga o kitla o kgona go fitlhelela diura tse di batlegang. Go tlhokega fela diura tse di fetang tse pedi ka letsatsi. Fa o sa tlhomamise gore o ka kgona, leka go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka kgwedi e le nngwe kgotsa tse pedi mme o ipeetse mokgele wa go fitlhelela diura di le 70. Seno se tla go thusa go bona melemo ya go bula tsela. (Pes. 34:8) Bua le batho ba gone jaanong ba tsereng bobulatsela. Ba ka ne ba fentse dikgwetlho tse di tshwanang le tsa gago. (Dia. 15:22) Kopa Jehofa gore a segofatse maiteko a gago a go atolosa bodiredi jwa gago.—1 Joh. 5:14.
5. Ke ka ntlha yang fa go nna mmulatsela wa ka metlha e le tiro e e botlhokwa?
5 Tiro e e Botlhokwa: Go nna mmulatsela wa ka metlha go lere masego a le mantsi. Go go thusa go nna le boitumelo jo bogolo fa o aba thata. (Dit. 20:35) Go bula tsela go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go tshwara Lefoko la Modimo la boammaaruri sentle. (2 Tim. 2:15) O tla nna le ditshono tse di oketsegileng tsa go thusiwa ke Jehofa. (Dit. 11:21; Bafil. 4:11-13) Gape go bula tsela go tla go thusa go nna le dinonofo tsa semoya, tse di jaaka boitshoko, mme go tla go thusa go atamalana le Jehofa. (Jak. 4:8) A o ka tsena ka kgoro eno e kgolo ya tiro mme o nne mmulatsela wa ka metlha?