LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/11 ts. 7
  • A o Kile wa Nna Mmulatsela wa ka Metlha?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Kile wa Nna Mmulatsela wa ka Metlha?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ka Tsena ka “Kgoro e Kgolo e e Isang Kwa Tirong”?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Babulatsela Ba Lere le go Amogela Masego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A o Ka Boela mo Mophatong Gape?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • “O ka Nna Mmulatsela yo o Molemo!”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 3/11 ts. 7

A o Kile wa Nna Mmulatsela wa ka Metlha?

1. Batho ba le bantsi ba ile ba nna le tshiamelo efe mme bangwe ba ile ba tlhoka go dira eng?

1 Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, batho ba le bantsi ba ile ba nna le tshiamelo ya go ‘ruta le go bolela dikgang tse di molemo’ e le badiredi ba nako e e tletseng. (Dit. 5:42) Le fa go ntse jalo, bangwe ba ile ba tshwanela ke go tlogela go nna babulatsela ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Fa e le gore o kile wa nna mmulatsela wa ka metlha, a o sekasekile maemo a gago a gone jaanong go bona gore a o ka nna mmulatsela gape?

2. Ke eng fa batho ba ba kileng ba nna babulatsela mo nakong e e fetileng ba tshwanetse go akanyetsa maemo a bone a gone jaanong?

2 Maemo a a Fetoga: Go ka direga gore maemo a a ileng a dira gore o tlogele go nna mmulatsela ga a tlhole a le gone. Ka sekai, fa e le gore o ile wa tlogela bobulatsela ka gonne o ne o sa kgone go fitlhelela diura di le 90 tse di tlhokegang ka kgwedi, ke eng fa o sa bo tseye gape e re ka diura tse di batlegang di fokoditswe go nna di le 70? A maemo a gago a kwa tirong kgotsa maikarabelo a gago a lelapa a fokotsegile fa e sale o tlogela bobulatsela? Kgaitsadi mongwe yo o ileng a tlogela bobulatsela ka ntlha ya mabaka a botsogo o ile a boa a nna mmulatsela gape a le dingwaga di le 89. O ne a ise a ko a ye kwa bookelong nako e e fetang ngwaga mme o ile a lemoga gore botsogo jwa gagwe bo ka mo letla go nna mmulatsela gape!

3. Maloko a lelapa a ka dirisana mmogo jang go thusa mongwe mo lelapeng la bone gore e nne mmulatsela?

3 Gongwe ga o ise o tsamaye o nne mmulatsela mme mongwe mo lelapeng la gago o tlogetse bobulatsela gore a tlhokomele mongwe wa leloko la lelapa, jaaka motsadi yo o godileng. (1 Tim. 5:4, 8) Fa e le gore go ntse jalo, a wena kgotsa ba bangwe mo lelapeng ba ka dira mo go oketsegileng go thusa? Ke eng fa lo sa tlotle ka kgang eno mmogo? (Dia. 15:22) Fa maloko a lelapa a dirisana mmogo gore mongwe wa bone a kgone go nna mmulatsela, botlhe ba ka ikutlwa gore le bone ba na le seabe.

4. Go tweng fa e le gore ga o kgone go nna mmulatsela gape mo nakong eno?

4 O se ka wa kgobega marapo fa e le gore maemo a gago a gone jaanong ga a go letle go simolola go nna mmulatsela gape. Go iketleetsa ga gago go dira jalo go itumedisa Jehofa. (2 Bakor. 8:12) Dirisa bokgoni jo o nnileng le jone fa o ne o le mmulatsela mo bodireding jwa gago gone jaanong. Rapela ka se o eletsang go se dira mme o nne o ntshitse matlho dinameng go bona ditshono tsa go baakanya maemo a gago. (1 Joh. 5:14) Gongwe fa nako e ntse e ile, Jehofa o tla go bulela “kgoro e kgolo e e isang kwa tirong” gore o nne le boitumelo jwa go nna mmulatsela wa ka metlha gape!—1 Bakor. 16:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela