Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ya January le February: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego O ka Di Bona Jang? Ka moneelo wa R2,60. March: Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo e Atametse! Ka moneelo wa R8,00. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ka moneelo wa R17,00. Dipeeletso tsa ngwaga o le mongwe fela tsa ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le dipeeletso tsa dikgwedi di le thataro tsa ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50.
◼ Go simolola ka March 1, puo e ntšha ya phatlalatsa eo e tla bong e neelwa ke balebedi ba potologo e tla bo e na le setlhogo se se reng “Jesu Keresete—Mmusi yo Mosha wa Lefatshe.”
◼ Go dirilwe dithulaganyo tsa gore go tshwarwe dikopano tsotlhe tsa kgaolo ka December 1992 le mo tshimologong a January 1993. Ke tsa kwa Namibia fela tseo di se kitlang di tshwarwa ka nako eo, tsone di tla nna ka September/October. Re tla lo neela dintlha tse di oketsegileng fa fela go setse go tlhomamisitswe gore dikopano tseno di ya go tshwarelwa mo mafelong afe.
◼ Letsatsi la April 11, 1992 le beetswe kwa thoko jaaka letsatsi le le kgethegileng la go tsamaisa dimakasine. Mo dingwageng tse pedi tse di fetileng bakaulengwe ba rona ba le diketekete ba ile ba ipelela go nna le seabe mo go tsamaiseng dimakasine mo malatsing a a kgethegileng. Ke ka ntlha yang fa o sa simolole gone jaanong go rulaganya gore o nne le seabe ka botlalo mo tirong e e kgethegileng eno?
◼ Watchtower e e kwadilweng ka ditlhaka tse dikgolo: Balebedi ba ba okamelang ba tshwanetse ba rulaganya gore go balwe lekwalo la August 10, 1989, le le leng malebana le Watchtower e e kwadilweng ka ditlhaka tse dikgolo. Diotoro tsa yone di boile gape di wela kwa tlase, eleng seo se ka nnang sa dira gore re emise go e gatisa mo lekaleng la Afrika Borwa. A batho botlhe bao e ka nnang ya ba solegela molemo ba itsisitswe ka yone? Tlhalosa ka phepafalo batho ba ba farologaneng bao ba ka nnang ba dirisa paakanyetso eno eo e leng ya bopelonomi eletota jaaka go umakilwe mo lekwalong.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di Leng Gone:
Seesemane: Pampitshana No. 17 e e nang le setlhogo se se reng, “A Peaceful New World—Will It Come?” (Tseno ke dintlha tseo di tshwanang fela le tseo di tlhagang mo go pampitshana No. 15, mme tsone di na le temana e nngwe e e farologaneng gore di tle di tshwanele batho ba Bajuda.) Sepedi: Kgatiso ya 1991 ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola” (Phuthego le batho: R8,50; babulatsela: R5,50). Setsonga: Kgatiso ya 1991 ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola” (Phuthego le batho: R8,50; babulatsela: R5,50).