Dikgang Tsa Bolegodimo
Afrika Borwa: Phuthego ya Molapo kwa Soweto e ne ya itumelela go kgakola Holo ya yone ya Bogosi ka December. Baithaopi ba ba ditswerere ba ne ba thusa mo go ageng lobota lwa Holo e kgolo eno mo mafelobekeng a le mangwe fela. Kwa Port Elizabeth, phuthego ya Westering le yone e ne ya wetsa ya bo ya kgakola Holo ya yone ya Bogosi mo nakong e e tshwanetseng.
Barbados: Batho ba le 5 538 ba ne ba le gone kwa dikopanong tsa kgaolo di le nnè mme go ile ga kolobediwa ba le 83. Palogotlhe ya baboledi ba le 2 987 ba ne ba bega tirelo ya bone ka kgwedi ya August.
Madagascar: Tlhora e ntšha ya baboledi ba le 4 005 ba ne ba bega tirelo ya bone ka kgwedi ya August, mme baboledi ba phuthego ba ne ba dira palogare ya diura di le 14 mo tirelong ya tshimo.
Taiwan: Go ne ga tshwarwa dikopano tsa kgaolo di le pedi ka palo e e tlhakantsweng ya batho ba le 3 817 bao ba neng ba le gone mme go ne ga kolobediwa ba le 67. Ka August, baboledi ba le 1 900 ba ne ba bega tirelo ya bone.