LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/93 ts. 3
  • Dikgang Tsa Bolegodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tsa Bolegodimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 1/93 ts. 3

Dikgang Tsa Bolegodimo

Australia: Go fitlheletswe tlhora e ntšha ya baboledi ba le 57 272 ka August, fa ngwaga wa tirelo o fela ke fa baboledi ba feta tlhora ya bone ya pele ka ba le 1 541. Go begilwe dithuto tsa Bibela di le 31 712 go feta le e leng pele.

Cyprus: Ka August ba fitlheletse tlhora ya bone ya borobedi ya baboledi mo ngwageng wa tirelo, ka ba le 1 433 ba ba neng ba bega. Eno e ne e le koketsego ya 9 lekgolong go feta palogare ya ngogola.

Dominican Republic: Ba le 15 418 ba ne ba bega ka August, ba ile ba fitlhelela koketsego ya 20 lekgolong ya baboledi go feta ngwaga o o fetileng wa tirelo. Baboledi ba ba fetang diperesente di le 20 ba mo tirelong ya nako e e tletseng.

Ghana: Ka August go nnile le koketsego ya 18 lekgolong go feta palogare ya ngogola ya baboledi, ba le 37 676 ba ne ba bega mo tirelong ya tshimo.

Puerto Rico: Go nnile le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 25 315 ba ba neng ba bega ka August.

Afrika Borwa: Fa 1992 e ela go fela go ile ga wediwa Diholo tsa Bogosi tse di latelang: KaNyamazane Central (gaufi le Nelspruit), Katlehong (gaufi le Alberton—holo eno ya matlhatlaganyane a mabedi e ile ya agiwa mo mafelobekeng a le mararo ka October mme e tlile go dirisiwa ke diphuthego di le nne), Meyerton (holo e nngwe e e agilweng ka bofefo), le Cala le Lugangeni kwa Transkei.

Ka ngwaga wa 1992, go ile ga neelwa go Jehofa Diholo tsa Bogosi di le 34. Eno ke palo e e di fetang tsotlhe ya tse di kileng tsa nna mo ngwageng ope fela mo Afrika Borwa. Re lebogela tshegetso ya lona lotlhe e e bopelotshweu mo kgannyeng eno. Ekete re ka tswelela pele re sa reketle mme ra leba kwa go Jehofa mo go tsotlhe tse re di dirang.

Togo: Ka August go fitlheletswe koketsego ya 28 lekgolong ya baboledi go feta palogare ya ngogola. Fa ngwaga wa tirelo o fela ke fa go bega baboledi ba le 7 100. Go ile ga kolobediwa batho ba basha ba le 728 mo ngwageng oo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela