Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Afrika Borwa: Diholo tsa Bogosi tse dingwe tse pedi tse di agilweng ka bofefo di ne tsa kgakolwa, e nngwe e kgakotswe ka March 20 kwa Zola North (kwa Soweto), mme e nngwe ka May 8 kwa Siyathemba (kwa Balfour). Go ne ga kgakolwa Diholo tsa Bogosi di le pedi tse di neng tsa agiwa sesha, e nngwe kwa Strand mme e nngwe kwa Rondebosch, mo mafelobekeng a May 8 le 9. Holo ya Bogosi kwa Kroonstad e ne ya kgakolwa ka Matlhatso, May 8. Re ipelela go bona dikago tseno tse di molemo tse tlhano, tse di dirisiwang ke diphuthego di le supa. Re rata go akgola diphuthego tsotlhe tse 155 tse di nang le sekoloto sa Diholo tsa Bogosi go bo di sa ntse di romela madi a tsone kwa Mokgatlhong ka boikanyegi, re akgola le diphuthego tsotlhe tse di romelelang Mokgatlho moneelo wa Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi.
Benin: Tlhora e ntšha ya baboledi ba le 2 967 e ne ya bega ka February. Fa e bapisiwa le tiro ya bone ya ngwaga o le mongwe o o fetileng, seno se raya gore baboledi ba oketsegile ka 13,8 lekgolong, diura ka 6,1 lekgolong, dimakasine tse di tsamaisitsweng di oketsegile ka 40,6 lekgolong, mme dithuto tsa Bibela ka 25,1 lekgolong.
Zaire: Go sa kgathalesege dikgoberego mo go tsa itsholelo le tsa sepolotiki mo lefatsheng leno, bakaulengwe ba ne ba bega tlhora e ntšha ya baboledi ba le 71 098 ka February. Eo e ne e le koketsego ya 9 lekgolong go feta palogare ya ngogola. Baboledi ba phuthego ba dira palogare ya diura di le 16,8 mongwe le mongwe wa bone mo tirelong ya tshimo. Jaanong jaana Zaire e na le babulatsela ba ka metlha ba le 6 000.