LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/92 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 2/92 ts. 7

Dikitsiso

◼ Mpho ya buka ka February: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R2,60. March: Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! ka moneelo wa R8,00. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R17,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50.

n◼ Mokwaledi le molebedi wa tirelo ba tshwanetse go tlhatlhoba tiro ya babulatsela botlhe ba ka metlha. Fa go na le bape ba ba nang le mathata a go fitlhelela diura tse di tlhokegang, bagolwane ba tshwanetse go rulaganya gore ba ba thuse. Boeletsang lokwalo lwa Mokgatlho (S-201) lwa October 1, 1991, le la October 1, 1990 go bona dikakantsho. Gape bonang dirapa 12-20 tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1986.

◼ Segopotso se tlile go ketekiwa ka Labotlhano, April 17, 1992. Le mororo puo e ka nna ya simololwa pele ga nako, tsweetswee gakologelwang gore senkgwe le beine tsa Segopotso ga di a tshwanela go tsamaisiwa letsatsi le ise le wele. Lo ka botsa mo lefelong la lona gore lo kgone go itse gore letsatsi le wela ka nako mang mo lefelong la lona. Ga go na dipokano dipe tse di tshwanetseng tsa tsharwa mo letsatsing leo kwantle ga pokano ya tirelo ya tshimo.

◼ Puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ka 1992 e tla tla pele ga Segopotso ka April 5, 1992. Setlhogo e tla nna se se reng “Seabe sa Bodumedi mo Mererong ya Lefatshe.” Diphuthego tse di etetsweng ke molebedi wa potologo, tse di nang le kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, kana tse di nang le kopano ya potologo di tla rulaganyetsa go nna le puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ka April 12, 1992. Diphuthego tseo di nnang le Dipokano tsa Botlhe (Public Meetings) mo letsatsing le lengwe mme e se ka Sontaga di ka rulaganyetsa go nna le puo e e kgethegileng ya phatlalatsa mo lobakeng lwa April 6-11.

◼ Baboledi bao ba eletsang go nna babulatsela ba ba thusang ka March le ka April ba tshwanetse go rulaganya jaanong mme ba ise dikopo tsa bone go sale gale. Seno se tla thusa bagolwane gore ba dire dithulaganyo tse di tlhokegang tsa tirelo ya tshimo kana ba rulaganye gore go nne le dibuka tse di lekaneng.

◼ Mokgatlho o tla nna o romela nako le nako dipampitshana tsa (S-70) kwa diphuthegong. Bagolwane ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipampitshana tseno di newa mmoledi yo o nang le boitemogelo yo a tla yang kwa mothong yo o kgatlhegang yoo mo lobakeng lwa beke e le nngwe morago ga foo.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di Leng Gone:

Seburu: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela (Phuthego le batho: R8,00; babulatsela: R5,20); Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? (Phuthego le batho: disente di le 80; babulatsela disente di le 40). Seesemane: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela; Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Segerika: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela; Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Seherero: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Sekwangali: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Sekwanyama: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Sendonga: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Sepedi: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela; Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Sepotokisi: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela; Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Sesotho: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela; Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Setsonga: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela; Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Setswana: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela; Buka ya Kaelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo; Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Sevenda: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela; Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Sexhosa: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela; Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? Sezulu: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela; Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela