Go Tshegetsa Babulatsela
1 Batho ba Modimo ba itsege e le batho ba ba nnang le seabe ka matlhagatlhaga mo bodiheding. Le mororo e se botlhe bao maemo a bone a ba letlang go bula tsela, re tshwanetse go lwela go nna le moya wa bobulatsela, re dire tiro ya rona ka moya otlhe. Re itumelela botlhe ba ba kgonang go tsena mo tirelong ya bobulatsela ebile re ba kgothaletsa gore ba dire jalo.
2 Go simolola bobulatsela le go nna o ntse o le mmulatsela ke namane e tona ya tiro. Babulatsela ba na le seabe se segolo mo tirong ya go rera le go ruta. Seno ba kgona go se dira ka go dira maiteko a magolo le go intsha setlhabelo. Ba bangwe ba ka tshegetsa jang batlhanka ba ba tlhaga bano ba nako e e tletseng le go ba kgothatsa?
3 Se Se ka Dirwang: Babulatsela ba tlhoka go tshegediwa ke bagolwane. Babulatsela ba ka kgothala thata fa ba dira le bagolwane. Bagolwane ba bantsi ba leka go dira le mmulatsela mongwe le mongwe bobotlana gangwe ka ngwaga. Ka tsela eno bagolwane ba kgona go akgola babulatsela ka seo ba se dirang le go ba thusa gore ba gatele pele. Babulatsela ba ka nna ba tlhoka go fetola thulaganyo ya bone gore ba nne le seabe mo tirelong ka nako ya fa bagolwane ba le teng. Bagolwane gape ba tla tlhomamisa gore setlhopha se na le tshimo e e lekaneng. Go ka nna ga rulaganngwa gore go nne le dipokano tse di oketsegileng tsa tirelo ka thapama kana maitseboa gore ba kgone go tsamaisana le dithulaganyo tsa babulatsela. Seno se tla nna jalo segolobogolo mo dikgweding tseno tse go nang le bangwe ba e leng babulatsela ba ba thusang mo go tsone.—Isa. 40:11.
4 Batlhanka ba bodihedi ba mo boemong jo bontle tota jwa go thusa babulatsela ka go ba tshegetsa mo bodiheding le ka go tlhokomela dithulaganyo tsa phuthego ka bonatla. Bokgaitsadi ba babulatsela ba a itumela fa bakaulengwe ba etelela pele mo go rulaganyeng ditlhopha tsa tirelo ya tshimo. Bao ba tlhokomelang dibuka le dimakasine ba ka tlhomamisa gore di teng ka dipalo tse di lekaneng. Babulatsela ba kgona go tlhoma mogopolo wa bone mo bodiheding jwa bone fa dilo tse di ntseng jalo di tlhokomelwa sentle.
5 Mongwe le Mongwe A Ka Thusa: Baboledi ba ka thusa ka go dira ka metlha le babulatsela. Babulatsela ba itumela tota fa ba patiwa le fa ba tshegediwa ke baboledi ba bangwe. Gongwe o ka rulaganya go dira le babulatsela gangwe ka beke kana gabedi mo kgweding. O ka abela babulatsela dilo tse di bonalang, mme babulatsela ba itumelela bopelotshweu jono fela thata.—Bafil. 4:14-19.
6 Malapa a ka dira go le gontsi go thusa maloko a one a e leng babulatsela. Gantsi, ditiro tsa mo legaeng di ka rulaganngwa sesha gore leloko le lengwe kana maloko a a oketsegileng a lelapa a kgone go bula tsela. Kgaitsadi mongwe yo o nang le bana ba bararo o dira malatsi a mabedi mo bekeng. Bomorwawe ba thusa ka go ya go reka dilwana le go dira tiro ya mo legaeng. Morwadie o thusa ka go phepafatsa le go apaya. O ile a simolola go bula tsela fa a sale a fetsa sekolo, a dira ka malatsi a mmaagwe a sa direng ka one. Tirisanommogo e e ntseng jalo mo lelapeng e thusa gore go nne le babulatsela ba ba oketsegileng ebile e leretse malapa masego.
7 Babulatsela ba ba dirang ka bonatla ba solegela phuthego molemo ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng. Botlhaga jwa bone le sekao se ba se tlhomang di kgothatsa ba bantsi gore ba dire ka mo go oketsegileng mo tirelong. Eleruri re tshwanetse go eletsa go dira bojotlhe jwa rona go ba tshegetsa. Maiteko a a ntseng jalo a a tshwaraganetsweng a itumedisa botlhe ebile a dira gore Jehofa a bakwe.