Baakanyetsang Diketapele Tse lo Tla di Dirisang ka February
1 Ka February re tla bo re tsamaisa buka ya Kagiso ya Boammaaruri. Buka e e molemo eno e ka dirisiwa go bolela mafoko a a molemo ka ditsela tse di farologaneng. Ga go na pelaelo gore o tlile go fitlhela go le bonolo go ithuta le go dirisa e le nngwe kana tsotlhe fela tsa diketapele tse di latelang tse di akantshitsweng.
2 Lefatshe—Legae la Motho la Goyagoile: Fa o batla go simolola motlotlo le batho ba ba tshwenyegileng thata ka lefatshe le tikologo ya lone, leka setlhogo se se reng “Lefatshe le Tlile go Nnela Ruri Jaaka Legae la Motho.” Setlhogo seno se ka fetofetolwa go goga tlhokomelo ya batho ba ba ratang malapa a bone, ba ba ratang tlholego, le ba ba ratang tikologo le dilo tse di mo go yone. Lokwalo lo o ka lo dirisang ke Moreri 1:4. Morago ga foo o ka nna wa rata go dira gore mong wa ntlo a lebe serapa 1 le sa 7 mo ditsebeng 94-5 mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri.
3 O ka nna wa bolela jaana fa o sena go ipolela gore o mang:
◼ “Ke go etetse ka bokhutshwane go tla go tlotla le wena ka kgang nngwe e e re tshwenyang ka bontsi. Lefatshe ke legae la rona, mme kwantle ga pelaelo le wena o tshwenyegile ka tsela e le senngwang ka yone. Borasaense le ba ba ithutang ka tikologo ba ntse ba re tlhagisa ka gore fa lefatshe le ka nna la tswelela le ntse le kgotlelwa jaana ga go na ope yo o tla tlholang a kgona go nna mo go lone. A go na le tsela e o bonang bothata jono bo ka rarabololwa ka yone? [Ema go le gonnye gore mong wa ntlo a arabe fa a eletsa jalo.] Ke batla go go bontsha ka bokhutshwane mo go Moreri 1:4 gore Bibela e bolela eng kaga se se tla diragalelang lefatshe leno mo isagweng.” Bala temana eno, mme o mmontshe dikakgelo tse di mo serapeng sa 9 le sa 11 mo ditsebeng 96-7 tsa buka ya Kagiso ya Boammaaruri.
4 Boikepo Bo Tlile go Nyelediwa: Gore o ikuele mo bathong ba ba amegileng thata ka bokebekwa, thubakanyo, le ntwa, o ka nna wa rata go tlotla ka setlhogo se se reng “Boikepo Bo Tlile go Nyelediwa Gore Batho Ba Ba Ratang Modimo ba Itumelele Botshelo le Kagiso.” Pesalema 37:9-11 e gatelela ntlha eno, mme e tlhalosiwa mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri, mo ditsebeng 86-7, dirapa 1-3.
5 O ka nna wa bolela jaana fa o sena go ikitsise ka tsela ya tlwaelo:
◼ “A o akanya gore go tla tla nako e re tla bong re sa tshwenngwe ke bokebekwa le thubakanyo ka yone? [Letla mong wa ntlo gore a arabe.] Bibela e re bolelela ka tharabololo nngwe e e tla fedisetsang seno ruri mo go Pesalema 37:9-11.” Bala temana mme o bo o phetla ditsebe 86-7 mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri o bo o bala dikarolo tse o di tlhophileng go tswa go dirapa 1-3.
6 Go Solofela Gore Baswi Ba Tla Tsoga: Ereka mongwe le mongwe ka nako nngwe a kile a swelwa ke motho mongwe yo a mo ratang, go ka gomotsa tota go simolola motlotlo ka setlhogo se se reng “Puso ya Bogosi E Tlile go Tsosa Ba Ba Suleng Go Tla go Tshela mo Maemong a Paradaise.” O ka dirisa Yohane 5:28, 29 kana Ditihō 24:15 mme o mmontshe dikakgelo tse di mabapi le setlhogo seo le lokwalo loo tse di bonwang mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri, mo ditsebeng 102-5, dirapa 20-4.
7 O ka nna wa simolola motlotlo wa gago ka ketapele ya boraro e e mo tsebeng 14 ya buka ya “Go Fetolana” o bo o bolela jaana:
◼ “Ba le bantsi ba rona gantsi re rata go nna re akanya nako le nako ka batho ba rona ba re ba ratang ba ba suleng. Mme a o akanya gore re ka nna ra ba bona gape? [Naya mong wa ntlo tshono ya go ntsha maikutlo a gagwe.] Batho ba bantsi ba re ntseng re bua le bone ba a gakgamala fa ba utlwa gore Lefoko la Modimo le ile la nna la solofetsa gore selo seno se re se lebeletseng se tlile go diragala gone mono mo lefatsheng. Ela tlhoko tsholofetso ya Bibela mo go . . . ” Dirisa Yohane 5:28, 29 kana Ditihō 24:15, o bo o tshwaraganya dikakgelo tsa gago le dirapa 20-4 tse di mo ditsebeng 102-5 tsa buka ya Kagiso ya Boammaaruri.
8 Ipaakanye o bo o dirise e le nngwe ya dikakgelo tseno kana o di dirise tsotlhe mo kgweding eno. Ga go kake ga nna bokete go bona ditsopolo le ditshwantsho tse di tshwanetseng mo dibukeng dipe fela tse o di dirisang. Fa motho a sa kgatlhege go le kalo, mo neye pampitshana e e bolelang ka setlhogo se lo buang ka sone.