Go Simolola Motlotlo ka Nako Ya fa O Boela
1 Leka go bua o ikaegile ka se lo neng lwa bua ka sone mo nakong e e fetileng, fa o batla go atlega go simolola motlotlo le motho mongwe yo a neng a kgatlhega fa o ne o mo etetse la ntlha. Boikaelelo ke go thusa motho go lemoga gore dikgopolo tse lo tlotlileng ka tsone le dibuka tse o di mo tlogeletseng di botlhokwa.
2 Tsaya nako o ipaakanyetsa go dira loeto lwa go boela. Tlhopha dikakgelo tse di kgatlhang tse di leng mo kgatisong e o e tsamaisang. Leka go akanya gore o ka tlotla ka tshedimosetso e e kana kang le gore o ka nna le ene lobaka lo lo kana kang. Mo makgetlong a mantsi go tlotla ka bokhutshwane ka ntlha e le nngwe kana tse pedi go molemo thata kwantle ga fa kgatlhego e feta ya ka gale. Ela tlhoko ditlhogo tse di latelang:
3 Re ka lebelela gore maemo a tlile go fetolwa gore a nne jang mo isagweng fa e le gore le tlile go nna legae la motho la goyagoile? Motlotlo ono o thailwe mo go Tshenolō 11:18 le Isaia 35:1, 2, jaaka di tlhalosiwa ebile di tshwantshitswe mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri mo ditsebeng 97-8.
O ka simolola motlotlo ka go bolela jaana:
◼ “Fa ke ne ke go etetse mo nakong e e fetileng, re ne ra tlotla ka gore boikaelelo jwa Modimo ke gore lefatshe leno le nnele ruri. Mme ke ne ka go tlogelela potso nngwe gore o nne o akanye ka yone: Maemo a tshwanetse go nna jang ka nako eo? Ke itumeletse go bo ke boile gape le go tla go tlotla ka bokhutshwane malebana le kafa Bibela e arabang seno ka teng.”
4 Seo re tshwanetseng go se dira gore re kgone go itumelela botshelo mo Bogosing jwa Modimo. Go ka tlotliwa ka setlhogo seno go dirisiwa Duteronome 30:15, 16, 19 le Yohane 4:23, jaaka di tlhalosiwa mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri mo tsebeng 93.
O ka simolola ka go bolela jaana:
◼ “Ke ne ka itumelela tsela e re neng ra tlotla ka yone kaga tsholofetso ya Modimo ya gore o tlile go nyeletsa boikepo. [Kopa motho yoo gore a ye go tsaya buka ya gagwe ya Kagiso ya Boammaaruri.] Potso e e tshwanetseng go tshwenya mongwe le mongwe wa rona ke e e reng, Re ka dira eng gore re tle re solegelwe molemo fa dilo di tla bo di fetolwa ka tsela eno? Ela tlhoko seo Jesu a neng a se bolela mo go Yohane 4:23, jaaka se tsopotswe mo bukeng ya gagwe mo tsebeng 93.”
5 Ke dilo dife tse re di tlhokang tse re tlileng go di bona mo lefatsheng la Paradaise? O ka dirisa Pesalema 67:6, 7 le 72:16 kana Mika 4:3, 4 le Isaia 65:21, 22. Go na le dikakgelo dingwe tse di siameng tse di dirwang mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri mo ditsebeng 97-100.
O ka nna wa simolola ka mafoko a a reng:
◼ “Fa ke ne ke le fano [bolela letsatsi], re ne ra kgona go itse se Modimo o se solofetsang ka Morwawe gore o tla tsosa mo baswing batho ba re ba ratang ba ba suleng a ba tsosetsa mo lefatsheng la Paradaise. Ke masego afe a mangwe a a tlileng go nna teng ka nako eo? Buka ya gago e supa ka Dikwalo gore mangwe a one e tla nna afe.” O ikaegile ka ditshupiso tse di fa godimo, bala temana e le nngwe kana tse pedi tsa tse di umakilweng mo Bibeleng le dikakgelo go tswa mo bukeng, gongwe o ka bala dirapa 11, 15 le 16 mo ditsebeng 97-100.
6 Batho ba le bantsi ba ile ba supa fa ba kgatlhegela molaetsa o re o rerang wa Bogosi. Ba le bantsinyana ba ne ba itseela dibuka tsa rona. Mo makgetlong a mangwe, re ne ra lemoga fa motlotlo wa rona wa Dikwalo wa kwa tshimologong o ne wa itumelelwa thata. Ka gone, boela kwa bathong botlhe ba ba supileng fa ba kgatlhega, mme o leke go ba ruta boammaaruri.—Math. 10:11; 28:19, 20; Yoh. 21:17; Tshen. 22:17.