Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ka March: Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo e Atametse! ka moneelo wa R8,00. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R17,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50. June: Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R4,00.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhomilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka March 1 kana ka bonako fela ka moo go ka kgonegang ka gone morago ga moo. Dira kitsiso e e yang mo phuthegong ka nako ya fa seno se setse se dirilwe.
◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go otora 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses mo diotorong tsa tsone tsa dibuka tsa March. Yearbook e tla nna gone ka Seesemane, Sejeremane, Segerika, Seitadiana, le Sepotokisi. Di-Yearbook ke dilwana tsa setoko tse di laolwang mme sekoloto sa tsone sa R2,80 e le nngwe se tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka. Babulatsela bao ba nang le dikgwedi tse di fetang di le thataro ba ntse ba bula tsela ba ka nna ba amogela kopi ya mahala tseo phuthego e ka nnang ya kopa phokoletso ya tsone. Babulatsela ba ka nna ba ikamogelela dikopi tse di oketsegileng ka R1,40 e le nngwe.