LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/92 ts. 3
  • Itsiseng ba Bangwe ka Ditiro Tsa ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itsiseng ba Bangwe ka Ditiro Tsa ga Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batlega Babulatsela ba ba Thusang ba le 10 000—A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang Ka March? April? May?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Mokgele o o Molemolemo wa Ngwaga o Mosha wa Tirelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Bolela Dinonofo Tse di Molemolemo Tsa ga Jehofa Gongwe le Gongwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela yo o Thusang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 3/92 ts. 3

Itsiseng ba Bangwe ka Ditiro Tsa ga Jehofa

1 “Kakanyañ ditihōtihō tsa gagwè mo dichabeñ, umakañ, go re, leina ya gagwè le goletsegile . . . , gonne o dihile dilō tse di gaisañ.” (Isa. 12:4, 5) O arabela jang mafoko a a kgothatsang ano? Ka nako ya fa re akanya kaga kafa Jehofa a dirisanang le rona ka gone jaaka setlhopa le go dirisana le rona motho ka bongwe, a ga re tlhotlheletsege mo dipelong tsa rona gore re bolelele ba bangwe ka ene? Dingwaga di le 73 tse di fetileng, Jehofa o ne a golola batho ba gagwe mo botshwarong jwa Babelona. Kobamelo ya boammaaruri e ile ya tlhomama ka tsela e e nonofileng fa esale go tloga ka 1919 mme jaanong e anametse mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Jehofa o dirile dilo tseno go ya bokgakaleng joo re neng re sa bo solofela. Wena ka namana o anaanela kaelo ya Modimo, tshireletso, le tshegofatso ya gagwe ka tsela e e boteng go le kana kang? A o ka dira ka mo go oketsegileng gore o itsise ba bangwe ka ditiro tsa gagwe le go goletsa leina la gagwe?

2 Setlha sa Segopotso se re gakolola ka tiro eo Modimo o e dirileng eo re tla e mo lebogelang ka bosakhutleng. Kgwedi ya April e tla bo segolobogolo e le nako e e tshwanetseng ya go bontsha Jehofa gore re lebogela le go anaanela seo a se re diretseng ka go ikwadisa jaaka babulatsela ba ba thusang. Gape, fa o nna mmulatsela yo o thusang ka nako ya fa lo etetswe ke molebedi wa potologo, go thusiwa le go kgothadiwa ke ene mo bodiheding go tla go solegela molemo fela thata.

3 Gantsi dithulaganyo tseo di dirilweng di a atlega ka nako ya fa setlhopa sa baboledi se ikwadisa jaaka babulatsela ba ba thusang. Go ka dirwa thulaganyo e e molemo e le gore mongwe le mongwe a tle a nne le yoo a berekang nae, ebile bokgaitsadi bao ba nang le bana ba bannye ba ka rulaganya dilo gore ba tle ba thusane. Ba le bantsi ba fitlhetse e le gore ga go thata go le kalo go fitlhelela diura di le 60 tse di batlegang fa ba rulagantse dilo ka tsela e e molemo. Seno se kaya go senya palogare ya diura di le 2 fela ka letsatsi kana di le 15 ka beke mo bodiheding. Babulatsela bangwe ba ba thusang ba neela bosupi ura kana di le pedi pele ga tiro ya bone ya boitshediso kana morago ga yone ebile ba na le dinako tse dileele tseo ba di senyang mo tirelong mo mafelobekeng.

4 Le e leng fa o sa kgone go nna mmulatsela yo o thusang, o ka nna wa kgona go oketsa tiro ya gago eo o e dirang mo tirelong ya tshimo. Gape, o tla bo o kgothatsa ba bangwe ka go ba thusa ka sepalangwa kana ka go bereka le ba bangwe bao e leng babulatsela. E ka tswa e le eng fela seo re ka kgonang go se dira gore re itsise ba bangwe ka leina la ga Jehofa le ditiro tsa gagwe ga se kitla se tlhoka go lemogiwa ke Modimo wa rona yo o anaanelang fela thata.—Mal. 3:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela