Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ka April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R17,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50. June: Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R4,00. July: Nngwe fela ya diboroutšhara tse di latelang: Itumelele Botshelo mo Lefatsheng Ka Bosakhutleng!, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” A O Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, kana Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise ka moneelo wa disente tse 80 e le nngwe. ELANG SENO TLHOKO: Diphuthego tseo gone jaanong jaana di iseng di otore dilwana tsa letsholo la tshimo tseo di umakilweng fa godimo di tshwanetse tsa dira jalo mo foromong ya tsone e e latelang eleng foromo ya kgwedi le kgwedi ya “Literature Order” (S-AB-14).
◼ Molebedi yo o okamelang o tshwanetse a tlhomamisa gore dithulaganyo tsotlhe tsa moletlo wa Segopotso di siame. Tseno di akaretsa go abela batlhokomedi le bao ba tsamaisang ditshwantshetso ditiro tseo ba tlileng go di dira mmogo le go dirwa ga senkgwe se se sa bedisiwang, beine e khibidu, digalase, le tse dingwe.—Bona lenaane la dilo tseno tseo di tshwanetseng tsa baakanngwa mo tokololong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March.
◼ Kwa Segopotsong, batlhokomedi ba tshwanetse gore ba nne podimatseba gore ba dumedise batho ba basha le bao ba sa kopaneleng ka metlha. Lekang ka natla gore lo bone maina le diaterese tsa bao gongwe ba tlhokang mongwe yo o ka ba tshwarelang thuto ya legae ya Bibela. Tshedimosetso eno e tshwanetse ya neelwa molebedi wa tirelo.
◼ Go boditswe dipotso tseo di leng malebana le gore a ekane puo ya phitlho e ka simololwa ka pina le thapelo. Kaelo ya bosheng jaana eo re e amogetseng go tswa kwa Brooklyn e bontsha gore go ntse go siame fela gore dipuo tsa phitlho di simololwe ka pina le thapelo.
◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go otora dibolumo tsa ngwaga wa 1991 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Dibolumo tseno di tla nna gone ka puo ya Seesemane, Segerika, Setadiana, le ka Sepotokisi. Lo se ka lwa romela tuelo ya tsone le diotoro fa e le gore phuthego ya lona e na le akhaonto ya dibuka le Mokgatlho. Sekoloto sa tsone se tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka ya phuthego ya lona. Go fitlhela dibolumo tseno di nna gone le go romelwa, di tla tlhagelela mo lenaanethekong la phuthego jaaka dilwana tsa “Will Send Later.” Diphuthego tseo di nang le ditlhaelo tsa madi mo diakhaontong tsa tsone tsa dibuka di tshwanetse tsa romela madi le diotoro. Dibolumo ke dilwana tsa setoko tseo di laolwang mme tlhwatlhwa ya tsone e tla nna R17,00 e le nngwe phuthego, bao eseng babulatsela, le babulatsela.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tseo Di Leng Gone:
Searabia: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka Go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?; Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Setšhaena: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka Go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?; Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Se-Dutch: Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Sefora: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka Go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?; Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Sejeremane: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka Go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?; Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Se-Hungary: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka Go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?; Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Setadiana: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka Go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?; Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Se-Poland: Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka Go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?; Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Seshona: Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Se-Spain: Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.
◼ Dikhasete Tse Disha Tseo Di Leng Gone:
Se-Xhosa: Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela (sete ya dikhasete di le mo tlhano alebamong; phuthego le batho: R30,00; babulatsela: R26,00).
◼ Tseo Di Sa Tlholeng Di Le Gone mo Afrika Borwa:
Seesemane: Faele ya dimakasine tsa Tsogang!; faele ya dimakasine tsa Tora ya Tebelo; Watch Tower Publications Index 1986-1989.