Dikgang Tsa Bolegodimo
Afrika Borwa: Ke selo se se kgothatsang eletota go itse gore mo masimologong a ngwaga eno, go agiwa ga Diholo tsa Bogosi di le 25 go ne go setse go ntse go gatetse pele fela thata. Gape, diphuthego tse dingwe di le mmalwa di tlhabolola diholo tsa tsone. Re kgothatsa botlhe bao ba tshwaraganeng le go aga Holo ya Bogosi gore ba tswelele pele ba ntse ba bereka ba sa kgaotse.
◼ Mo kgweding ya January le February 1992, bagolwane ba le 3 971 le batlhanka ba bodihedi ba le 3 637 ba ne ba tshwarelwa dithuto tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi. Dithuto tseno di ne tsa tshwarwa ka tsela e e molemo tsotlhe mme go na le ba le bantsi bao ba ileng ba bontsha gore ba anaanela khoso eno thata. Bagolwane ba ne ba anaanela segolobogolo buka e e boeleditsweng ya thuto ya Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi. Mokgatlho o batla go leboga bagolwane botlhe le batlhanka ba bodihedi o ba lebogela meneelo ya madi eo ba e ntshitseng ka bopelotshweu ba e ntshetsa tiro ya Bogosi.
St. Lucia: E ne ya fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi ba le 481 mo kgweding ya November.
Tahiti: E ne ya fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 366 mo kgweding ya November e le koketsego ya 10 lekgolong.
Thailand: E ne ya bega Tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 232 mo kgweding ya November, se e leng koketsego ya 6 lekgolong e e fetang ya yone kgwedi eno mo ngwageng e e fetileng.
Zaire: Go ne ga tsoga dikhuduego le go thukhutha mo metseng e le mentsi mo kgweding ya October 1991. Mme lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba tshwaregile ka go rera mafoko a a molemo go sa kgathalesege mathata a tsa itsholelo. Kwa Kinshasa, go ne ga dirwa thulaganyo ya gore bakaulengwe ba rona ba thusiwe ka bonakonako ka dijo; ba anaanetse thulaganyo eno fela thata.