Dikgang Tsa Bolegodimo
Korea: Go ile ga fitlhelelwa tlhora e ntšha ya baboledi ba le 68 310 ka January. Diphuthego di le supa di ile tsa bega gore baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ne ba le mo mofuteng mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng. Phuthego nngwe e begile babulatsela ba ka metlha ba le 12, babulatsela ba ba thusang ba le 15, mme go sena baboledi ba phuthego.
Nigeria: Pego ya ka January e bontshitse tlhora e ntšha ya baboledi ba le 156 001, eo eleng koketsego ya 7 lekgolong go feta palogare ya ngogola.