Go Sireletsa Bana ba Lona mo Tirisong ya Madi E e Sa Tshwanelang
1 “Bōna, bana ke boshwa yoa ga Yehofa.” (Pes. 127:3) Fa lo na le boswa jo bo ntseng jalo jo bo tlhwatlhwakgolo jo bo tswang kwa go Jehofa, jaaka batsadi, lo na le boikarabelo jo bo itumedisang jwa go katisa bana ba lona, go ba tlhokomela, le go ba sireletsa, le mororo e le jo bo boima. Ka sekai, a lo ile lwa tsaya kgato nngwe le nngwe e e tlhokafalang go sireletsa bana ba lona ba babotlana gore ba se ka ba tshelwa madi? Bana ba lona ba tla dira jang fa ba lebane ke go tshelwa madi? A lo ile lwa buisana ka seo lo ka nnang lwa se dira jaaka lelapa gore lo tle lo lwantshane ka katlego le seemo sa tshoganetso se mo go sone lo patelediwang go tshelwa madi?
2 Fa lo baakanyetsa lelapa la lona maemo a a ntseng jalo ga go tlhokege gore a lo bakele tlhobaelo kana kgatelelo e kgolo. Lo ka se bone go sa le pele sengwe le sengwe se se ka diregang mo botshelong mme lo bo lo setse lo se ipaakanyetsa, mme lefa go ntse jalo go na le dilo di le dintsi tse lona batsadi lo ka di dirang go sa le gale go sireletsa bana ba lona gore ba seka ba tshelwa madi. Fa lo itlhokomolosa maikarabelo ano go ka nna ga felela ka gore ngwana wa lona a tshelwe madi fa a alafiwa. Ke eng se se ka dirwang?
3 Go Tlhokega Tumelo E E Nonofileng: O tshwanetse go akanyetsa ka masisi kafa tumelo ya gago e nonofileng ka gone mabapi le molao wa Modimo ka madi. A o ruta bana ba gago go utlwa Jehofa mo kgannyeng eno, fela jaaka o ba ruta molao wa gagwe o o malebana le boikanyegi, boitsholo, boitlhaodi, le dikarolo tse dingwe tsa botshelo? A eleruri re ikutlwa jaaka molao wa Modimo o ne o laela jaana mo go Duteronome 12:23: “U itisè, u se ka ua ya madi”? Temana ya 25 e oketsa jaana: “U se ka ua a ya; gore go tlè go eè sentlè nau, le bana ba gago moragō ga gago, mogañ u dihañ se se molemō mo matlhoñ a ga Yehofa.” Ngaka e ka nna ya bolela gore madi a tla ‘dira gore dilo di tsamaye ka thelelo’ ka ngwana wa gago yo o lwalang, mme lefa go ntse jalo o tshwanetse wa fetsa mogopolo gore wena le bana ba gago ga lo kitla lo tshelwa madi pele maemo a tshoganetso a tla, o leba kamano ya gago le Jehofa jaaka e e botlhokwa go gaisa go lelefatsa botshelo gope fela mo go ka bolelwang ka go roba molao wa gagwe wa bomodimo. Ke kgang e e amang go amogelwa ke Modimo gone jaanong le botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng!
4 Ee, Basupi ba ga Jehofa ba tsaya botshelo bo le botlhokwa. Ga ba eletse go swa. Ba batla go tshela gore ba tle ba galaletse Jehofa le go dira thato ya gagwe. Leo ke lengwe la mabaka a go bo ba ya dipateleng le go isa bana ba bone gore ba alafiwe. Ba kopa dingaka gore di ba alafe, mme fa ba bolelelwa gore madi ke one tsela e e tlhokegang ya go alafa kana gore ke e e bontshitsweng ke ba bongaka, ba kopa gore go dirisiwe mekgwa e mengwe ya kalafi e e sa diriseng madi. Go na le ditsela di le dintsi tse di ka dirisiwang kwantle ga madi. Dingaka tse di nang le kitso di a di dirisa. Mekgwa eo e mengwe ya kalafi ga se e e itirelwang fela mme lefa go ntse jalo e alafa sentle tota ebile e na le ditsela tse di latelwang tse di tshegediwang ke dipampiri tsa kalafi tsa maemo a a kwa godimo. Diketekete tsa dingaka go dikologa lefatshe di dirisana mmogo le rona fa di re neela kalafi e e siameng kwantle ga go dirisa madi, le mororo ka dinako tse dingwe go sa ntse go na le bothata jwa go sa itse gore dingaka tse di ka alafang bana ba Basupi kwantle ga go dirisa madi di ka bonwa kae.
5 Go Batla Ngaka E E Ka Dirisanang Mmogo le Batho: Dingaka di amegile ka dilo di le dintsi fa di alafa balwetsi, mme fa o ba kopa go alafa ngwana wa gago kwantle ga madi, seno se oketsa kgwetlho ya bone. Dingaka tse dingwe di ka dumela go alafa bagolo e le ka go tlotla se bone ba se ratang malebana le madi fa fela dipampiri tse di ba gololang tse di amogelesegang di tladitswe sentle. Ba bangwe ka mo go tshwanang ba ka nna ba dumela go alafa bana ba bannye bao ba itshupileng ba godilenyana, ereka dikgotlatshekelo tse dingwe di lemogile gore bana ba ba godileng ba na le tshwanelo ya go ka itlhophela kalafi. (Bona Tora ya Tebelo, ya June 15, 1991, ditsebe 16-17, e e tlhalosang gore fa go twe ngwana yo o godileng go buiwa ka eng.) Lefa go ntse jalo, dingaka di ka nna tsa gana go alafa bana ba bannye, segolobogolo masea, fa e le gore ga ba dumelelwe gore ba ba tshele madi. Ebile tota, ke dingaka disekaenyana fela tse di ka go tlhomamisetsang ka botlalo gore ga di ka ke tsa dirisa madi lefa e le kafa tlase ga maemo ape fa di alafa ngwana. Ka ntlha ya mabaka a kalafi le a semolao, dingaka di le dintsi di ikutlwa di ka se ka tsa kgona go tlhomamisa jalo. Lefa go ntse jalo, palo e e ntseng e oketsega ya bone e batla go alafa bana ba Basupi ba ga Jehofa mme ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tlotla dikeletso tsa rona malebana le madi.
6 Ka ntlha ya seno, go tweng fa e le gore mo go batleleng ngwana wa gago ngaka e e tshwanetseng, o bona e nngwe e e itsegeng ka go dirisana mmogo sentle le Basupi ba ga Jehofa ebile mo nakong e e fetileng e ileng ya dirisa mokgwa o o tshwanang le oo wa go sa tshele madi mo Basuping ba bangwe, lefa go le jalo e ikutlwa gore molao ga o e letlelele go go tlhomamisetsa ka mo go feletseng gore madi a ka se dirisiwe? Lefa go ntse jalo, e go tlhomamisetsa gore e akanya gore le mo nakong eno ga go ka ke ga nna le mathata. O ka nna wa swetsa ka gore o tlhopha yone. Kafa tlase ga maemo ano o ka nna wa swetsa ka gore o ka e naya tetla ya go tswelela pele e alafa. Lefa go ntse jalo, e phepafaletse sentle gore seno ga se reye gore fa o mo neile tetla ya go alafa ngwana wa gago go raya gore o mo naya le ya go mo tshela madi. Go tsaya tsela eno e tla nna boikarabelo jo o tla bo sikarang ka tsela e go tla se keng go nne jaaka ekete tshwetso ya gago ke ya motho a ineela fela.
7 Ke boammaaruri gore, fa o ne o ka bona kalafi e nngwe e e botoka e e neng e ka fokotsa kana e e senang bothata jwa go dirisa madi gotlhelele, he go bonala o ne o ka dirisa one mokgwa oo o o seng kotsi thata. Go ka lebelelwa gore o dire boiteko jo bogolo thata jwa go batla ngaka kana ngaka e e arang e e tla go tlhomamisetsang go gaisa tse dingwe tsotlhe fa e dumela gore ga e kitla e dirisa madi. Gore o nne o sireletsegile ke gore o lebelele gore mathata a ka nna a tsoga. Dira boiteko jotlhe jwa gore o batle ngaka e e dirisanang mmogo sentle le batho go sa le gale. Leka go ikgaoganya le dingaka le dipatela tse di senang tirisanommogo ka mo go ka kgonegang ka teng.
8 Mo mafatsheng a mangwe lebaka le lengwe le le ka dirang gore o tshelwe madi kana o se ka wa a tshelwa ke tsela e kalafi ya sepatela e duelwang ka yone. Fa batsadi ba na le inshorense ya botsogo kana e nngwe ya pabalesego e e tla ba dumelelang gore ba batle ngaka e ba e ratang, go ka nna motlhofo gore bana ba se ka ba isiwa kwa dingakeng kana kwa badiring ba sepatela ba ba senang tirisanommogo. Gantsi madi a lelapa le a duelang a a lekaneng a tlhomamisa gore le tla amogela mofuta ofe wa tirelo le tirisanommogo go tswa mo dingakeng le mo dipateleng. Gape, gore ngaka kana sepatela se dumele go amogela ngwana gantsi go tla ikaega ka gore a batsadi ba kgona go duelela kalafi. Mme bommè ba ba itsholofetseng, go botlhokwa gore ba tlhokomele botsogo jwa bone fa ba santse ba le baimana! Seno se ka thusa go thibela pelegi ya pele ga nako le malwetse a a amanang le seo, ereka ka dinako tse dintsi kalafi e e tlhokegang ya masea a a belegweng pele ga nako le mathata a bone e akaretsa madi.
9 Ka dinako tse dingwe dingaka di ngongoregela gore Basupi ba ga Jehofa ga ba tlotle ka maikutlo a bone mabapi le madi go fitlhelela ka motsotso wa bofelo. Seno ga se a tshwanela go diragala. Sengwe sa dilo tsa ntlha se batsadi ba Basupi ba tshwanetseng go se dira fa ba ya kwa sepateleng kana fa ba batla thuso ya ngaka ke gore ba tlotle ka boemo jwa bone malebana le madi. Fa e le gore go a ariwa, kopa gore o kopane pele le ngaka e e idibatsang. Ngaka eno e e arang e ka nna ya go thusa go dira seno. Diforomo tsa go amogela molwetsi di tshwanetse tsa tlhatlhobiwa ka kelotlhoko. O na le tshwanelo ya go phimola sepe se o sa dumalaneng le sone. Gore ba se ka ba belaela, kwala ka mokwalo o o bonalang mo foromong ya go amogela molwetsi gore ga o batle madi gotlhelele go sa kgathalesege maemo, ka ntlha ya mabaka a bodumedi le a botsogo.
10 Thuso E E Tswang mo Phuthegong ya ga Jehofa: Ke dipaakanyetso dife tse phuthego ya ga Jehofa e di dirileng go go thusa go sireletsa bana ba gago gore ba se ka ba tshelwa madi? Di dintsi fela thata. Mokgatlho o gatisitse dikgatiso tse dintsi gore di re rute malebana le madi le ka mekgwa e mengwe e e sa diriseng madi. O ithutile mo boroutšhareng jwa Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? le dikgatiso tse dingwe ka kgang eno. Ebile o na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago mo phuthegong ya lona ba ba ka go thusang fela thata le go go tshegetsa. Fa ba go tsentse mo tsietsing, bagolwane ba ka nna ba bona go thusa gore ba rulaganye batho ba ba tla bong ba tlhokometse kwa sepateleng ka diura di le 24, mme segolo jang fa e ka nna mogolwane a na le motsadi wa molwetsi kana leloko le lengwe la lelapa le le atamelaneng thata. Gantsi molwetsi o tshelwa madi fa balosika le ditsala ba ile gae go ya go robala.
11 Fela jaaka go ntse kwa United States, re rulaganya gore re nne le Dikomiti tsa Tshwaragano le Dikokelo mo metseng yotlhe e megolo ya rona. Diphuthego tsotlhe di tla abelwa komiti e e dirilweng ka bakaulengwe ba ba katisitsweng sentle ba ba tla bong ba le gone go thusa. Lo tla itsisiwe gore thulaganyo eno e tla simolola leng. Lefa go ntse jalo, mo nakong ya jaanong re tla bo re latela thulaganyo e e kwadilweng mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1992.
12 Go Lebelela Pele le go Dirisana Mmogo le Tse Di Amang Dikgotlatshekelo: Go tweng fa e le gore ngaka kana sepatela sengwe se ikaelela go batla taolo ya kgotlatshekelo gore se tshele ngwana wa gago madi? A ke yone nako ya go kgobega marapo, o akanya gore ga go na sepe se o ka se dirang? Le e seng! Go sa ntse go ka kgonega gore o tile tshelo ya madi. O tshwanetse go ipaakanyetsa boemo jo bo ntseng jalo jo bo ka nnang jwa tlhaga pele ga nako. Ke eng se se ka dirwang?
13 Fa o tlhaloganya mengwe ya melaometheo ya kafa molaong e e kaelang kana e e tlhotlheletsang dingaka le baatlhodi mo dikgannyeng tseno go tla go thusa fela thata fa o iphemela. Molaomotheo o mongwe o o ntseng jalo o o botlhokwa thatathata ke wa gore go ya ka molao batsadi ga ba na thata e e feletseng ya go gana kana go dumela gore bana ba bone ba alafiwe. Le mororo ka kakaretso bagolo ba na le tshwanelo ya go dumela kana go gana kalafi kafa ba ratang ka teng, batsadi ga ba gololesega go gana kalafi e go akanngwang gore e siametse botsogo jwa ngwana wa bone lefa tota ba e gana ka ntlha ya se ba se dumelang totatota.
14 Molaomotheo ono wa motheo o ne wa supega mo tshwetsong e e neng ya dirwa ka 1944 kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya U.S. e e neng e re: “Batsadi ba ka nna ba gololesega go nna baswelatumelo bone ka bobone. Mme lefa go ntse jalo seno ga se reye gore ba gololesegile, mo maemong a a tshwanang, go dira bana ba bone baswelatumelo pele ba tsena mo dingwageng tsa go itirela ditshwetso ka botlalo le kafa molaong fa ba setse ba ka itlhophela ka bobone.” Mokgwa ono o o tshwanang wa go tshwenyega thata ka botsogo jwa mmele wa ngwana le tlhokomelo di kopanyelediwa mo melaong ya tlhokomelo ya ngwana gompieno. Melao eno, e boikaelelo jwa yone e leng go thibela go sotlwa ga bana, e diretswe gape go sireletsa bana gore ba se ka ba tlhokomologiwa mo go tsa kalafi.
15 Eleruri go sireletsa bana gore ba se ka ba sotliwa ke batsadi le go ba tlhokomologa ga se selo se batsadi ba Bakeresete ba leng kgatlhanong le sone. Mme lefa go ntse jalo melao ya go tlhokomologa bana mmogo le mafoko ano a Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang a a nopotsweng fa godimo gantsi ga a dirisiwe kafa tshwanelong mo dikgetsing tse di amang bana ba Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha yang? Boammaaruri ke gore, batsadi ba Basupi ga ba ikaelele go dira bana ba bone “baswelatumelo.” Fa e le gore go ne go le jalo, ba ne ba tla bo ba isetsang bana ba bone kwa sepateleng? Se se fapaaneng le seo, batsadi ba Basupi ba rata go batlela bana ba bone kalafi. Ba rata bana ba bone mme ba batla gore ba nne le botsogo jo bo siameng. Mme lefa go ntse jalo ba dumela gore ba na le tiro e ba e neilweng ke Modimo ya go tlhophela bana ba bone mofuta o o ba siametseng wa kalafi. Ba batla gore mathata a botsogo a bana ba bone a rarabololwe kwantle ga madi. Ga se fela gore mokgwa oo ntseng jalo wa go sa dirise madi o botoka ebile o babalesegile go gaisa madi, mme lefa go ntse jalo se se botlhokwa le go feta, o dira gore bana ba nne ba amogelesega mo Moneingbotshelo yo mogolo ebong Jehofa Modimo.
16 Go sa kgathalesege melemo ya mokgwa wa kalafi o o sa diriseng madi, dingaka di le dintsi le badiredi ba tlhokomelo ya bana ba leba kalafi ya go tshela madi jaaka mokgwa wa kalafi wa konokono o o ka tlhokegang kana le e leng go boloka botshelo mo maemong mangwe a a rileng. Ka gone, fa batsadi ba Basupi ba gana tshelo ya madi e e akantshitsweng, seno se ka nna sa tsosa mathata. Ka tlwaelo fela, dingaka ga di na tshwanelo ya go alafa bana kwantle ga tetlelelo ya batsadi. Gore ba fenye bothata jwa go sa letlelelwe ke batsadi mo go diriseng madi, dingaka kana badiri ba bangwe ba sepatela ba ka nna ba batla tetla mo moatlhoding mongwe ka tsela ya taolo ya kgotlatshekelo. Tetla e e ntseng jalo e e ntshiwang ke kgotlatshekelo e ka nna ya batliwa ke badiredi ba tlhokomelo ya bana kana ke dingaka kana ke badiredi ba sepatela ba dira jalo go leka go sireletsa ngwana mo go se go tweng ke go itlhokomolosa go batlela ngwana kalafi.a
17 Ka dinako tse dintsi ditaelo tsa kgotlatshekelo tse di dumelelang tiriso ya madi di bonwa ka bofefo batsadi ba sa itse thata kana ba sa itse gotlhelele ka tsone. Dingaka, batsamaisi ba dipatela, kana badiredi ba tlhokomelo ya bana ba leka go buelela ditaelo tseo tse di dirilweng ka bofefo ka go bolela gore ke maemo a tshoganetso a botsogo a a sa letleleleng nako e e lekaneng gore batsadi ba itsisiwe ka botlalo ka seo se diragalang. Lefa go ntse jalo, gantsi fa dingaka di bodiwa di ile tsa dumela gore ga se gore maemo a tshoganetso a mmatota a bo a le teng mme ba a bo ba batla taelo ya kgotlatshekelo ka gore baa bo ba akanyetsa seemo sa “fa go ka direga” gore go tshelwa madi go tlhokege mo isagweng. Jaaka batsadi ba ngwana, lo tshwanetse tota go itse se dingaka, batsamaisi ba dikokelo, kana badiredi ba tlhokomelo ya bana ba se dirang malebana le ngwana wa lona ka dinako tsotlhe. Molao o batla gore, fa e le gore go a kgonega lo itsisiwe ka maiteko a go batla taelo ya kgotlatshekelo mme le tshwanetse go dumelelwa gore lo ntshe mabaka a lona mo kgotlatshekelong mo kganetsanong eo.
18 Dilo tseno tse di leng teng kafa molaong di tlotlomatsa botlhokwa jwa go batla ngaka e e nang le tirisanommogo. Dira le ene, mme ka thuso e e tswang mo malokong a Komiti ya Tshwaragano le Dipatela ya lona, mo thuse go latela mokgwa wa go alafa a sa dirise madi mo bolwetseng jwa ngwana wa gago kana gore a fudusetse ngwana wa gago kwa ngakeng e nngwe kana kwa sepateleng se se ka mo alafang ka tsela eo. Mme legale fa e le gore go na le dikai tsa gore ngaka, mookamedi wa sepatela, kana modiri wa tlhokomelo ya bana o akanya go batla taelo ya kgotlatshekelo, o tshwanetse wa nna tlhaga go botsa gore a o ikaelela go tsaya kgato eo. Ka dinako tse dingwe seno se ka dirwa ka mogala mo sephiring. Fa e le gore ba rulagantse go ya kgotlatshekelong, gatelela gore o batla go itse kaga seo e le gore le wena o tle o kgone go ikemela kwa moatlhoding. (Dia. 18:17) Fa go na le nako, gantsi go botoka go batla thuso ya mmueledi. Mo mabakeng a mangwe babueledi ba ile ba tlhophiwa ke kgotlatshekelo. Fa o na le mmueledi wa gago kana yo o tlhophilweng ke kgotlatshekelo, Mokgatlho o ka nna wa abalana le ene tshedimosetso e e tla mo thusang go go emela ka mo go ka kgonegang mo maemong ao.
19 Fa e le gore o isiwa kwa kgotlatshekelong ka ntlha ya go gana tshelo ya madi, kgopolo ya ngaka ya gore madi a botlhokwa go boloka botshelo jwa ngwana wa gago kana botsogo e ka nna ya reediwa thata. Moatlhodi, jaaka motho yo o senang kitso ya kalafi, gantsi o tla ikaega ka kitso ya tsa kalafi ya ngaka. Seno se boammaaruri fa batsadi ba neilwe sebaka se le sennye kana ba sa se newe gotlhelele sa go ikemela mo kgetsing mme ngaka e letlelelwa go tlhalosa maiphako a gagwe a kafa madi a tlhokegang ka gone “ka potlako,” e sa bodiwe sepe. Mekgwa e e ntseng jalo ya go reetsa letlhakore le le lengwe ga e thuse ka gope gore go bonwe boammaaruri. Ntlha ke gore, ke kgang e e itsiweng ke dingaka fela ebile e sa tlhomama ya gore ke leng le gone ka ntlha yang fa di ikutlwa gore madi a a tlhokega. Gantsi, fa ngaka e nngwe e bolela gore madi ke one a a tlhokegang ka mo go feletseng go boloka botshelo jwa ngwana, ngaka e nngwe e e nang le kitso ya go alafa bolwetsi jo bo tshwanang a sa dirise madi, o tla bolela gore madi ga a tlhokege go alafa molwetsi yono.
20 Ke eng se o ka se dirang fa e le gore mmueledi kana moatlhodi o go botsa gore ke ka ntlha yang o gana tshelo ya madi e e “bolokang botshelo” mo ngwaneng wa gago? Le mororo la ntlha o ka nna wa nna le tshekamelo ya gore o tlhalose bodumedi jwa gago ka tsogo mme o bolela tumelo ya gago e e nonofileng gore Modimo o tla tsosa ngwana wa gago fa a swa, karabo e e ntseng jalo ka boyone e ka kgona fela go tlhatswa moatlhodi pelo, yo o amegileng thatathata ka botsogo jwa ngwana, gore o ilwe ke tumelo kwa tlhogong le gore o tshwanetse go tsaya kgato go sireletsa ngwana wa gago.
21 Se kgotlatshekelo e tlhokang go se itse ke gore, le mororo o gana tshelo ya madi segolobogolo e le ka ntlha ya bodumedi, ga o gane kalafi. Moatlhodi o tlhoka go bona gore ga lo batsadi ba ba latlhelelang dilo fela kana ba ba lesotlo mme go na le moo, a bone gore lo batsadi ba ba lorato ba ba batlang bana ba bone ba alafiwa. Ke fela gore ga o dumele gore melemo ya madi e go builweng ka yone e feta dikotsi tse di masisi tse a nang le tsone le malwetsi a a mo go one, segolobogolo fa mekgwa e mengwe ya kalafi e e senang dikotsi tseno e le teng.
22 Go ya ka gore seemo ke sefe, o ka nna wa itsise moatlhodi gore ke kgopolo ya ngaka e le nngwe fela ya gore madi a a tlhokega, mme lefa go ntse jalo dingaka di farologana mo mekgweng ya tsone ya kalafi, le gore o ka rata ba ka go fa sebaka sa go batla ngaka e nngwe e e tla alafang ngwana wa gago ka mekgwa e e leng teng gongwe le gongwe ya kalafi e e sa diriseng madi. Ka thuso ya Komiti ya Tshwaragano le Dipatela, o ka nna wa bo o setse o bone ngaka e e ntseng jalo e e tla alafang ngwana wa gago kwantle ga go dirisa madi ebile e ka nna ya neela bosupi jo bo mosola kwa kgotlatshekelong, gongwe a dirisa mogala. Go a kgonega gore komiti ya tshwaragano e fe moatlhodi—tota le e leng ngaka e e gatelelang go batla taelo ya kgotlatshekelo—ditlhaloso tsa kalafi tse di bontshang kafa bolwetsi jwa ngwana wa gago bo ka alafiwang ka gone ka katlego kwantle ga go dirisa madi.
23 Fa baatlhodi ba biditswe fela ka potlako gore ba ntshe ditaelo tsa kgotlatshekelo, gantsi ba a bo ba sa sekaseka kana ba sa gakololwa ka dikotsi di le dintsi tsa madi, tse di akaretsang AIDS, bolwetsi jwa sebete, le ka dikotsi tse dingwe tse dintsi. O ka nna wa lemotsha moatlhodi ka dilo tseno, ebile o ka nna wa mo itsise gore, wena jaaka motsadi wa Mokeresete, o leba go dirisiwa ga madi a motho yo mongwe ka maiteko a go boloka botshelo jaaka go roba molao wa Modimo mo go masisi le gore go patelela ngwana wa gago madi o tla bo o go leba go tshwana fela le go betelela. Wena mmogo le ngwana wa gago (fa a godile mo a ka ipuelelang) lo ka nna lwa tlhalosa kafa lo ilang ka gone go leswefatsa mmele mo go ntseng jalo mme lo ka ikuela mo moatlhoding gore a se ka a ntsha taelo mme go na le moo a go letlelele go dirisa mokgwa o mongwe wa kalafi mo ngwaneng wa gago.
24 Fa lo iphemela ka tsela e e siameng, baatlhodi ba tla kgona go bona sentle kafa letlhakoreng le lengwe—kafa letlhakoreng la lona—jaaka batsadi. He ba ka se potlakele go dumelela tshelo ya madi. Mo mabakeng a mangwe baatlhodi ba ile ba kganela dingaka go dirisa madi ba menne diphatla, ba batla gore mekgwa e mengwe e dirisiwe pele, kana ba naya batsadi sebaka sa go batla dingaka tse di ka alafang kwantle ga madi.
25 Fa o dirisana le ba ba batlang go go patelela tshelo ya madi, go botlhokwa gore o se ka wa dira gore ba belaele gore a totatota o tlhomame mo go se o se dumelang. Ka dinako tse dingwe baatlhodi (le dingaka) ba botsa gore a batsadi ba ka nna le bothata bope fela fa ba ka ba “rwesa” boikarabelo jwa go dira tshwetso ya go tshela madi, ba akanya gore seno se ka golola digakolodi tsa batsadi. Mme lefa go ntse jalo lo tshwanetse lwa phepafaletsa botlhe ba ba amegang gore, jaaka batsadi, lo ikutlwa lo tlamegile go tswelela lo dira sotlhe se lo ka se kgonang go tila tshelo ya madi. Seno ke boikarabelo jo lo bo neilweng ke Modimo. O ka se bo neele motho yo mongwe.
26 Ka gone he, fa o bua le dingaka le baatlhodi, o tlhoka gore o bo o ipaakanyeditse gore o bolele boemo jwa gago sentle le ka tsela e e tla ba tlhatswang pelo. Fa e le gore go ntshitswe taelo ya kgotlatshekelo go sa kgathalesege maiteko a gago otlhe a o a dirileng, tswelela pele o kopa ngaka gore e se ka ya dirisa tshelo ya madi mme o mo rotloeletse go dirisa kalafi e nngwe. Tswelela pele go bona gore a o ka se rate go sekaseka ditlhaloso tsa kalafi le thuso ya dingaka dipe tse di ratang go tliwa kwa go tsone ka mathata a bolwetsi gore go tilwe madi. Mo makgetlhong a a fetang le le lengwe fela, ngaka nngwe e e neng e bonala e sa batle go fetoga e ne ya tswa mo kamoreng ya go arela mme ya itsise fa e itumetse ka go bo e sa dirisa madi. Ka jalo, lefa go sa kgathalesege gore kgotlatshekelo e ntshitse taelo, o se ka wa itlhoboga!—Bona tokololo ya Tora ya Tebelo ya June 15, 1991, ya “Dipotso Tse Di Tswang go Babadi.”
27 Gakologelwa, Jesu o ne a bolela jaana: “Me lo itisè mo bathuñ: gonne ba tla lo neèla ditshekoñ . . . Lo tla isiwa ha pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ea me, go tla lo nna chupō mo go bōnè le mo go Badichaba.” Gore re gomotsege fa re le mo seemong seo, Jesu o ne a oketsa ka gore moya o o boitshepo o tla re thusa go gakologelwa se se tshwanetseng le se se mosola go buiwa mo ditiragalong tse di ntseng jalo.—Math. 10:16-20.
28 “Eo o èlañ lehoko tlhōkō o tla bōna molemō: me leha e le mañ eo o ikanyañ Yehofa, oa ba a le segō.” (Dia. 16:20) Batsadi, dirang dipaakanyetso tse di tlhokegang go sa le pele go sireletsa ngwana wa lona mo tshelong ya madi e e senyang semoyeng. (Dia. 22:3) Bana, tsayang se batsadi ba lona ba se lo rutang mo go direng dipaakanyetso tseno le go di boloka mo dipelong tsa lona. Jaaka lelapa, ‘lo itise gore lo se ka lwa ja madi . . . gore dilo di tle di lo siamele’ ka go segofadiwa le go amogelwa ke Jehofa.—Dute. 12:23-25.
[Footnote]
a Ke fela fa go na le maemo a tshoganetso ka nako eo, ngaka kafa molaong e ka dirisang mokgwa mongwe le mongwe wa kalafi o ngaka e o tsayang gore o a tlhokega go boloka botshelo jwa ngwana kana botsogo (go akaretsa le go tshelwa madi), kwantle ga tetla ya batsadi kana ya kgotlatshekelo. Legale, ngaka e tshwanetse go di arabela fa e ikaega ka thata eno e a e neelwang ke molao mo maemong a tshoganetso.