Dipokano Tsa Tirelo ka March
Beke E E Simololang ka March 1
Pina 9
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tswang go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Ba tlhokomedise kaga dikgatiso tse disha tse di leng gone. Dintlhakgolo tse di tswang mo Dikgannyeng tsa Bolegodimo, o gatelela kafa Jehofa a ileng a segofatsa batlhanka ba gagwe ka gone mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Gape maitemogelo a phuthego ya lona le one a ka nna a akarediwa fa go tshwanela.
15 mets: “Nnang Lo Ntse Lo Re: ‘Tla!’” Se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Fa lo tlotla ka serapa sa 4, dira gore mmoledi mongwe yo o ipaakanyeditseng sentle a tlhomolole dintlha disekae tse di tswang mo kgaolong ya 42 ya buka ya Tshenolō, mo serapeng sa 6-10, tse di tlhalosang Tshenolō 21:4-6.
15 mets: “Nna Yo O Fetofetogang mo Bodiheding jwa Gago.” Puo e bareetsi le bone ba nang le seabe mo go yone. O akaretse le dipontsho di le pedi tse dikhutshwane fa lo tlotla ka serapa sa 3-5. Fa o bontsha ntlha e e mo serapeng sa 4 le sa 5, bontsha kafa mmoledi yo o godileng le yo mmotlana ba ka dirang mmogo ka gone mo bodiheding jwa ntlo le ntlo jaaka go bontshitswe mo setlhogong seno. Gatelela botlhokwa jwa go bona boipelo mo bodiheding go sa kgathalesege gore matswela ke afe.
Pina 114 le thapelo e e Konelang.
Beke E E Simololang ka March 8
Pina 128
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Umaka palo ya babulatsela ba ba thusang ba ba setseng ba amogetswe go bula tsela ka April. Kgothaletsa botlhe bao ba rulaganyang go bula tsela gore ba tlise diforomo tsa kopo nako e santse e le teng. A phuthego e ikemiseditse go fitlhelela tlhora e ntšha ya babulatsela ba ba thusang ka April? Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse ba di goga kwa pele.
20 mets: “Go Sireletsa Bana Ba Lona mo Tirisong ya Madi E E Sa Tshwanelang.” Mogolwane o neela puo mo serapeng sa 1-11. Phepafatsa mogopolo o o leng teng wa gore batsadi bao ba dumelang gore ngaka e alafe ngwana wa bone ba le mo maemong a a tlhalositsweng mo serapeng sa 5-7 ga go dire gore ba lejwe jaaka batho ba ba ineelang fela.
20 mets: Go Thusa Baithuti Ba Rona ba Bibela. Motlotlo le bareetsi o o gatelelang botlhokwa jwa go thusa ka mo go oketsegileng baithuti ba Bibela go feta fela go ba tshwarela thuto. (1 Bathes. 2:8) Iphe nako e e oketsegileng go tlhotlheletsa batho bano gore ba nne le keletso e e tswang mo pelong ya go nna gone kwa dipokanong le ya go nna le seabe mo go tsone. Dira gore ba anaanele phuthego le bokaulengwe jwa lefatshe ka bophara ka go ba tlhalosetsa ka dikopano tsa potologo, dikopano tsa letsatsi le le lengwe fela tse di kgethegileng, le dikopano tsa kgaolo. Lo ka nna lwa lebelela le bone dibidio tsa Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name, Purple Triangles, le The Bible—Accurate History, Reliable Prophecy, o dire gore baithuti ba ntshe maikutlo a bone a se ba se ithutileng mo go tsone. Fa nako e ntse e tsamaya ba bontshe kafa ba ka bolelelang ba bangwe ka tsela e e seng ya ka tlwaelo ka seo ba se ithutileng. Baithuti ba Bibela bao ba fitlhelelang ditshwanelego tse di kwadilweng mo tsebeng ya 98 le 99 ya buka ya Bodihedi jwa Rona le bao ba eletsang go tsaya karolo mo bodiheding jwa phatlalatsa ba tshwanetse go thusiwa gore ba nne baboledi ba ba sa kolobediwang. Ke selo sa botlhokwa go senya nako mo thutong le morago ga yone o thusa baithuti gore ba nne le keletso ya go ineela le ya go kolobediwa. O ka nna wa bontsha baithuti ditshwantsho kana ditlhogo tsa dipampiri tsa dikgang tse di bolelang ka dikolobetso kwa dikopanong tsa rona. Pontsho: Mmoledi o thusa moithuti wa Bibela ka bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. O tlhopha ntlha e e ka buelelwang go tswa mo bukeng ya Tshelela Ruri a bo a bolela jaana: “Go ka nna molemo fa o ka bua le bangwe ba losika kana baagisani ba gago ka ntlha eno. O ka nna wa ba bolelela gore o ithutile sengwe mo Bibeleng se pele o neng o sa se itse.” Kgothaletsa baboledi gore ba thuse baithuti ba Bibela, ba ba bontshe tlhokomelo e e lorato le e leng fa ba sena go kolobediwa.
Pina 123 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka March 15
Pina 72
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona, go akaretsa le pego ya tsa madi le tebogo kaga meneelo e e bonweng. Tlotla ka setlhogo se se reng “Molaetsa O O mo Nakong” se se kwa tlase mo tsebeng ya 8. Kgothaletsa botlhe gore ba kwale setlhogo sa puo e e kgethegileng ka March 28 le go laletsa bao ba kgatlhegang gore ba nne gone.
15 mets: “Go Thusa Botlhe Ba Ba Nnileng le Kgatlhego.” Puo e bareetsi le bone ba nang le seabe mo go yone. Fa nako e letla lo sekaseke dikwalo tse di nopotsweng. Dira pontsho ya kakantsho e e mo serapeng sa 3. Tlhomolola botlhokwa jwa go tlhagolela kgatlhego mo go bao ba neng ba nna gone mo lekgetlong la ntlha.
20 mets: “Go Sireletsa Bana Ba Lona mo Tirisong ya Madi E E Sa Tshwanelang.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo wa serapa sa 12-28. Tlhoma mogopolo mo dikarabong tsa dipotso tse di bonalang mo serapeng sa 12 le sa 20. Gatelela gore fa batsadi ba ipaakanyetsa go sa le gale go bonela bana ba bone kalafi gantsi go ba thusa gore ba atlege mo go tileng go tshelwa madi.
Pina 32 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka March 22
Pina 66
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa botlhe gore ba rulaganye go oketsa bodihedi jwa bone ka April.
20 mets: Go Tlhokomela Batsofe. Motlotlo le dipotsolotso ka bakaulengwe ba le babedi. Kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi,” dipuo tsa simposiamo tse di neng tsa neelwa ka Sontaga mo mosong di ne di tlhalosa setlhogo se se reng “Go Tlhokomelana mo Lelapeng la Bokeresete.” Karolo e e neng e konela ya “Ka go Tlhokomela Batho Ba Ba Tsofetseng” e ne e gatelela seabe se se botlhokwa seo batho ba ba tsofetseng ba nang le sone mo lelapeng le mo phuthegong. (Dia. 16:31) Re ka thusa batsofe ka ditsela dife? Lelapa le na le boikarabelo jo bogolwane. (1 Tim. 5:3, 4, 8, 16) Go tlhokega bopelotelele le lorato. Bana ba ba godileng le ditlogolwana ba na le tshono ya go bontsha kanaanelo go bo batsadi le borrabomogolo le bommaabomogolo ba ne ba ba bontsha lorato, ba ba direla, le go ba tlhokomela ka dingwagangwaga mo nakong e e fetileng. (wTN87 6/1 13-18) Gape phuthego e ka nna ya thusa batho ba ba tsofetseng. Ba bangwe ba ka nna ba tlhoka go thusiwa gore ba kgone go ka tshwanela thuso ya ga goromente. Ba bontsheng moya wa go amogela baeng ka go ba laleletsa dijo le kwa dikokoanong. (Bar. 12:13) Ba thuseng mo bodiheding jwa tshimo. Ba pegeng mo dipalangweng fa lo ya kwa dipokanong le kwa dikopanong. Ba thuseng ka go ba ela kwa mabenkeleng le go ba tlhokomelela magae. (wTN87 6/1 4-7) Bontshang batho ba ba tsofetseng tlotlo ka dinako tsotlhe. (1 Tim. 5:1, 2) Botsolotsa motho a le mongwe fela yo o tsofetseng kana ba le babedi bao ba tlhomang sekao. Tlhomolola kafa ba ileng ba iponela molemo ka gone go tswa mo bopelonoming jo ba bo bontshitsweng ke ba malapa a bone le ke phuthego.
15 mets: Mogolwane o botsolotsa baboledi ba le bararo kana ba le bane bao ba tla bong ba tsere bobulatsela jo bo thusang ka April kana bao ba neng ba bo tsaya mo nakong e e fetileng. Ke eng seo se neng sa ba tlhotlheletsa go bula tsela? Ke dithulaganyo dife tseo ba di dirileng tsa April? Bobulatsela jo bo thusang bo ile jwa ba thusa jang motho ka namana? Kgothaletsa botlhe bao ba batlang go tsaya bobulatsela jo bo thusang mo kgweding e e tlang gore ba iponele diforomo tsa kopo mme ba di ise ka bofefo.
Pina 172 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka March 29
Pina 105
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa botlhe gore ba laletse batho ba ba nnileng le kgatlhego le bao ba ithutang Bibela kwa moketeng wa Segopotso. Dirisang ditaletso tse di gatisitsweng ka botlalo. Kgothaletsa baboledi gore ba kwale sentle nako ya Segopotso le aterese ya kwa se tla bong se tshwaretswe gone mo ditaletsong. Boeletsang dithulaganyo tsa letsatsi la dimakasine le le kgethegileng la Matlhatso, April 3.
25 mets: “Go Gopola Loso Lo Lo Nayang Tsholofelo ya Botshelo Jo Bo Sa Khutleng.” E tlotliwa ka dipotso le dikarabo ke molebedi yo o okamelang. Akaretsa dintlha tse di mo lebokosong tsa setlhogo se se reng “Fa Lo Baakanyetsa Segopotso.” Fa lo sena go sekaseka serapa sa 5 sa setlhogo seno, dira pontsho e mo go yone mmoledi a laletsang moithuti wa Bibela go tla Segopotsong. Mmoledi o tlhalosa thulaganyo ya go bala ditemana tsa Bibela tse di tlhophilweng mo nakong ya April 1-6 a bo a ithaopela gore o tla mmatlela sepalangwa.
10 mets: Go tsamaisiwa ga Tora ya Tebelo ka April. Tlhomolola dintlha tse di kgethegileng tse di ka buelelwang le ditlhogo tseo di tla bong di bontshiwa ka kgwedi eo. Nna podimatseba go lebisa tlhokomelo mo dintlheng tse di mo dimakasineng ka dinako tsotlhe.
Pina 87 le thapelo e e konelang.