LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/92 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 11/92 ts. 7

Dikitsiso

◼ Mpho ya buka ya November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R2,60. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R8,00. January: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R2,60. February: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R8,00. Dibuka tse dipotlana ka R4,00.

◼ Bakwaledi ba tshwanetse go direla babulatsela bao ba fudugelang mo diphuthegong tsa bone dikarata tse disha tsa Pioneer Service Identification (S-202) fa fela ba tswa mo ditshimong tseo di tlhokomelwang ke lekala la Afrika Borwa. Tsweetswee elang tlhoko makwalo a rona a October 23, 1989, le April 1, 1991, malebana le kgang eno. Gape, pele ga lo ka romela foromo ya S-206 e e malebana le go itsise Mokgatlho kaga babulatsela bao ba sa tlholeng ba bulatsela, tsweetswee ka kelotlhoko boeletsang ditaelo tsa foromo eno lo bo lo arabe dipotso tsotlhe tsa yone tse di maleba.

◼ Jaanong diphuthego di ka otora dibolumo tsa Watchtower tsa 1983 le 1984. Tsweetswee lo se ka lwa tsenya otoro ya dingwaga tse di tlang morago ga 1984 go fitlha go itsisiwe gore di gone ka Tirelo ya Rona ya Bogosi.

◼ Ka metlha re amogela dikopo tse di tswang kwa bakaulengweng tseo di leng malebana le go adima Mokgatlho madi mme e bo e re morago, ka nako eo ba a tlhokang ka yone ba bo ba a tsaya. Re maswabi go lo itsise gore Mokgatlho ga o kgone go amogela dikadimo dipe tsa madi. Lefa go le jalo, re kgona go amogela meneelo e re e romelelwang ka tlhamalalo le eo e ntshiwang kafa tlase ga mabaka a a rileng. Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le meneelo e e ntshiwang kafa tlase ga mabaka a a rileng o ka ikgolaganya le mokwaledi wa phuthego ya gaeno kana wa kwalela go Treasurer’s Office kwa ofising ya lekala ya lefelo la lona.

◼ Jaanong diphuthego di ka otora temana ya ngwaga ya 1993, eo e leng gone ka Seburu, Seesemane, Sesotho, Se-Xhosa, le Se-Zulu ka moneelo wa R12,00. Sekoloto sa yone se tla tsenngwa mo akhaontong ya lona ya dibuka. Diphuthego tseo di nang le tlhaelo ya madi mo akhaontong ya tsone ya dibuka di ka romela otoro eno le madi a a mo seatleng. Go rotloediwa diphuthego tsotlhe gore di bo di kgwageditse temana eno ya ngwaga ka January 1, 1993.

◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go otora Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe—1993 mo otorong ya tsone ya ka metlha go tloga ka December 1. Dibukana tseno di tla nna gone ka Seburu, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sekwanyama, Sentadiana, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Se-Venda, Se-Xhosa, le Se-Zulu. Dibukana tseno di tla tlhaga e le “Will Send Later” mo tshupasekolotong ya lona go fitlhelela di nna gone ebile dithomelo di dirwa. Dibukana tsa Go Lotolotsa mo Dikwalong ke setoko se se laolwang mme tuelo ya tsone ya disente tse 85 sekaelo sengwe le sengwe, e leng ka tlhwatlhwa ya baboledi e tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka ya phuthego. Babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng bao ba nnileng babulatsela pele ga July 1, 1992, ba ka iponela sekaelo sa mahala se le sengwe mme ba iponele tse dingwe tse di oketsegileng ka disente di le 55 sekaelo sengwe le sengwe. Diphuthego tseo di senang akhaonto mo Mokgatlhong kana tseo di nang le tlhaelo ya madi mo akhaontong ya tsone di ka romela diotoro tsa tsone le madi a a mo seatleng. Go tshwanetse ga tladiwa foromo e e kwa thoko ya Remittance and Credit Request (Tefello le Kōpo ea Phokoletso) (S-AB-20) eo e supang dikaelo tse di tserweng mahala ke babulatsela. Re rotloetsa leloko lengwe le lengwe la lelapa go nna le sekaelo seo e leng sa lone sa bukana eno. Bukana eno e tshwanetse ya otorwa ka phuthego.

◼ Re boeletsa kitsiso eo e ileng ya dirwa dingwaga di le mokawana tse di fetileng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Go ile ga dirwa dipaakanyo mo bukeng ya Tshelela Ruri. Fa o na le sekaelo sa yone seo se gatisitsweng pele ga 1990 tsweetswee tlhokomela seno: Go fetotswe tlhaloso e e malebana le kgang kaga Basodoma bao go buiwang ka bone mo go tsebe 178-80. Paakanyo eno e ile ya tlhagelela mo tsebeng ya 273 ya buka ya Tshenolō, le mo go Tora ya Tebelo ya June 1, 1988, ditsebe 30-1. Fa o santse o dirisa kgatiso eo ya pele ya yone, tsweetswee tshwaya paakanyo eno mo bukeng ya gago e le gore o ke o tlhomamise gore o ruta diithuti tsa gago tsa Bibela tshedimosetso e e siameng.

◼ Go tlhokega makheneke yo o katisitsweng sentle wa dikoloi tsa peterolo kana wa tsa disele ka bonakonako mo Bethele. Mokaulengwe mongwe le mongwe yo o ka thologang mokgosi a ka ikgolaganya le Mokgatlho ka bonako jo bo ka kgonegang.

◼ Dikhasete tsa Dibidio tse disha tse di gone:

Seesemane: Purple Triangles (Kgang kaga lelapa loora Kusserow, leo maitemogelo a lone a neng a tlhaga mo tokololong ya September 1, 1985, ya Tora ya Tebelo. Bidio eno e ne ya tlhagisiwa ke seteishene sa thelebishene sa kwa Boritani mme Mokgatlho wa Watchtower o ne wa reka tetla ya gore o e anamise. Phuthego le batho botlhe: R40,00; babulatsela: R35,00.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela