Nna o Ntse o Bua ka Dilo Tse o Di Boneng Le Tse O di Utlwileng
1 Lefa ba ne ba tshosediwa ka go bediwa le go tsenngwa mo kgolegelong, baaposetoloi ba ne ba bolelela baganetsi ba bone jaana: “Ga re na sepè ha e se go bua hèla dilō tse re di bonyeñ, le tse re di utlwileñ.” (Dit. 4:20) Ba ile ba anaanela botlhokwa jwa ditiro tsa ga Jesu le dithuto.
2 Mafoko a a molemo kaga Jesu le kaga Bogosi jwa gagwe a botlhokwa mo bathong gompieno fela jaaka a ne a le botlhokwa le pele. Ka gone, re tshwanetse ra sola lobaka longwe lo longwe molemo gore re bue ka seo re se boneng le seo re se utlwileng mo Lefokong la Modimo. Gantsi megopolo ya batho e sekamela thata mo go bueng ka dikgang tsa bodumedi ka malatsi a boikhutso, mme seno se re bulela ditshono tse di oketsegileng tsa go neela bosupi.
3 Basha, Bolelang Fa Dikolo Di Tswetswe: Basha ba le bantsi ba Basupi ba dirisa ditshono tse di oketsegileng tseno ka botlalo go neela bosupi fa dikolo di tswetswe. Bangwe ba lona ba ba setseng ba kolobeditswe ba ka nna ba rata go ikwadisa jaaka babulatsela ba ba thusang ka December. Mo diphuthegong di le dintsi bagolwane ba ile ba rulaganya gore go nne le dipokano tse di oketsegileng tsa tirelo ya tshimo gore baboledi ba ba tsenang sekolo le bone ba kopanele. Ga re kgothaletse gore basha ba tswe ba le bosi mme lefa go ntse jalo ba bereke mmogo le batsadi ba bone kana baboledi ba bangwe ba ba godileng. Ka December go na le ditshono tse di molemolemo tsa go dira tiro ya mmila ereka batho ba le bantsi ba tla bo ba rekela Keresemose. Dimakasine tsa rona di tla bo di na le ditlhogo tse di tla itsiseng batho kafa Jesu a ka rarabololang mathata a lefatshe ka gone jaaka Kgosi e e busang. (Bapisa Luke 2:14.) Ereka megopolo ya batho ba le bantsi e tla bo e sekametse mo go Jesu Keresete ebile ba akantse le ka kagiso mo nakong eno ya ngwaga, a e tla bo e se sebaka se se molemo sa go tsamaisetsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang buka eno ya Monna Yo Mogolo?
4 Fa go ikgogona ga gago mo go nneng le seabe mo dingwaong tsa bodumedi malebana le Keresemose e setse e nna kgang, o ka nna wa re:
4◼ “Ga ke nne le seabe mo meletlong ya Keresemose ka gonne meletlo e e ntseng jalo e sa tlotle Jesu jaaka ene fela yo o tla re bolokang le yo o tla fedisang ntwa le mathata a bomorafe. [Tsopola kana bala Ditihō 4:12.] Jesu ga e sa tlhole e le lesea mme ke Kgosi e e busang. Buka eno ya, Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e tlhalosa dithuto tsotlhe le dikgakgamatso tsa ga Jesu e bo e bontsha kafa a tla fedisang pogo mo bathong ka gone.” Go tswa foo o mmontshe setshwantsho se se mo kgaolong ya 133, mme o bo o bala serapa sa bobedi mo tsebeng e e latelang. Mmontshe dintlha tse dingwe tse o akanyang gore e ka nna tse di gogelang mo mothong yoo.
5 Buisana le Bao O Berekang le Bone: Mokaulengwe mongwe o ne a tsamaisa dibuka di le 63 ka go baya sekaelo fela sa Monna Yo Mogolo mo godimo ga deseke ya gagwe. Tsela e e lebegang ka yone e ntlentle le setlhogo sa yone fela di tsosa dipotso. O ka nna wa botsa mongwe yo o berekang le ene fela jaana: “O ka re monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela ke mang?” Go tswa foo o ka oketsa jaana: “Buka eno e akaretsa ka botlalo botshelo jotlhe jwa ga Jesu, e tlotla ka puo nngwe le nngwe e a neng a e neela, e araba dipotso tse batho ba le bantsi ba di botsang mabapi le dikgakgamatso tsa gagwe, ebile e re neela dintlha tse dingwe tse di kgatlhang. E boeletsa ka botlalo seo Bibela e se rutang kaga Jesu mme kwantle ga pelaelo e supa gore Jesu Keresete e ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela.” O bo o mmontsha kafa Napoléon a neng a akgela ka gone kaga Jesu jaaka seo se tsopotswe mo serapeng sa boraro se se mo ketapeleng ya buka eno.
6 O ka nna wa nna le ditshono tse di tshwanang tsa gore o neele baagelani bosupi kana balosika ba ba sa dumeleng. Rapela Jehofa gore a go neye bopelokgale le kgono ya go bua ka nako e e tshwanetseng. (Dit. 4:29, 31) Seo re tshwanetseng go se bua kaga Jesu se tla itumedisa batho bao ba akanyang bao ba ba tshiamo. Ke boitemogelo bofe jo bo botoka jo re ka nnang le jone jo bo fetang go thusa mongwe yo re tsenang sekolo le ene, yo re berekang le ene, moagelani, kana mongwe wa losika gore a tsene mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng?—Yoh. 14:6.