Kgothaletsa Batho ba Bangwe go Latela Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe
1 Jaaka go begilwe mo go Mathaio 5:14, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke lona lesedi la lefatshe.” Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go bolelela batho gongwe le gongwe ka Bogosi jwa ga Jehofa le ka thulaganyo ya Gagwe e e lorato e a e dirileng gore ba bone poloko ka Jesu. Jaaka fa re ntse re akantse ka thomo eo, re lebeletse pele go tsamaisa buka ya Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka kgwedi ya December. Go na le dikakantsho dingwe fano tse o ka nnang wa rata go di dirisa.
2 Fa o sena go ikitsise, o ka nna wa bua seno ka mafoko a gago:
◼ “Batho ba le bantsi ba ile ba ipotsa gore Jesu e ne e le motho yo o ntseng jang fa a ne a tshela mo lefatsheng. O akanya gore o ne a farologane ka ditsela dife le batho ba bangwe? [Letela karabo.] Buka e e kgatlhang eno ya Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e tlhalosa ka dikarolo tse di botlhokwa tsa botshelo jwa gagwe le bodiredi jwa gagwe, e bile e tlhalosa gore e ne e le motho wa mofuta ofe. Fa batho ba bangwe ba sena go e bala, ba ikutlwa e kete ba nnile le tshono ya go tsamaya le ene ka namana, go boga le ene, le go bona bodiredi jwa gagwe ka matlho.” Mmontshe setshwantsho sa ntlha mo bukeng eno se se tlhalosang ka setlhogo seno. Morago ga foo bula ketapele, mme o bale serapa sa bobedi kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Solegelwa Molemo ke go Ithuta Kaga Gagwe.” Tsamaisa kgatiso eno ka moneelo wa R10,50.
3 Kana gongwe o bue sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Mo nakong eno batho ba akanya ka Jesu. Lefa go ntse jalo, ka go bo go diragala dilo tse dintsi tse di bosula jaana mo lefatsheng lotlhe, batho bangwe ba ka nna ba ipotsa gore a tota Jesu o amega ka rona. Wena o ikutlwa jang ka seo?” Letela karabo. Bula kgaolo 24 ya buka ya Monna Yo Mogolo, mme o tlotle ka bokhutshwane ka lebaka la go bo Jesu a ne a tla mo lefatsheng. Morago ga foo o bo o bala Johane 15:13, o gatelela tsela e Jesu a neng a rata batho ba bangwe go tswa pelong ka gone. Gakologelwa gore o bo o tshotse dimakasine tsa bosheng, boroutšhara, kana pampitshana e e tshwanelang tse o ka di tsamaisang fa buka e sa tsewe.
4 Kakantsho e nngwe ke eno:
◼ “Basha ba le bantsi ba batla motho yo ba mo ratang yo ba ka mo etsang, mme go thata go bona batho ba ba molemo ba ba ntseng jalo. Jesu Keresete o ne a tlhomela mongwe le mongwe sekao se se molemo. [Bala 1 Petere 2:21.] Botshelo jwa gagwe jotlhe bo ne bo thailwe mo kobamelong ya ga Rraagwe wa selegodimo. O akanya gore go ne go tla nna jang fa batho ba ba oketsegileng ba ne ba ka leka go mo etsa?” Letela karabo. Bua ka serapa sa boraro se se mo tsebeng e e gaufi le ya bofelo mo bukeng, se se tlhalosang ka dinonofo tsa gagwe tse di kgethegileng. Tlhalosa ka moo buka ya Monna Yo Mogolo e ka re thusang rotlhe gore re nne Bakeresete ba ba botoka.
5 O ka nna wa dirisa sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Fa mongwe a umaka Jesu Keresete, batho ba le bantsi ba mo tlhalosa e le lesea kana e le monna yo o bogang yo o tla tlogang a swa. Fa ba akanya kaga Jesu ba akanya fela ka botsalo jwa gagwe le ka loso lwa gagwe. Gantsi dilo tse dintle tse a neng a di bua le tse a neng a di dira fa a santse a tshela ga ba di tseye tsia. Se a se dirileng se ama mongwe le mongwe yo o kileng a bo a tshela mo lefatsheng leno. Ke gone ka moo go leng botlhokwa thata gore re ithute mo gontsi mo re ka go kgonang ka dilo tse dintle tse a di re diretseng.” Bala Johane 17:3. Bula tsebe ya ntlha ya ketapele ya buka ya Monna Yo Mogolo, mme o bale serapa sa bone. Tlhalosa gore motho a ka iponela buka eno jang le gore e ka dirisiwa jang mo thutong ya motho ka namana.
6 Tlhomamisa gore o kwala motho yo o kgatlhegang le dikgatiso tse o di tsamaisitseng gore o tle o dire maeto a go boela. E re ka go santse go na le nako, a re senkeng batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ka tlhoafalo mme re ba thuse gore e nne balatedi ba Mmoloki wa rona, Jesu Keresete.—Math. 16:24.