Ba Kgothaletse Gore Ba Nne Balatedi Ba Gagwe
1 Mo go 1 Bakorinthe 3:6, Paulo o ne a kwala jaana: “Nna ka jala, Apolose a nosa; mme Modimo wa ungwisa.” Paulo o ne a bua jalo gore a tle a thuse bakaulengwe ba gagwe gore ba bone botlhokwa jwa go dira mmogo kafa tlase ga botlhogo jwa ga Keresete. Mme ka tsela eno o ne a ba thusa gape gore ba bone gore ba na le seabe se segolo jang mo tirong e e botlhokwa ya go jala le go nosetsa.
2 Tiro eo e e bolokang botshelo e tshwanetse gore e wediwe gone jaanong. Jaaka Bakeresete ba ba ineetseng le rona re na le boikarabelo jwa go thusa batho ba bangwe gore ba nne balatedi ba ga Jesu. (Dit. 13:48) O tla boela jang mo mothong yo o ileng wa kgona go tsosa kgatlhego ya gagwe ka go dirisa buka ya Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela?
3 Fa e le gore o boa o etela motho yo o ileng a amogela buka, o ka nna wa bolela jaana:
◼ “La bofelo fa re ne re buisana, re ile ra tlotla ka gore Jesu Keresete e ne e le motho yo o ntseng jang. Ke ne ka itumelelela go go tlogelelela buka ya Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Ke eng se se go kgatlhileng thata ka thuto le botho jwa ga Jesu?” Letela karabo. Bula kgaolo 113, mme o tlotle ka sekao se sentle thata sa ga Jesu sa boikokobetso. Bala Bafilipi 2:8 go bontsha gore moaposetoloi Paulo o ne a leba jang moya wa ga Jesu wa boikokobetso. Morago ga moo o ka nna wa tlhalosa ka moo motho a ka ithutang mo go oketsegileng ka teng ka go nna le thuto ya ka metlha ya Baebele.
4 O ka nna wa batla go simolola jaana:
◼ “Re ne ra bua ka dilo tse Jesu a neng a di dira fa a ne a santse a le mo lefatsheng tse di supang gore eleruri o amega ka rona. O akanya gore ke eng se a tla se dirang kgabagare go golola batho ba ba bogang thata jaana?” Letela karabo. Bula kgaolo 133, mme o sekaseke dikakgelo tse di mo serapeng sa botlhano. Bula mo tsebeng e e latelang mo go nang le setshwantsho teng mme o tlhalose gore go tla nna jang fa thata ya Modimo e dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Tlhalosa gore ke melemo efe e motho a ka nnang le yone fa a ka ithuta mo go oketsegileng.
5 Fa e le gore go ne go sena kgatlhego e e kalo fa o ne o tsamaisa buka la ntlha, gongwe o ka nna wa simolola motlotlo ka tsela eno:
◼ “Ke akanya gore nna le wena re a dumalana gore batho ba le bantsi gompieno ba tshela jaaka motho yo ba ratang go tshwana nae. Jesu Keresete ke sekao se se molemolemo se mongwe le mongwe a ka ratang go se etsa. Ke ka rata go go bolelela ka thuto e e botlhokwa e ke ileng ka e ithuta ka go ithuta ka sekao se Jesu a se tlhomileng. [Bula kgaolo 40 mo bukeng ya Monna Yo Mogolo, mme o mmontshe thuto e e molemo ya ga Jesu ya boutlwelobotlhoko.] Seno se ile sa nkgakolola ka mo go leng botlhokwa ka teng gore ke bontshe nonofo eno mo bathong ba bangwe.” Bala Mathaio 5:7. Fa go bonala go na le kgatlhego e kgolwane jaanong, tsamaisa buka kana boroutšhara jwa A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
6 Kana o ka nna wa batla go leka go simolola jaana ka tlhamalalo:
◼ “La bofelo fa ke ne ke le fano, re ne ra tlotla ka lebaka la go bo go le botlhokwa go itse Jesu. Johane 17:3 e bolela gore go nna le kitso e e ntseng jalo go raya ‘botshelo jo bo sa khutleng.’ Re ka dira seo jang?” Letela karabo. Tswelela pele o tlhalosa ka thulaganyo ya rona ya thuto ya Baebele le ka moo e ka solegelang motho molemo ka gone.
7 Paulo o bolela gore morobi wa thobo o “tla amogela tuelo ya gagwe ka fa tirong ya gagwe.” (1 Bakor. 3:8) Fa re dira ka natla go thusa batho ba bangwe gore ba nne balatedi ba ga Jesu, tuelo ya rona e tla nna kgolo ruri.