Dikgang Tsa Bolegodimo
Afrika Borwa: Phuthego ya Ottery kwa Cape Town le Phuthego ya Cezu kwa Transkei di ne tsa simolola ngwaga wa 1993 ka boitumelo jo bogolo fa di ne di kgakola Diholo tsa tsone tsa Bogosi mo mafelobekeng a bobedi a January.
Dikopano tsa Kgaolo di le 20 tsa “Batshodi ba Lesedi” tse di neng di tshwaretswe mo Afrika Borwa le mo mafatsheng a a gaufi le yone di ne tsa atlega tota, ba ba neng ba le gone mo go tsone tsotlhe ba ne ba le 126 703, mme go ne ga kolobediwa ba le 2 477. Re rata go leboga botlhe bao ba neng ba ithaopela gore ba tle ba thuse ba ba neng ba le gone mo dikopanong tseno ka dilo tse ba di tlhokang.
Hong Kong: Go fitlheletswe tlhora e ntšha ya baboledi ba le 2 704 ka October. Go a itumedisa go bona gore ba ne ba tshwara dithuto tsa Bibela di le 4 043.
Madagascar: Batho bao ba neng ba le gone mo Dikopanong tsa Kgaolo di le tlhano tsa “Batshodi ba Lesedi” ba ne ba le 10 694, mme ga kolobediwa ba le 241. Bao ba neng ba le gone ba ne ba feta tlhora ya bone ya baboledi ba le 4 542 go menagane gabedi.
St Helena: Bakaulengwe ba ile ba bereka ka natla go aga Holo e ntšha ya Bogosi ya Phuthego ya Jamestown. Ba ne ba itumetse fela thata fa holo e ne e kgakolwa ka January fa molebedi wa potologo yo o tswang mo Afrika Borwa a ne a ba etetse.