LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/93 ts. 1
  • Thuto ya Bomodimo E na Le Tlhotlheletso e e Maatla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto ya Bomodimo E na Le Tlhotlheletso e e Maatla
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Thuto ya Bomodimo E A Fenyla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Rutiwa ke Jehofa go tla go Fitlha Jaanong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Dikopano Tse Di Kgatlhang Di Buelela Thuto ya Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 10/93 ts. 1

Thuto ya Bomodimo E na Le Tlhotlheletso e e Maatla

1 A bo re na le tshiamelo jang ne ya go amogela thuto e e tswang kwa Modimong, Mmopi wa rona, e bong Jehofa Modimo! (Pes. 50:1; Isa. 30:20b) Gompieno, matshutitshuti a batho go tswa mo merafeng yotlhe a tlhatlogela kwa thabeng ya gagwe ya kobamelo e e itshekileng go ya go rutwa ke ene. (Mika 4:2) Dimilione tse dingwe tsa batho tsone di tsena dikolo tse di tlotlomatsang tlhaloganyo ya motho le botlhale jwa lefatshe. Mme lefa go ntse jalo botlhale jo bo itlhokomolosang Jehofa le Lefoko la gagwe le le kwadilweng ke boeleele mo matlhong a Modimo, mme bao ba bo setseng morago ba fetoga dieleele.—Pes. 14:1; 1 Bakor. 1:25.

2 Setlhogo sa “Thuto ya Bomodimo” se tla bo se tlhagelela thata mo thulaganyong yotlhe ya kopano ya rona ya kgaolo monongwaga. Re tlile go ithuta gore Lefoko la Modimo mmogo le moya wa gagwe di kitlanya go bopa bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe, di bopa botho jwa rona, di re dibela mo dithutong tsa badimona, e bile di re katisetsa go nna badihedi ba ba botoka. A o tla nna teng mo go nngwe ya dikopano tseno e le gore o tle o solegelwe molemo ka namana ke thuto ya bomodimo?

3 Kafa E Amang Botshelo jwa Mokeresete Ka Gone: Thuto ya bomodimo e nna le seabe mo go tlhotlheletseng digakolodi tsa rona. Mongwe le mongwe o tsholwa a na le segakolodi, mme e le gore se tle se re kaele mo tseleng ya tshiamo le mo tirelong e e itumedisang Jehofa, se tshwanetse go katisiwa. (Pes. 19:7, 8; Bar. 2:15) Batho ba lefatshe ga ba a bopa tsela ya bone ya go akanya go ya ka Lefoko la Modimo, mme ka lone lebaka leo ba tlhakane tlhogo e bile ga ba itse gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Go tsoga dikganetsano malebana le dikgang tsa boitsholo le melaometheo ka gonne mongwe le mongwe a batla go dira se ene a akanyang gore se siame. Bontsi jwa bone bo batla kgololesego e e feletseng ya go itirela ditshwetso tsa kafa ba tla tshelang ka gone. Ba gana go tlhwaela tsebe motswedi o le osi wa botlhale jwa boammaaruri. (Pes. 111:10; Yer. 8:9; Dan. 2:21) Mme lefa go ntse jalo thuto ya bomodimo e re rarabololetse dikgang tse di ntseng jalo, mme re nna re kitlanye jaaka lelapa la Modimo ka gonne re rutwa ke ene. Re lebelela pele kwa isagweng ka tsholofelo re na le segakolodi se se molemo, ka metlha re tshwaregile mo bodiheding jwa rona.

4 Thuto ya bomodimo e re thusa gore re emelane le “phehō ñwe le ñwe ea thutō.” (Baef. 4:14) Ga re kgatlhiwe ke thuto ya botlhajana, e e dirang batho go nna ba ba tshwayatshwayang diphoso le ba ba nang le dipelaelo thata, e e kgothaletsang batho go itlhophela se ba se batlang ka bobone, mme e gogela kwa boitsholong jo bo sa siamang. Re itumelela go bo re rutwa ke Jehofa, mme ka gone re tila bohutsana le go ngomoga pelo mo go itemogelwang ke batho ba le bantsi. Melao ya ga Jehofa le dikgakololo tsa gagwe di tshwana le ‘lefoko sefularong sa rona,’ le re: “Tsela ke e, tsamaeañ mo go eōna.”—Isa. 30:21.

5 Dipokano tsa Rona le Bodihedi jwa Rona: Re leba Bahebera 10:23-25 jaaka taolo e e tswang kwa Modimong. Re rutwa ke Jehofa kwa dipokanong tsa phuthego. A re go dirile mokgwa go nna gone ka metlha kwa dipokanong, kana re leba go nna gone kwa dipokanong jaaka selo se se seng botlhokwa? Gakologelwa, go kopana mmogo ke karolo ya kobamelo ya rona. Ga re a tshwanela go ya fela fa re rata. Re ka se batle go fetwa ke karolo epe ya thulaganyo ya dijo tsa semoya tseo Jehofa a re baakanyeditseng tsone.

6 Moshe o ne a rapela Modimo jaana: “Yalo u re rutè go bala malatsi a rona, gore re tlè re itseèlè pelo ea botlhale.” (Pes. 90:12) A le rona re rapela ka tsela e e ntseng jalo? A re anaanela letsatsi lengwe le lengwe jaaka le le botlhokwa? Fa re dira jalo, he re tla ‘itseela pelo ya botlhale’ ka go dirisa letsatsi lengwe le lengwe ka tsela e e mosola, ka go rialo re galaletsa Mokaedi wa rona yo Mogolo, Jehofa Modimo. Thuto ya bomodimo e tla re thusa go dira seo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela