Go Tshwara Thuto ya Bibela ya Legae
1 Thuto ya Bibela ya legae e e nang le matswela e tshwarwa jang? Re na le sekao sefe sa konokono? Dikwalo tse di mo setlhogong se se ithutiwang di ka sekasekiwa jang? Ke mang yo o tshwanetseng go bala dirapa? Mo godimo ga mokgwa wa konokono wa go tshwara thuto, ke eng gape se se tlhokegang se se ka thusang moithuti gore a dire gore boammaaruri e nne jwa gagwe? Go tshwanetse ga tilwa mamena afe?
2 Kafa Thuto E Tshwarwang ka Gone: Ka kakaretso, thuto ya Bibela ya legae e tshwarwa fela jaaka Thuto ya Tora ya Tebelo. La ntlha, go balwa serapa se se tla sekasekiwang. Go tswa foo motho yo o tshwereng thuto eo o botsa potso e e kwadilweng ya serapa seo a bo a letla moithuti go araba. Fa moithuti a sa itse gore a arabe a reng, motshwari o tshwanetse go ipaakanyetsa go botsa dipotso tse di batlang maikutlo tse di tla dirang gore moithuti a akanye kgang e e tlotliwang a bo a tle go fetsa a e tshwere sentle.
3 Sekaseka kafa dikwalo di amang kgang e e mo serapeng ka gone. Bontsha moithuti kafa a ka tlhaolang dikwalo tse di nopotsweng ka gone, o bo o mo tlhalosetsa kafa di leng mosola ka teng. Fa dikwalo di umakilwe fela mme di sa nopolwa, go molemo fa lo ka di leba mo Bibeleng, fa fela di se ditelele thata. Go tswa foo letla moithuti go di bala mme a akgela gore di tshegetsa jang kana di tlhalosa jang se se boletsweng mo serapeng.
4 Thusa Moithuti A Dire Gore Boammaaruri E Nne jwa Gagwe: Kgothaletsa baithuti gore ba baakanyetse thuto sentle. Gatelela gore go bala go botlhokwa fa motho a ithuta. Go molemo fa moithuti a bala bontsi jwa se se ithutiwang thata a bo a tlhatlhanya ka sone. Batshwari bangwe ba dira gore moithuti e nne ene a balang dirapa tsotlhe ka nako ya fa ba ithuta Bibela. Ba bangwe ba refosana go bala dirapa le moithuti. O tshwanetse wa sekaseka dilo sentle, o ntse o gopotse kafa moithuti a tswelelang pele ka teng semoyeng.
5 Go bala setlhogo sotlhe se se ithutiwang kwantle ga go ama kafa se ka dirisiwang ka gone go ka nna ga thusa moithuti go nna le kitso fela, a mme o dumela se a se ithutang? O tshwanetse go bona kafa setlhogo seo se mo amang ka gone ka namana, e le gore a tle a dire boammaaruri gore e nne jwa gagwe. O ikutlwa jang ka se a se ithutang? O ka dirisa jang se a se ithutileng? Dirisa dipotso tse di batlang maikutlo a motho go fitlhelela pelo ya moithuti.
6 Tila Mamena: Go na le mamena a o tshwanetseng go a tila fa o tshwere thuto ya Bibela. Fa go tlhaga dikgang tse di sa amaneng le setlhogo se se sekasekiwang, gantsi go molemo thata fa o ka di tlotla kwa bokhutlong jwa thuto ya lona kana mo nakong e nngwe. Gape, go botlhokwa gore moithuti a arabe ka mafoko a gagwe go na le gore a bale dikarabo jaaka di ntse mo bukeng. Seno se tla go thusa jaaka motshwari go bona gore a moithuti o tlhaloganya setlhogo se se balwang.
7 Ke ka ntlha yang o sa itirele mokgele wa go tshwara bobotlana thuto ya Bibela e le nngwe fela? E ka se nne tiro e e boima fa o ikaega ka Jehofa o bo o latela mokgwa wa konokono wa Thuto ya Tora ya Tebelo. Tsela e e nang le matswela thata ya go ruta ba bangwe boammaaruri le go dira barutwa ke ya go tshwara thuto ya Bibela ya legae. Ka go dira jalo, le wena o tla nna le boitumelo jo bo tlisiwang ke go nna le seabe ka botlalo mo go diragatseng taolo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 28:19, 20.