Go Tlhokomela Dilo Tse Batho Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng ba di Tlhokang Semoyeng
1 Palo e e ntseng e gola ya batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng e ntse e tla kwa go Modisa Yo o Molemo mme ba ineela mo go Jehofa Modimo. (Yoh. 10:3, 11) Ba bangwe mo phuthegong, segolobogolo bagolwane, ba tshwanetse go tlhokomela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba sa utlweng mo ditsebeng ka se ba se tlhokang semoyeng.
2 Go Thusa Batho Ba Ba Sa Utlweng mo Ditsebeng Ka Se Ba Se Tlhokang: Nako le nako go dirwa dithulaganyo tsa gore go tolokiwe ka puo ya diatla kwa dipokanong tsa phuthego fa go na le ba ba itseng go toloka puo ya diatla sentle. Fa go sena ope mo phuthegong yo o itseng puo ya diatla, go ka nna ga nna molemo fa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ka kopiwa gore ba ye kwa phuthegong e e gaufi e e ka ba thusang ka puo eno. Legale, fa e le gore ga go na thulaganyo epe ya mofuta oo mo lefelong la lona lotlhe baboledi ba ba tlhophilweng ba ka kgona go refosana go nna fa thoko ga batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng mme ba ba bontsha mo ba kwaletseng gone dintlha tse dikgolo tse go tlotliwang ka tsone.
3 Dithulaganyo tsa Potologo le tsa Phuthego: Dithulaganyo tsa go toloka ka puo ya diatla kwa dikopanong tsa potologo le kwa dikopanong tsa malatsi a a kgethegileng di rulaganngwa ke molebedi wa potologo. Mogolwane kana motlhanka wa bodihedi yo o tshwanelegang o ka nna a tlhophiwa go nna morulaganyi. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le sekao se sentle ba ka abelwa go nna le seabe mo go tolokeng thulaganyo ya kopano. Molaomotheo o o tshwanang o ka nna wa dirisiwa mo phuthegong, go tlhomamisa gore batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba bona thuso e ba e tlhokang kafa tshwanelong.
4 Go ka nna botoka fa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ka nnela fa ba ka kgonang go bona serala sentle teng le batho ba ba ba tolokelang ka puo ya diatla. Seno se ka dirwa kwa dipokanong tsa phuthego le kwa dikopanong tsa potologo. Mo dipokanong tsa phuthego go ka nna botoka fa motoloki wa puo ya diatla a ka nna mo setulong fa e le gore palo ya batho ba ba leng gone ba ba sa utlweng mo ditsebeng e potlana. Bagolwane ba kgothalediwa gore ba ikopanye le mokaulengwe yo o godileng yo o sa utlweng mo ditsebeng, fa go kgonega, gore a ntshe dikakantsho malebana le gore ke manno afe a a tshwanetseng a go ka nniwang mo go one.
5 Fa go na le motoloki wa puo ya diatla yo o e itseng sentle yo o direlang jaaka mogolwane kana motlhanka wa bodihedi mme palo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa utlweng mo ditsebeng e lekane, bagolwane ba ka nna ba swetsa gore dipokano tse dingwe di tshwanetse go tshwarwa tsotlhe ka puo ya diatla. Thuto ya Buka ya Phuthego e ka nna pokano ya beke le beke ya ntlha e e ka rulaganngwang jalo. Fa phuthego e ka rata go tshwara epe ya dipokano tse dingwe tse tlhano tsa beke le beke ka puo ya diatla, kana ka puo epe go na le dipuo tse dingwe tse di buiwang thata mo phuthegong, bagolwane ba tshwanetse go itsise Mokgatlho ka se ba ratang go se dira.
6 Le mororo go buisana ga batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng le ba ba utlwang sentle go ka tlhoka maiteko a a kgethegileng mo ditlhopheng tsa bone tsoopedi, maloko otlhe a phuthego a tshwanetse go leka go itlwaelanya le mongwe le mongwe e le gore ba ka kgothatsana ka tsela ya mmatota. (Baheb. 10:24) Moya ono wa bakaulengwe o tla dira gore botlhe ba ba sa tswang go kopanela ba ikutlwe ba amogetswe.