LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/93 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 11/93 ts. 7

Dikitsiso

◼ Mpho e e tsamaisiwang ka November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R3,00. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R9,00. January: Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R4,50. February: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R9,00. Dibuka tse dipotlana ka R4,50.

◼ KGAKOLOLO: Tsweetswee tlhomamisa gore o bona betšhe ya gago ya Kopano ya Kgaolo ya “Thuto ya Bomodimo” nako e santse e le teng. Mmoledi mongwe le mongwe o tshwanetse a e kopela kwa kopanong gore e tle e mo tlhaole jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Seno se tla thusa gape gore batlakopanong ba ba tswang moseja ga mawatle ba ba tlileng dikopanong tsa merafe yotlhe tse nne ba kgone go go itse, mo go tla felelang ka botsalano jo bo agang le bakaulengwe ba rona ba ba etileng.

◼ Go mokwaledi le motlhanka wa diakhaonto: Ditšheke tse di duelang Mokgatlho di tshwanetse tsa kwalwa gore madi a duelwe Watch Tower Society mme e seng WTB & TS, ka go bo banka e sa kgone go tlhaola sentle gore a isiwa kae. Gape, fa lo dira dipaakanyo dingwe mo tšhekeng, tsweetswee dirang gore ba ba tshwanetseng go saena ka bobedi ba saene ka BOTLALO go na le go kwala ditlhaka tsa ntlha tsa maina a bone fela fa go fetotsweng teng.

◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Letlha la kopano ya kgaolo kwa Bloemfontein le fetoletswe kwa go December 23-26, 1993. Lefelo le e tla tshwarelwang kwa go lone le lone le fetotswe. Jaanong kopano e tla tshwarelwa kwa Springbok Park Cricket Stadium, se se gaufi le Rugby Stadium.

◼ Letlha la kopano ya kgaolo ya Gaborone, Botswana, le fetoletswe kwa go December 16-19, 1993. Jaanong kopano eno e tla tshwarelwa kwa Yunibesithing ya Botswana mo holong ya bojelo e Kgologolo le mo go ya Student Union Hall.

◼ Dikhasete Tse Disha Tse Di Leng Gone:

Seesemane: The Bible—Accurate History, Reliable Prophecy (phuthego le batho botlhe: R45,00; babulatsela: R40,00).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela